Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Tlogela Madumedi a a Tlwaelegileng?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Tlogela Madumedi a a Tlwaelegileng?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Tlogela Madumedi a a Tlwaelegileng?

MADUMEDI A A BOLELANG gore a theile dithuto tsa one mo go tsa ga Jesu Keresete a na le balatedi ba le dimilione di le dikete di le 1,7. Labokeresete e ntse e lejwa e le bodumedi jo bogolo mo lefatsheng, jo bo fetang madumedi a magolo a a itsegeng a a jaaka Bobuda, Bohindu le Boiselamo. Le fa go ntse jalo, dipego di bontsha gore mo dinageng di le dintsi tse go bolelwang gore ke tsa Bokeresete, Labokeresete ga e tlhole e kgona go laola batho ka bontsi.

Batho ba ba tswang mo maemong a a farologaneng a botshelo ba tlogela dikereke tsa bone. Ronald F. Inglehart, mmatlisisi mongwe wa kwa Yunibesithing ya Michigan le motsamaisi wa Patlisiso ya Lefatshe ya Melaometheo, o ne a bolela gore bodumedi ga bo tlhole bo na le seabe se se kalo mo dinageng tse di tlhabologileng. Makasine wa Bible Review o mo nopola a bolela jaana: “Ga se fela gore palo ya batho ba ba tlang kerekeng beke le beke e fokotsegile thata, mme gone jaanong dinaga tsa Latin America di romela barongwa go boloka matshelo a batho ba dinaga tsa Yuropa.” O bolela gore “bodumedi bo phutlhame” ka tsela e kgolo mo dinageng dingwe tsa Yuropa bokone. Kwa Norway le Denmark, ke diperesente di le tlhano fela tsa baagi ba ba yang kerekeng ka metlha. Kwa Sweden ke palo e e kwa tlase ya diperesente di le nnè mme kwa Russia ke diperesente di le pedi.

Dipego tse di tswang kwa Jeremane di bontsha gore magareng ga dingwaga tsa 1984 le 1993, palo ya batho ba ba yang kerekeng ka metlha mo Bakatoliking ba ba kwadisitsweng e fokotsegile go tswa go diperesente di le 25,3 go ya go diperesente di le 19. Ka 1992, e ne e le diperesente di le nnè fela tsa Baporotesetanta ba ba neng ba ya ditirelong tsa kereke tsa Sontaga ka metlha. Ka 1999, Christianity Today e ne ya bega jaana: “Ke Mojeremane a le mongwe fela mo go ba le lesome yo o yang kerekeng beke le beke.”

Malebana le go fokotsega ga palo ya badumedi kwa Boritane, lokwalodikgang lwa The Guardian lo bolela jaana: “Bokeresete ga bo ise bo tsamaye bo nne mo seemong se se maswe jaana.” Setlhogo seno se bolela gore dingwaga tsa 1950-2000 di ne di le maswe thata “mo baruting le mo bagoging ba kereke.” Fa lokwalodikgang lo ne lo umaka pego e e kgethegileng ya bodumedi kwa United Kingdom, lo bontsha gore ga se basha fela mme le batho ba ba godileng ga ba tlhole ba na le tumelo mo bodumeding jo bo tlwaelegileng. Lo bolela jaana: “Batho ba ba godileng ba felelwa ke tumelo mo Modimong fa ba tsofala. Patlisiso e ntšha e e tlhomamisang mokgwa ono e tla gakgamatsa dikereke tsa Boritane tse di nang le bothata jono, tse go fitlha jaanong di lebang batho ba ba tsofetseng jaaka motheo wa diphuthego tsa bone tse di fokotsegang.”

Go direga se se tshwanang kwa dinageng tse di kwa ntle ga Yuropa. Ka sekai, makasine wa kwa Canada, Alberta Report, o bolela gore kwa Canada “tumelo e e tlwaelegileng le kobamelo di a phutlhama” le gore “palo e e menaganeng gararo ya batho ba Canada ba rata go latela se ba akanyang gore se siame ka Modimo go na le gore ba latele tumelo e e tlhomameng ya motheo.”

Batho ba le bantsi ga ba akanye gore go nna teng kwa ditirelong tsa kereke go ba humisa semoyeng kana go ba naya tshedimosetso nngwe. Go ya ka makasine wa Maclean’s wa kwa Canada, Bajuda le Bakatoliki ba ba neng ba botsolodiwa kwa boagong jwa sedumedi kwa Himalaya kgotsa kwa go jwa bodumedi jwa Se-Hindu, ba ne ba bolela jaana: “Ga re tlhole re amiwa maikutlo ke dingwao tse di se nang mosola.” Eleruri, le eleng morago ga dingwaga di le dintsi tsa go ya kerekeng ka boikanyegi, bangwe ba iphitlhela ba ipotsa jaana, ‘Tota ke ithutile eng kwa kerekeng? A e dirile gore ke nne gaufi le Modimo?’ Ga go gakgamatse gore jaaka mokwadi Gregg Easterbrook a bolela, “kwa dinageng tsa Bophirima, lehuma la semoya le emiseditse lehuma la senama e bile ke lone lehuma le le gaisang a mangwe otlhe mo motlheng wa rona.”

