Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Senō se se Lapolosang go Tswa mo Setlhareng Se se Sa Tlwaelegang

Senō se se Lapolosang go Tswa mo Setlhareng Se se Sa Tlwaelegang

Senō se se Lapolosang go Tswa mo Setlhareng Se se Sa Tlwaelegang

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA NIGER

AO RATA senō se se tsididi go le mogote? Malapa a le mantsi a kwa Afrika Bophirima a rata senō se se lapolosang se se mmala o o galotseng, se se monate, se se nang le dikotla mme se sa ture—mme, se dirilwe go tswa mo setlhareng. Senō seno se bidiwa bissap, mme setlhare se se thunyang se senō seno se dirwang ka sone ke roselle ya kwa boboatsatsi. Setlhare seno se ka gola go nna boleele jwa dimetara di le pedi kgotsa go feta. Se jalwa kwa dikgaolong tse di farologaneng tsa lefatshe mme segolobogolo kwa ditlelaemeteng tse di omeletseng tse di fitlhelwang mo dinageng tse di tshwanang le Niger, Mali le Senegal.

Kafa Bissap e Dirwang ka Gone

Leswana le le lengwe la lekakaba la setlhare le tsenngwa mo e ka nnang mo litareng ya metsi. Motswako ono o a bedisiwa mme o bo o tlogelwa ka metsotso e le 15 go ya go e le 20. Matlhare a a sefiwa, mme tee eo e ka nowa e le molelo kgotsa e le tsididi, e tshetswe sukiri kgotsa e sa tshelwa. Gompieno re rata go dira senōtsididi se bana ba tla se itumelelang, ka jalo re tla tsenya sukiri. Malapa mangwe gape a dira senō seno ka minte kgotsa ka motswako wa vanilla. Bissap e e tsididi, e e bohibidu jo bo galotseng e tshelwa mo dipolasetiking tse di dinnye, tse di se nang mmala, tse go tswa foo di bofiwang kwa godimo. Jaanong e siametse go newa bana ba ba e letetseng! Ba phunya letlhakore la polasetiki ba itumetse mme ba ipelela senō sa bone se ba se ratang. Gone mme, bangwe ba rata go se nwa ka galase.

Mo godimo ga gore e monate, bissap e go siametse. E na le calcium, phosphorus, iron, dibithamine A le C le tse dingwe! Bangwe ba bolela gape gore bissap e berekisa mala ka iketlo, e dira gore motlhapo o tswe o le montsi e bile e thusa sebete. Le fa go le jalo, a bo re itumela jang ne gore kwantle ga go bo setlhare seno se le sentle go se leba, se re naya senō se se nang le dikotla, se se lapolosang!

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

Photo by Kazuo Yamasaki