Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang Fa go Le Thata Jaana go Nna le Motho mo Phaposing?

Ke ka Ntlha Yang Fa go Le Thata Jaana go Nna le Motho mo Phaposing?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke ka Ntlha Yang Fa go Le Thata Jaana go Nna le Motho mo Phaposing?

“Nna ke motho yo o sethakga tota. Mme fa ke boela gae, ke fitlhela motho yo ke nnang le ene mo phaposing a namile fa fatshe a lebeletse thelebishene—go gasagasame dipampiri le di-popcorn gongwe le gongwe. Nako le nako fa ke tla gae, ke kgona go akanya fela gore ke ya go bona eng, ke bo ke ipolelela ke re, ‘ga ke batle go tsena mo phaposing.’”—David.

“Mosetsana yo ke neng ke nna le ene o ne a senyegile tota. Ke akanya gore o ne a ithaya a re o nna le mophepafatsi wa ntlo le motlhanka wa monna. Mme ka metlha o ne a batla gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe.”—Renee. *

“GO ITHUTA go itshokela mekgwa e e serang ya motho yo o sa mo itseng go ka go ruta . . . go tsamaisana le maemo le go nna le bokgoni jwa go ineela,” go ne ga bolela jalo setlhogo sengwe mo U.S.News & World Report. “Mme gantsi o ithuta seo botlhoko.” Batho ba ba kileng ba nna le mongwe mo phaposing ba ka dumalana le seo.

Baithuti ba bantsi ba yunibesithi ba nna le mongwe mo phaposing gore ba fokotse ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa go tsena sekolo. Basha ba bangwe ba nna le mongwe mo phaposing ka gonne ba batla go tswa kafa tlase ga taolo ya batsadi ba bone. Bakeresete ba bantsi ba basha ba itlhophetse go nna le mongwe mo phaposing gore ba kgone go tsweledisa dilo tsa semoya. (Mathaio 6:33) Ba fitlhela gore go nna le mongwe yo ba thusanang le ene ka ditshenyegelo go ba thusa go direla e le bareri ba nako e e tletseng. Gape go nna le mongwe mo phaposing ka dinako tse dingwe ke karolo ya botshelo jwa borongwa le jwa go direla kwa diofising tse di farologaneng tsa makala a Basupi ba ga Jehofa. *

Tsogang! e buile le makawana le makgarebe a le mmalwa a a kileng a nna le bangwe mo phaposing. Botlhe ba ne ba dumela gore motho yo o nnang le ene mo phaposing a ka nna a se ka a thusa fela ka go duela rente—motho yo o nnang le ene e ka nna molekane wa gago, motho yo o buang le ene le yo o dirang dilo le ene. Lynn o gakologelwa jaana: “Re ne re tle re itise go fitlha bosigo re tlotla ka dilo tse basadi ba ratang go bua ka tsone, kgotsa re lebeletse dibaesekopo fela.” Renee a re: “Motho yo o nnang le ene gape o ka go kgothatsa. Ka dinako tse dingwe fa o bereka, o leka go duela dikoloto tsa gago, o leka go rera, go monate go nna le motho mo phaposing yo o ka go kgothatsang.”

Le fa go ntse jalo, e ka nna kgwetlho e kgolo go nna le mongwe mo phaposing—segolobogolo yo kwa tshimologong e leng motho fela yo o sa mo itseng. U.S.News & World Report e ne ya akgela jaana malebana le se se diregang kwa kholetšheng: “Go sa kgathalesege maiteko a magolo a a dirwang ke dikolo tse dintsi go nnisa batho ba ba tshwanelanang mmogo, go tlwaelegile gore batho ba se ka ba kgotsofala.” Tota e bile, dikgotlhang fa gare ga batho ba ba nnang mo phaposing e le nngwe kwa kholetšheng di a tle di felele ka thubakanyo! Go butswe di-Web site tse dintsi tsa Internet tse di bulelang baithuti sebaka sa gore ba bolele mathata a bone a a sa feleng malebana le batho ba ba nnang le bone mo diphaposing. Ke ka ntlha yang fa gantsi go nna le motho mo phaposing go le thata jaana?

