Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekgolo la Dingwaga la Bothubaki

Lekgolo la Dingwaga la Bothubaki

Lekgolo la Dingwaga la Bothubaki

ALFRED NOBEL o ne a dumela gore kagiso e ka nna gone fa ditšhaba di ne di na le dibetsa tse di kotsi. Mme ditšhaba di ne di ka kopana ka bonako di bo di fedisa motlhasedi ope fela setlhogo. O ne a kwala jaana: “Seno e ka nna maatla a a ka dirang gore ntwa e se ka ya nna teng.” Go ya ka pono ya ga Nobel, ga go na setšhaba sepe se se akanyang sentle se se ka tsosang ntwa fa e le gore matswela a yone a ka ama setšhaba seo ka tsela e e maswe. Mme ke eng se lekgolo le le fetileng la dingwaga le se senotseng?

Ntwa ya Lefatshe I e ne ya runya dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 20 morago ga loso lwa ga Nobel. Go ne ga dirisiwa dibetsa tse disha tse di kotsi mo ntweng eo, go akaretsa ditlhobolo tsa motšhinikane, gase e e botlhole, dibetsa tse di kgwang molelo, dikoloi tsa dikanono, difofane le dikepe tsa ntwa tse di tsamayang kafa tlase ga metsi. Go ne ga swa masole a ka nna dimilione di le lesome, mme ga gobala a a fetang palo eo e menagane gabedi. Bosetlhogo jwa Ntwa ya Lefatshe I bo ne jwa dira gore go batliwe kagiso gape. Seno se ne sa felela ka gore go tlhamiwe lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba. Poresidente ya United States e bong Woodrow Wilson, yo o neng a tlhomologile thata ka go ema nokeng go tlhamiwa ga lekgotla leo, o ne a gapa Sekgele sa Kagiso sa Nobel ka 1919.

Le fa go ntse jalo, ditsholofelo dipe fela tsa gore ntwa e ne e tla fela gotlhelele di ne tsa nyelela fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e runya ka 1939. Ntwa eno e ne e le maswe go feta Ntwa ya Lefatshe I ka ditsela di le dintsi. Ka nako ya ntwa eno, Adolf Hitler o ne a oketsa feketiri ya ga Nobel kwa Krümmel gore e nne nngwe ya difeketiri tse dikgolo tsa dibetsa mo Jeremane, e e nang le bathapiwa ba ba fetang 9 000. Jaanong kwa bofelong jwa ntwa, feketiri ya ga Nobel e ne ya senngwa gotlhelele ke Merafe e e neng e kopane e e neng e tlhasela ka difofane tsa ntwa, e e neng ya latlhela dibomo tse di fetang sekete. Se se gakgamatsang ke gore dibomo tseo di ne tsa tlhamiwa ka tsela e Nobel a neng a di tlhama ka yone.

Lekgolo la dingwaga le le neng la feta morago ga loso lwa ga Nobel ga le a ka la nna le dintwa tsa lefatshe tse pedi fela mme gape le nnile le dintwa tse dintsi tse dipotlana. Dibetsa di ne tsa ntsifala ka nako eo e bile dingwe tsa tsone e ne ya nna tse di setlhogo thata. Akanya ka dibetsa di le mmalwa tsa sesole tse di ntseng di itsege mo masomeng a dingwaga morago ga loso lwa ga Nobel.

Dibetsa tse dipotlana. Tseno di akaretsa ditlhobolo tse dipotlana, ditlhobolo tse dikgolo, dibomo tsa seatla, ditlhobolo tsa motšhinikane, dikoloi tsa dikanono le didirisiwa tse dingwe tse dinnye. Dibetsa tse dinnye di tlhwatlhwatlase, di motlhofo go di tlhokomela e bile di motlhofo go di dirisa.