Mme gone, go na le dinaga tse mo go tsone palo ya batho ba ba tlang kerekeng e leng kgolo thata. Le fa go ntse jalo, go ya kerekeng ga se ka metlha go bolelang go kgomarela dithuto tsa kereke ka boikanyegi. Ka sekai, lokwalodikgang lwa Australia lwa The Age lo bolela gore kwa dinageng tsa Bophirima, “palo ya Bakeresete ba ba tlhoafetseng mo bodumeding jwa bone e fokotsega ka bonako. Mo dinageng tse dintsi tsa Afrika, Asia le Latin America, batho ba le bantsi ba iphitlha ka Bokeresete gore ba tswelele pele ka ditumelo tse di sa tlwaelegang tsa setso, kgotsa tsa ngwao ya bone tse di sa leng di tlogetswe bogologolo, tse di ganetsanang le dithuto tse di tlwaelegileng tsa Bokeresete.”

Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi, bagolo le bana ba tlogela dikereke tsa bone? Go bonala lebaka le legolo e le go kgobega marapo.

Rekoto e e Utlwisang Botlhoko ya Bodumedi

The Guardian e akgela ka tsela e e latelang: “Kereke ya Katoliki ya Roma e na le rekoto e e sa siamang ya go loga maano le bo-fascist go ralala lekgolo la bo20 la dingwaga, ka go akgola Mojenerale Franco morago ga ntwa ya selegae ya Spain le ka maiteko a e a dirileng bosheng a go thusa Mojenerale Pinochet.” Guardian e akgela gape gore Mopapa Pius XII, mopapa wa nako ya ntwa, “o ne a ikemiseditse thata go nna seoposengwe le [Hitler] le go tila go itlhabisa ditlhong ka go kgala Polao ya Kgailo.”

The Age e bolela jaana: “Maiphako a Bokeresete a itshupile a le maaka ka makgetlho a le mantsi. Bakeresete ba reteletswe ke go boloka kagiso ya bone le kutlwano. . . . Bosupi jwa seo ke dintwa di le dintsi tsa go thopa le go fenya tse di bolelwang di siame ka ntlha ya go bo boikaelelo jwa tsone e le go gapela batho mo go Keresete. Tumelo, tsholofelo le lorato e ka tswa e le dinonofo tse di tlhomologileng tsa Bokeresete, mme bao go bolelwang gore ba batla go nna le dinonofo tseo e ka nna batho ba ba sa tshepeng ope, ba ba kgobegang marapo motlhofo jaaka batho ba e seng Bakeresete, kgotsa gongwe go feta batho ba e seng Bakeresete. . . . Lefatshe lengwe la Bokeresete le ne la baka Polao ya Kgailo mme le lengwe le ne la dira ditiro tsa bosetlhogo ka ntwa ya atomiki kwa Japane.”

Bangwe ba ka nna ba bolela gore Labokeresete ga e bolo go rotloetsa dinonofo tse di jaaka botlhale, bopelokgale, boikgapo le tshiamiso. Le fa go ntse jalo, The Age e akgela jaana: “Ka kakaretso, Bakeresete kwa dinageng tsa Yuropa, Amerika Bokone le Australia ba dirisa dikhumo tsa Lefatshe tse di fetang tse ba tshwanetseng ba ka bo ba di dirisa e bile ga ba a fedisa tshotlo, kgatelelo le go senngwa ga tikologo ga dinaga tsa boagisani tse di se nang maatla e le gore ba ikgotsofatse.”

Fa e le ka isagwe ya Labokeresete, The Age e tswelela jaana: “Fa Bokeresete bo se na thulaganyo e e siameng bo ka se ka jwa solofela go boa gape bo nna le maatla a bo neng bo na le one mo makgolong a dingwaga a a fetileng mo go tsa loago. Seno se ka tswa se siame kgotsa se sa siama go ya ka pono ya motho ka namana. Mme ke selo sa mmatota se se lebaneng Bokeresete mo dingwageng tse di tlang.”

Ka ntlha ya tshenyego e e ntseng jalo mo lefatsheng la bodumedi jo bo rulagantsweng, ba le bantsi ba tlogela dikereke tse di itsegeng. A mme madumedi a ba yang kwa go one a ba naya dilo tse ba di tlhokang? A ke tharabololo?

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Meletlo e e sa tlhokegeng e tlogela ba le bantsi ba sa kgotsofala semoyeng

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ba le bantsi ba dule mo bodumeding jo bo tlwaelegileng ka ntlha ya go tshegetsa ga jone dintwa le dipuso tse di gatelelang tsa sepolotiki

[Motswedi wa Setshwantsho]

foto: age fotostock