Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mmueledi wa Ntwa Kgotsa Morotloetsi wa Kagiso?

Mmueledi wa Ntwa Kgotsa Morotloetsi wa Kagiso?

Mmueledi wa Ntwa Kgotsa Morotloetsi wa Kagiso?

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SWEDEN

Ngwaga le ngwaga, sekgele sa Nobel se abelwa batho kgotsa mekgatlho e e neng ya nna le seabe sa botlhokwa mo go tokafatseng matshelo a batho mo dilong tse di farologaneng. Tlwaelo eno e simologile leng, mme e amana jang le go batla kagiso ya lefatshe?

LEINA la gagwe le amanngwa le go tokafadiwa ga matshelo a batho, le fa go ntse jalo o ne a ikgobokanyetsa khumo e ntsi ka go rekisa dibetsa tsa ntwa. E ne e le mang? Alfred Bernhard Nobel, ramadirelo le rakhemisi wa kwa Sweden. Nobel o ile a bakwa ka ntlha ya matsapa a a a tsereng a go direla ba bangwe molemo, mme le fa go ntse jalo, gape o ile a bidiwa “mmapatsi wa loso.” Ka ntlha yang? Ka gonne Nobel o ne a tlhama taenamaete mme fa a ne a sa ntse a tshela, o ne a huma thata ka ntlha ya go dira le go rekisa dibetsa tse di kotsi.

Le fa go ntse jalo, fa Nobel a sena go tlhokafala ka 1896, go ne ga lemogiwa sengwe se se gakgamatsang thata. Wili ya gagwe e ne e bontsha gore didolara di le dimilione di le robongwe di beelwe kwa thoko mme ngwaga le ngwaga morokotso wa teng o o kokotlegetseng o abelwe batho ba ba dirileng sentle thata mo go tsa fisikisi, khemiseteri, kalafi, go kwala dibuka le mo go tsa kagiso.

La ntlha, ba le bantsi ba ne ba gakgametse. Ke ka ntlha yang fa rakgwebo wa dibetsa a ka tlhoafalela go abela batho ba ba dirileng dilo tse di molemo le ba ba rotloetsang kagiso dikgele? Bangwe ba ne ba tsaya gore Nobel o ne a tshwenngwa ke segakolodi ka ntlha ya gore o dirisitse botshelo jotlhe jwa gagwe a dira dilo tse di kotsi. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba dumela gore Nobel o ne a ntse a rotloetsa kagiso go tloga kwa tshimologong. Eleruri, go bonala fa a ne a dumela gore jaaka dibetsa di ne di nna kotsi thata, ntwa e ne e se kitla e nna gone. Go begiwa gore o ne a bolelela mokwadi mongwe jaana: “Gongwe difeketeri tsa me di tla khutlisa ntwa le eleng pele ga kongerese ya lona e dira jalo,” a bo a oketsa jaana: “Mo letsatsing le go neng go ka direga gore mephato e mebedi ya masole e nyeletsane ka ponyo ya leitlho, gongwe ditšhaba tsotlhe tse di tlhabologileng di ka boela morago di tshogile mme di phatlalatse masole a tsone.”

A polelelopele ya ga Nobel e ne ya diragala? Ke dithuto dife tse di neng tsa ithutiwa fa go sena go feta dingwaga di le lekgolo Nobel a tlhokafetse?

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

“Ke rata go tlhama sengwe kgotsa motšhine o o nang le maatla a magolo thata mo o ka bolayang batho ba le bantsi thata, gore batho ba tshabe go lwa ka bosakhutleng”—ALFRED BERNHARD NOBEL

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Page 2: Missile: U.S. Navy photo; building rubble: UN PHOTO 158178/J. Isaac; page 3: Nobel: © Nobelstiftelsen