A go nna teng ga dibetsa tseno—le tsela e di tshosetsang batho ka yone—go ile ga thibela dintwa? Le eseng! Mo kgatisong ya Bulletin of the Atomic Scientists, Michael Klare o kwadile gore dibetsa tse dipotlana e setse e le “didirisiwa tsa konokono tsa dintwa di le dintsi tse di lolweng mo motlheng wa morago ga Ntwa ya Molomo.” Tota e bile, diperesente tse di fitlhang go di le 90 tsa dikgobalo tse di nnileng teng mo dintweng tsa bosheng di bakilwe ke dibetsa tse dipotlana. Dibetsa tseno di ne tsa bolaya batho ba ba fetang dimilione di le nnè ka bo1990 fela. Gantsi dibetsa tse dipotlana di dirisiwa ke basha ba ba sa katisediwang bosole e bile ba sa kgathale gore ba tlola melao ya ntwa.

Dibomo tse di epelwang. Mo bofelong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, palogare ya batho ba ka nna 70 ba ne ba golafadiwa kgotsa ba bolawa letsatsi le letsatsi ke dibomo tse di epelwang! Bontsi jwa bone e ne e le batho fela, e se masole. Gantsi, dibomo tse di epelwang ga di dirisediwe go bolaya, mme di dirisediwa go golafatsa le go tshosetsa ba ba bonang tshenyo e e setlhogo e di e dirang.

Gone ke boammaaruri gore go ile ga dirwa boiteko jo bogolo mo dingwageng tsa bosheng go epolola dibomo tse di epetsweng. Mme ba bangwe ba bolela gore nako le nako fa go epololwa bomo e le nngwe, di le 20 di a epelwa le gore go ka ne go na le di le dimilione di le 60 tse di epetsweng go ralala lefatshe. Lebaka la go bo dibomo tse di epelwang di sa kgone go farologanya magareng ga modumo wa dikgato tsa lesole le tsa ngwana yo o tshamekang mo nageng ga le a ka la thibela go dirwa le go dirisiwa ga dibetsa tseno tse di setlhogo.

Dibetsa tsa nuklea. Dibetsa tse di tlhamilweng tsa nuklea di ka nyeletsa motse ka ponyo ya leitlho fela mo metsotswaneng e se kae kwantle ga gore masole a lwantshane. Ka sekai, akanya ka tshenyego e e boitshegang e e neng ya nna gone fa dibomo tsa atomo di ne di latlhelwa kwa Hiroshima le Nagasaki ka 1945. Batho bangwe ba ne ba foufadiwa ke lesedi le le boitshegang. Ba bangwe ba ne ba tsenwa ke botlhole ka ntlha ya marang. Ba le bantsi ba ne ba bolawa ke molelo le mogote. Palo ya batho botlhe ba ba suleng mo ditoropong tseno tse pedi e fopholediwa e le batho ba ka nna 300 000!

Gone mme, bangwe ba ka nna ba bolela gore go phamphamololwa ga ditoropo tseo go ne ga thibela dintsho di le dintsi tse di neng di tla nna gone fa ntwa e ne e ka lowa ka mokgwa o o tlwaelegileng. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba simolola go leka go tlhotlheletsa batho ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo lefatshe ka bophara, go laola dibetsa tseno tse di setlhogo ka ntlha ya gore ba tshositswe ke go swa ga batho ba le bantsi. Eleruri, ba le bantsi ba ne ba simolola go boifa gore batho ba dirile dilo tse di ka ba bolayang.

A go dirwa ga dibetsa tsa nuklea go dirile gore kagiso e nne gone? Bangwe ba dumela jalo. Ba supa lebaka la gore dibetsa tseno tse di kotsi ga di a ka tsa dirisiwa mo ntweng ka dingwaga tse di fetang 50. Le fa go ntse jalo, tumelo ya ga Nobel ya gore dibetsa tse di ganyaolang di ne di tla dira gore ntwa e se ka ya nna gone e itshupile e se boammaaruri, ka ntlha ya gore dintwa di lowa ka dibetsa tse di tlwaelegileng. Mo godimo ga moo, go ya ka Komiti ya Tsamaiso ya Dibetsa Tsa Nuklea, ka dinako tsotlhe, diketekete tsa didirisiwa tsa nuklea di nna di siametse go dirisiwa. Mme mo nakong eno e borukhutlhi bo tlhobaetsang thata jaana, ba le bantsi ba boifa se se ka diregang fa dilo tse go dirwang dibomo tsa nuklea ka tsone di ka tshwarwa ke batho ba ba “sa tshwanelang.” Le fa di ka tshwarwa ke “batho ba ba tshwanetseng,” go na le tlhobaelo ya gore fa go ka nna le kotsi e le nngwe fela e ka tsenya lefatshe lotlhe mo masetlapelong a mogote wa dibetsa tsa nuklea. Go phepafetse gore dibetsa tse di kotsi tseno ga di tlise kagiso e Nobel a neng a akantse ka yone.

