Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gomotsa ba ba Hutsafetseng

Go Gomotsa ba ba Hutsafetseng

Go Gomotsa ba ba Hutsafetseng

DITLHASELO tsa dirukutlhi tse di diragetseng ka September 11, 2001 kwa New York City le kwa Washington, D.C., di ne tsa tshosa batho go ralala lefatshe. Go ne ga tlhokafala batho ba le diketekete ka letsatsi, go akaretsa batimamolelo ba ba pelokgale ba le makgolokgolo, mapodise le dipharamediki.

Fa e sa le tiragalo eo e direga, Basupi ba ga Jehofa ba dirile maiteko a go gomotsa ba ba tlhokafaletsweng ke baratiwa ba bone mo masetlapelong ao. Ba dirile seo gore ba ‘hape ba ba dipelo di phatlogileng’ le gore ba ‘gomotse botlhe ba ba hutsafetseng.’—Isaia 61:1, 2

Mo dingwageng tse di ntseng di feta, Basupi ba ga Jehofa ba tlhokometse gore gantsi batho ba ba tlhokafaletsweng ke baratiwa ba ipotsa dipotso tse di latelang. Baebele e na le dikarabo. Ke ka ntlha yang fa o sa bule mo Baebeleng ya gago mme o bale Dikwalo tse di supilweng fa tlase?

A loso lwa motho lo laoletswe gale?

Mo go Moreri 9:11, Baebele e bolela gore batho ba welwa ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (“kotsi,” New English Bible) Fa e le gore loso lo laoletswe gale, ke ka ntlha yang fa Baebele e re kgothaletsa go ipabalela?—Ka sekai, bona Duteronome 22:8.

Ke ka ntlha yang fa re swa?

Batho ba babedi ba ntlha, Adame le Efa, ba ne ba beilwe mo paradaiseng mo lefatsheng. Fa ba ka bo ba ne ba nna ba le kutlo, ba ka bo ba sa swa. Loso lo ne lo tla nna teng fela fa batho ba ne ba sa utlwe Modimo. (Genesise 1:28; 2:15-17) Se se utlwisang botlhoko ke gore Adame le Efa ga ba ka ba utlwa Mmopi wa bone. Ka ntlha ya seo, ba ne ba amogela kotlhao—loso. E re ka batho botlhe ba tswa mo go Adame le Efa, botlhe ba ruile boleo le loso. Baebele e tlhalosa jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [Adame] le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.

Boemo jwa baswi ke bofe?

Fa Adame a sena go tsuologa, Modimo o ne a re: “O [tla] boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Ka jalo, loso ke boemo jwa go sa ikutlwe gotlhelele—boemo jwa go sa nne teng. Baebele e bolela gore: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Gape Baebele e bolela gore fa motho a swa, ‘o boela mo mmung wa gagwe; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.’Pesalema 146:3, 4.

A re na le moya o o tswelelang o tshela morago ga loso?

Baebele e ruta ka phepafalo gore moya wa gago, ke wena, mme ga se sengwe se se tswelelang se tshela fa o sena go swa. (Genesise 2:7; Diane 2:10; Jeremia 2:34) Ka gonne go ntse jalo, re ka re fa motho a swa, go sule moya. Baebele e bolela jaana ka phepafalo: “Moya [ke gore, motho] o o leofang . . . go tla swa one.”—Esekiele 18:4.

Ba ba tlhokafetseng ba na le tsholofelo efe?

Baebele e senola gore Modimo o ikaeletse go busetsa baswi mo botshelong ka go ba tsosetsa mo lefatsheng la paradaise, kwa go tla bong go se na bolwetse le loso. Jesu o ne a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.”—Johane 5:28, 29; Tshenolo 21:1-4.

Fa Jesu a ne a bua ka tsala ya gagwe e e neng e sa tswa go tlhokafala, Lasaro, o ne a tshwantshanya loso le boroko. (Johane 11:11-13) Mo godimo ga moo, fa Jesu a sena go tsosa Lasaro, Lasaro ga a ka a bua sepe malebana le gore o ne a le mo lefelong la tlhokofatso, kgotsa lefelo le le monate, mo lobakeng lo lokhutshwane lo a neng a tlhokafetse ka lone. (Johane 11:37-44) Seno se a utlwala, ka gonne baswi ga ba ikutlwe. Ga ba boge mme ba emetse “nako” e ba tla tsosiwang ka yone. Sa botlhokwa le go feta, lebaka la go bo Jesu a kgonne go tsosa Lasaro le bontsha gore baswi ba ka boa ba tshela gape. Eleruri, ka kgakgamatso eno Jesu o ne a bontsha ka selekanyo se sebotlana gore go tla diragalang mo lefatsheng mo pusong ya Bogosi jwa Modimo. (Ditiro 24:15) A bo seo e le kgomotso e kgolo jang ne mo go ba ba tlhokafaletsweng ke baratiwa ba bone mo motlheng ono o o sa iketlang!