Go Nna le Motho Yo o Sa mo Itseng

Mark o bolela jaana: “Go nna le motho yo o sa mo itseng, ke boitemogelo jo bo kgatlhang ka tsela nngwe. Ga o itse gore tota motho yoo o tlile go nna jang.” Eleruri, kgang ya go nna le motho yo go ka tswang go se na sepe se lo tshwanang ka sone e tshwenya tota. Ke boammaaruri gore Bakeresete ba tshwanetse go nna le dilo tse dintsi tse ba tshwanang ka tsone le tse ba ka buang ka tsone. Le fa go ntse jalo, David o dumela jaana: “Ke ne ke tshaba go nna le mongwe mo phaposing.”

Mme go ne ga direga gore motho yo o neng a nna le David le ene o ne a goletse mo toropong. Mme ga se ka metlha batho ba ba nnang mmogo ba tshwanelanang jalo. Mark a re: “Motho wa ntlha yo ke neng ke nna le ene mo phaposing o ne a sa bue thata. Fa o nna le motho mo phaposing, ruri lo tlhoka go buisana. Mme o ne a sa bue. Ke ne ke sa rate fa go ntse jalo.”

Tsela e e sa tshwaneng e batho ba godileng ka yone e ka baka mathata a mangwe. Lynn a re: “Fa e le la ntlha o fuduga o ya go nna o le nosi, o batla go dira dilo ka tsela ya gago. Mme go ise go ye kae o lemoga gore go na le batho ba bangwe ba o tshwanetseng go ba akanyetsa.” Eleruri, fa o tswa mo tikologong e e sireletsegileng ya legae la gaeno, go ka nna ga go gakgamatsa thata go lemoga kafa batho ba bangwe ba ka tswang ba leba dilo ka tsela e e farologaneng le ya gago ka teng.

Go Gola ka Ditsela Tse di Farologaneng, Mekgwa e e Farologaneng

Go ikaegile thata ka go thapisiwa—kana go sa thapisiwe—ke batsadi ba gago. (Diane 22:6) Fernando yo mmotlana o bolela jaana: “Ke motho yo o sethakga mme motho yo ke nnang le ene mo phaposing o letlhaswa. Ka sekai mo lefelong le re bayang diaparo mo go lone: O ne a rata go latlhela dilo gongwe le gongwe. Nna ke ne ke rata go kgwagetsa dilo sentle.” Ka dinako tse dingwe batho ba farologana ka tsela e e feteletseng mo mekgweng e ba dirang dilo ka yone.

Renee o gakologelwa jaana: “Ke ne ke nna le motho yo kamore ya gagwe e neng e tshwana le thotobolo! Gape ke setse nkile ka nna le batho ba ba sa phepafatseng tafole fa ba fetsa go ja kgotsa ba ba tlogelang dijana malatsi a le mabedi kgotsa a le mararo mo setlhatswetsong sa dijana.” Ee, fa go buiwa ka tiro ya mo ntlong, go lebega bangwe ba batho ba ba nnang mmogo mo phaposing ba tlhalosiwa ke mafoko a Diane 26:14: “Setswalo se nna se retologa mo tshitswaneng ya sone, mme setshwakga sone mo sekanamelong sa sone.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, go nna mo phaposing le motho yo o sethakga ka tsela e e feteletseng le gone ga go monate. Mosha yo o bidiwang Lee o bolela jaana ka mongwe yo a kileng a nna le ene mo phaposing: “Go ya ka ene, re ne re tshwanetse go phepafatsa ura nngwe le nngwe. Ga ke motho yo o letlhaswa mme ka dinako tse dingwe ke ne ke tlogela dilo, jaaka dibuka mo bolaong jwa me. Mme o ne a tsaya gore o tshwanetse go laola boemo.”

Gape batho ba ba nnang mmogo mo phaposing ba ka nna ba leba bophepa jwa mmele ka ditsela tse di farologaneng. Mark o tlhalosa jaana: “Motho yo ke nnang le ene mo phaposing o tsoga morago ga nako thata. O tabogela fela kwa pompong a bo a itshela metsi mo moriring, a bo a tswa.”

Go bo batho ba godile ka ditsela tse di farologaneng e bile ba na le botho jo bo sa tshwaneng go ka ama dilo tse ba di tlhophang malebana le boitlosobodutu le boitapoloso. Mark o bolela jaana ka motho yo a nnang le ene mo phaposing: “Ga re rate mmino o o tshwanang.” Le fa go ntse jalo, fa batho ba tlotlana, go ka nna molemo go bo ba sa rate dilo tse di tshwanang, gongwe go ka ba thusa gore ba ithute go rata dilo tse dingwe. Mme gantsi, go sa rate dilo tse di tshwanang jalo go felela ka dikgotlhang. Fernando a re: “Ke rata mmino wa kwa Spain, mme motho yo ke nnang le ene mo phaposing o o tshwaya diphoso ka metlha.”