Dibetsa tse di nang le megare le tsa dikhemikale. Ntwa ya dibetsa tse di nang le megare e akaretsa go dirisiwa ga dibakateria tse di kotsi tse di tshwanang le anthrax kgotsa baerase e e tshwanang le sekgwaripana. Sekgwaripana se kotsi thata ka gonne se a tshelanwa. Gape go na le kotsi ya dibetsa tsa dikhemikale, jaaka gase e e botlhole. Dilo tseno tse di botlhole di tla ka mefuta e le mentsi, le fa di ntse di thibetswe ke molao ka masome a dingwaga, seno ga se a ka sa thibela tiriso ya tsone.

A dibetsa tseno tse di kotsi le tsela e di tshosetsang ka yone di dirile gore batho ba itshware ka tsela e Nobel a neng a boletse gore ba tla itshwara ka yone—go ‘boela morago ba tshogile le go phatlalatsa masole a bone’? Go na le moo, di okeditse poifo ya gore letsatsi lengwe di ka dirisiwa le ke bomagogorwane. Dingwaga di feta lesome tse di fetileng, motsamaisi wa Taolo ya Dibetsa le Kemedi ya Peomarumofatshe ya United States o ne a bolela jaana: “Dibetsa tsa dikhemikale di ka dirwa mo karatšheng ya mongwe le mongwe fela, fa fela a ile a ithuta khemiseteri go sekaenyana kwa sekolong se segolo.”

Ga go pelaelo gore mo lekgolong la bo20 la dingwaga go ne go na le dintwa tse di senyang thata go feta tse di neng di le gone mo motlheng ope fela. Jaanong mo tshimologong ya lekgolo la dingwaga la bo21, go lebelela kagiso go bonala e le selo se se ka se kgonegeng—segolobogolo morago ga ditlhaselo tsa borukhutlhi tse di neng tsa diragala kwa New York City le Washington, D.C., ka September 11, 2001. Steven Levy o kwadile jaana mo makasineng wa Newsweek: “Ga go na ope yo o ipotsang gore ke ka ntlha yang fa boranyane jwa saense jo bo dirisediwang dilo tse di bosula bo sa dirisediwe dilo tse di molemo.” O oketsa jaana: “Ke mang yo o ka itseng ka fa bothata jono bo ka rarabololwang ka gone? Batho ba itsege ka go latelela se ba akanyang gore ke kgatelopele mme ba se sekaseka moragonyana. Le fa re sa batle go akanya ka Masetlapelo a a feteletseng, re dira dilo tse di dirang gore a diragale.”

Go fitlha jaanong, hisitori e re rutile gore go tlhama dibetsa tse di kotsi tse di bolayang ga go a tlisetsa lefatshe leno kagiso. A jaanong kagiso ya lefatshe ke toro fela?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Go Laola Maatla a Nitroglycerin

Ka 1846, rakhemisi wa kwa Italy Ascanio Sobrero e ne ya nna ene wa ntlha go lemoga nitroglycerin, seedi sa oli se se thunyang thata. Seedi seno se ne se le kotsi. Sobrero o ne a segiwa ke digalase mo go maswe mo sefatlhegong fa seedi seo se ne se thunya, mme kgabagare a emisa go bereka ka seedi seno. Mo godimo ga moo, go ne go na le bothata ka seedi seno jo Sobrero a neng a sa kgone go bo rarabolola: Fa a se tshela fa fatshe a bo a se itaya ka hamore, go ne go thunya fela karolo e e iteilweng ka hamore, e e sa itewang yone e ne e sa thunye.

