Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kagiso ya Lefatshe ga se Toro Fela!

Kagiso ya Lefatshe ga se Toro Fela!

Kagiso ya Lefatshe ga se Toro Fela!

FA Alfred Nobel a ne a ka leba kwa morago kwa lekgolong le le fetileng la dingwaga, a o ne a ka solofela gore lefatshe le tla nna le kagiso? Kwantle ga pelaelo, o ne a tla itumelela go itse gore ba le bantsi ba dirile maiteko a magolo a go fedisa ntwa. Le fa go ntse jalo, o ne a tla lebana le maemo a a maswe le go feta. Porofesa Hugh Thomas o sobokanya seno sentle jaana: “Lekgolo la bomasomeamabedi la dingwaga—le fa le itsege ka go tokafatsa loago le ka puso e e amegileng thata ka matshelo a bahumanegi—le ile la tlala ka ditlhobolo tsa motšhinikane, dikoloi tsa dikanono, difofane tsa ntwa tsa B-52, dibomo tsa nuklea, mme la bofelo ka dimmisaele. Le ne la tlala ka dintwa tse di tshololang madi fela thata le tse di senyang go na le tsa motlha ope fela.” Thomas o oketsa ka gore “go tswa fela ka gore a batho ba akanya gore motlha ono o ka tsewa e le o o gatelang pele kgotsa nnyaa.”

E re ka re tsene mo lekgolong la bo21 la dingwaga, a go lebega go na le tsholofelo e ntsi ya gore lefatshe le tla nna le kagiso? Le e seng! Makasine wa Newsweek o bolela jaana fa o bua ka ditlhaselo tsa September 11, 2001, kwa New York City le kwa Washington, D.C.: “Mo lefatsheng le difofane tsa jete tsa 767 di ka fetolwang go nna dimmisaele tse di kgweediwang, go bonala go se sepe se se sa kgonegeng, go se sepe se se ka se kang sa solofelwa—kgotsa se se maswe le go feta, go se sepe se se ka se kang sa thibelwa.”

Bangwe ba re, gore go nne le kagiso mo lefatsheng, go tshwanetse ga direga dilo di le pedi: Sa ntlha, batho ba tshwanetse go fetola tsela e ba dirang dilo ka yone le e ba itshwarang ka yone; mme sa bobedi, ditšhaba tsotlhe di tshwanetse go kopana kafa tlase ga puso e le nngwe. Baebele e bolelela pele nako e go tla nnang le kagiso ka yone—mme e sa tlisiwa ke batho. Pesalema 46:9 e bolela jaana malebana le Mmopi, Jehofa Modimo: “O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.” Modimo o tla fitlhelela seno jang? Ka Bogosi jwa gagwe, jo batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba bo rapeletseng gangwe le gape. Bogosi joo, ga se boemo jo bo thata go ka tlhaloganngwa jwa pelo, mme ke puso ya mmatota e ka yone Modimo o tla tlhomang kagiso go tloga kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe go fitlha kwa go e nngwe. Moporofeti yo o tlhotlheleditsweng Isaia o ne a bolelela pele gore babusiwa ba puso eo ga ba kitla “ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” (Isaia 2:4) Ka thuto e e tla bong e rutwa mo lefatsheng lotlhe, batho ba tla ithuta go tshela ka kagiso mme ka jalo ‘ba thule ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dire dikere tse di pomang.’

Le eleng gone jaanong, Basupi ba ga Jehofa ba dira seno. Ba gana go bolaya bangwe ka bone, le fa gone ba tswa mo ditlhopheng tse dintsi tse di farologaneng tsa merafe e bile ba nna mo dinageng tse di farologaneng tse di fetang 200. Go sa tseye letlhakore ga bone mo lefatsheng le le kgautlhantsweng ke dintwa, go supa gore go akanya gore kagiso e tla nna teng ga se go ijesa dijo tsa ditoro.

A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka tsholofelo eno e e theilweng mo Baebeleng ya kagiso ya mmatota? Tsweetswee kwalela bagatisi ba makasine ono, o dirisa aterese e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng 5 kgotsa ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la lona.