Founu—Bothata

Go dirisa thelefounu e ka nna sengwe sa dilo tse di bakang dikgotlhang thata. Mark a re: “Ke rata go robala. Mme motho yo ke nnang le ene mo phaposing o bua mo founung go fitlha bosigo thata. Seo se a tena fa nako e ntse e ya.” Lynn, ka tsela e e tshwanang, o gakologelwa jaana: “Ka dinako tse dingwe ditsala tsa motho yo ke neng ke nna le ene di ne di founa ka ura ya boraro kgotsa ya bonè mo mosong. Fa a seyo, ke ne ke tshwanelwa ke gore ke tsoge mme ke arabe founu.” Ba ne ba rarabolola seo jang? “Re ne ra dira gore mongwe le mongwe wa rona a nne le founu ya gagwe.”

Le fa go ntse jalo, ga se basha botlhe ba ba kgonang go nna le difounu tsa bone, mme ba bantsi ba patelesega go e dirisa mmogo. Seno se ka felela se bakile mathata a magolo. Renee o gakologelwa jaana: “Mongwe wa basetsana ba ke neng ke nna le bone o ne a ratana le mosimane mongwe, mme gantsi o ne a dirisa founu ka lobaka lo loleele. Kgwedi nngwe o ne a nna le sekoloto se se fetang R1 000. O ne a lebeletse gore re kopanele go se duela, ka gonne re ne re dumalane go nna re duela sekoloto sa founu mmogo ka go lekana.”

Go kgona go dirisa founu ka bogone e ka nna bothata jo bongwe. Lee, o gakologelwa jaana: “Ke ne ke nna le motho yo motona mo go nna mo phaposing. Mme re ne re na le founu e le nngwe fela. Ke ne ke dirisa founu thata ka gonne ke ne ke na le ditsala tse dintsi. O ne a se ke a bua sepe. Ke ne ke ipoleletse gore fa a batla go dirisa founu o tla mpolelela. Ke gone ke lemogang gore ke ne ke sa mo akanyetse.”

Ga o Kgone go Nna Nosi

David a re: “Mongwe le mongwe o tlhoka go nna le nako e a nnang fela a le nosi. Ka dinako tse dingwe, ke tlhoka fela go iketla ke sa dire sepe.” Le fa go ntse jalo, go bona nako ya go nna nosi go ka nna thata fa o nna le mongwe. Mark o dumela jaana: “Ke rata go nna nosi. Ka jalo selo se se ntseng se nthatafalela thata ke go tlhoka sebaka sa go nna nosi. Nna le motho yo ke nnang le ene mo phaposing re na le thulaganyo e e tshwanang. Ka jalo go thata go nna nosi.”

Le e leng Jesu Keresete ka dinako tse dingwe o ne a tlhoka nako ya go nna nosi. (Mathaio 14:13) Ka jalo go ka utlwisa botlhoko fa e le gore fa motho yo o nnang le ene mo phaposing a le teng ga o kgone go bala, go ithuta kgotsa go tlhatlhanya. Mark o bolela jaana: “Go thata go ithuta ka gonne go nna go na le sengwe se se diregang. O laletsa ditsala tsa gagwe, o bua mo founung, kgotsa o lebeletse thelebishene kgotsa o reeditse radio.”

Le fa go ntse jalo, le fa go nna le mongwe mo phaposing go le thata jaana, basha ba le diketekete ba kgonne go go dira ka katlego. Ditlhogo tse di latelang mo motseletseleng ono di tla bua ka ditsela dingwe tse di thusang tse di ka dirang gore o itumelele go nna le mongwe mo phaposing.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 6 Le fa kgakololo eno e lebagantswe le basha, e ka nna ya thusa le batho ba ba godileng ba ba ileng ba tshwanelwa ke go nna le mongwe mo phaposing fa maemo a bone a sena go fetoga, jaaka fa motho a tlhokafaletswe ke molekane wa lenyalo.

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Go sa rate mmino o o tshwanang e ka nna kgwetlho

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go sa akanyetse go ka baka mathata