Nobel o ne a rarabolola bothata jono fa a ne a tlhama selo se se thunyang, a dirisa selo se le sennye se se kgonang go thunya se se neng se ka tukisa se sengwe se sentsi se le sone se kgonang go thunya. Mme ka 1865, Nobel o ne a tlhama sekhurumelo se se kgonang go thunya se se tsentsweng mekhuri o o thunyang—se se neng sa tsenngwa mo teng ga sengwe se se nang le nitroglycerin se bo se tshubiwa ka fuse.

Le fa go ntse jalo, go bereka ka nitroglycerin go ne go sa ntse go le kotsi. Ka sekai, ka 1864, go thunya mo go neng ga direga mo bodirelong jwa ga Nobel jo bo kwa ntle ga Stockholm go ne ga bolaya batho ba le batlhano—go akaretsa le monnawe Nobel, e bong Emil. Feketiri ya ga Nobel kwa Krümmel, kwa Jeremane, e ne ya senngwa makgetlo a le mabedi ke dilo tse di thunyang. Mme gape, batho bangwe ba ne ba dirisa seedi seno jaaka oli ya lebone, jaaka poletšhe ya ditlhako kgotsa jaaka selo se se tshasang ditshipi tsa maotwana a koloi gore di se ka tsa gotlhana—mo go neng go feleletsa go tlhagisitse kotsi. Le fa go ne go thubiwa dithaba, oli e e setseng e ne e ka nwelela mo mapharong mme kwa morago ya baka dikotsi.

Ka 1867, Nobel o ne a fetola oli gore e nne thata ka go e tlhakanya le nitroglycerin le kieselguhr, e e sa thunyeng, e e leng seedi. Nobel o ne a tlhama leina taenamaete go tswa mo leineng la Segerika dynamis, le le rayang “maatla.” Le fa moragonyana Nobel a ile a tlhama dilo tse dingwe tse di thunyang thata, taenamaete e tsewa e le sengwe sa dilo tse di tlhomologileng thata tse a di tlhamileng.

Mme gone, dilo tse di thunyang tsa ga Nobel gape di ne di sa dirisediwe ntwa fela. Ka sekai, di ne tsa nna le seabe sa botlhokwa mo kagong ya dithanele tsa St. Gotthard (1872-82), go thubiwa ga mafika a a kwa tlase ga metsi kwa East River ya kwa New York (1876, 1885), le go epiwa ga Corinth Canal kwa Greece (1881-93). Le fa go ntse jalo, go simolola ka nako ya fa taenamaete e tlhamiwa, e ne ya itsege ka bonako e le sedirisiwa se se senyang le se se bolayang.

[Setshwantsho]

Seteishene sa mapodise kwa Colombia se se sentsweng ke go thunya ga taenamaete

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Reuters NewMedia Inc./CORBIS

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Dingwaga tse di kafa tlase ga tse 20 morago ga loso lwa ga Nobel, go ne ga dirisiwa dibetsa tse disha tse di bolayang ka Ntwa ya Lefatshe I

[Motswedi wa Setshwantsho]

UN/DPI Photo 158198C by J. Isaac

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Batho ba ba amilweng ke go thunya ga dibomo tse di epelwang kwa Cambodia, Iraq le Azerbaijan

[Metswedi ya Ditshwantsho]

UN/DPI Photo 186410C by P.S. Sudhakaran

UN/DPI Photo 158314C by J. Isaac

UN/DPI Photo by Armineh Johannes

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go ya ka Komiti ya Tsamaiso ya Dibetsa Tsa Nuklea, ka dinako tsotlhe, diketekete tsa dibetsa tsa nuklea di nna di siametse go dirisiwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

UNITED NATIONS/PHOTO BY SYGMA

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Dibetsa tsa dikhemikale tse di kotsi di ne tsa itsege fa go ne go dirisiwa gase e e botlhole mo ditereneng tse di tsamayang ka fa tlase ga lefatshe kwa Tokyo ka 1995

[Motswedi wa Setshwantsho]

Asahi Shimbun/Sipa Press

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

U.S. National Archives photo