Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Bakeresete ba Tshwanetse go Rerela Batho ba Bangwe?

A Bakeresete ba Tshwanetse go Rerela Batho ba Bangwe?

GONGWE go ya ka tsela e o godileng ka yone kana go ya ka setso sa lona dilo tse di amanang le bodumedi di tlotlwa fela mo lelapeng kana kwa kerekeng. Ka gone, o ka nna wa tenega fa mongwe a go etela o sa mo laletsa a tla go tlotla le wena ka Baebele. Bangwe ba ikutlwa jalo ka go bo bodumedi bo ile jwa dirisa dikgoka ka la gore bo batla go thusa batho gore ba bolokwe.

Mo nakong e e fetileng batho ba ile ba sokologa ka bontsi mo dinageng di le dintsi ka go bo ba ne ba tshaba go bolawa, e seng ka go bo ba rata Keresete. Ba le bantsi ba ile ba tshaba, ba tlogela magae le dinaga tsa bone, ba bangwe ba bo ba bolawa—bangwe ba fisiwa mo koteng—ka go bo ba ne ba sa batle go sokologela mo bodumeding jwa babogisi ba bone.

Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Baebele ga di dumalane le go sokolola batho jalo ka dikgoka. A seno se bolela gore ga re a tshwanela go tlotla le ba bangwe ka se re se dumelang? Baebele ka boyone e a araba.

Re Laetswe go Ruta

Sa ntlha, akanya ka sekao sa ga Jesu Keresete. O ne a ruta batho ka botswerere a kgona go tlhotlheletsa bareetsi ba gagwe. (Johane 13:13, 15) Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng o ile a ruta ka tsela e e motlhofo mme e le e e tlhotlheletsang. Seno se ne sa dira gore batho ba ba mo reeditseng ba ‘tshwarwe ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta; gonne o ne a ba ruta jaaka motho a na le taolo.’ (Mathaio 7:28, 29) Le fa go setse go fetile dingwaga di ka nna 2 000, le gompieno batho ba ba ithutang dithuto tsa gagwe ba sa ntse ba tlhotlhelediwa ke tsone. Porofesa Hans Dieter Betz o ne a dumalana le seno fa a ne a re: “Tsela e Thero ya kwa Thabeng e tlhotlheletsang batho ka yone ga e ame fela madumedi a Sejuda, a Sekeresete kana ditso tsa Sekgoa.”

Pelenyana fela ga Jesu a tlhatlogela legodimong o ne a ntsha taelo e e neng e tla dira gore morago ga loso lwa gagwe, tiro ya go ruta e a neng a e simolotse e tswelele pele e bile e gole. (Johane 14:12) O ne a laela barutwa ba gagwe gore ba ye kwa bathong ba ditšhaba tsotlhe ‘ba ba rute go boloka dilo tsotlhe’ tse a di ba laetseng. Jesu o ne a tlhalosa boikaelelo jo bogolo jwa tiro eno mo go one mafoko ao fa a ne a re: ‘Tsamayang lo dire batho barutwa.’Mathaio 28:19, 20; Ditiro 1:8.

Akanya le ka sekai sa ga moaposetoloi Paulo. Fa ene ka boene a sena go nna Mokeresete o ne a se ka a okaoka go bolelela batho ba bangwe ka bodumedi jwa gagwe jo bosha. (Ditiro 9:17-19, 22) Paulo o ne a tle a bue le batho kwa disinagogeng a ntsha bosupi “ka go nopola gore go ne go tlhokega gore Keresete a boge le go tsoga mo baswing.” O ne a “bontsha mabaka go tswa mo Dikwalong” ka botswerere go “tlhotlheletsa Bajuda le Bagerika go dumela.” Go ya ka buka nngwe, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “go tlhotlheletsa” le kaya “go fetola motho mogopolo ka go mmontsha mabaka kana go mo thusa go lemoga se se siameng.” Tsela e Paulo a neng a beela batho mabaka ka yone e ne e ‘tlhotlheletsa boidiidi jo bogolo go dumela le go dira gore bo nne le kgopolo e sele.’—Ditiro 15:3; 17:1-4, 17; 18:4; 19:26.

A go Dirwe ka go Pateletsa Kana ka go Tlhotlheletsa?

Gompieno lereo “go sokolola” le dirisiwa go kaya go fetola batho ka dikgoka mo go se ba se dumelang. Baebele ga e dumalane le mokgwa o o ntseng jalo. Go na le moo, e ruta gore batho ba bopilwe ba na le tshiamelo ya go itlhophela tsela e ba batlang go tshela ka yone. Seno se akaretsa le tsela e ba batlang go obamela Modimo ka yone.—Duteronome 30:19, 20; Joshua 24:15.

Jesu o ne a sa dirise maatla le taolo ya gagwe go pateletsa batho go dumela dithuto tsa gagwe, a bontsha gore o amogela gore Modimo o file batho tshwanelo ya go itlhophela. (Johane 6:66-69) O ne a tlhotlheletsa bareetsi ba gagwe ka go dirisa mabaka a a utlwalang, a dirisa ditshwantsho le go botsa dipotso tse di ba fatang maikutlo e le gore a ame dipelo tsa bone. (Mathaio 13:34; 22:41-46; Luke 10:36) O ile a ruta barutwa ba gagwe gore le bone ba dire jalo.—Mathaio 10:14.

Ga go pelaelo gore Paulo a ne a etsa Jesu mo bodireding jwa gagwe. O ne a tlhotlheletsa bareetsi ba gagwe ka go ntsha mabaka a utlwalang a Dikwalo, mme gone a sa itlhokomolose maikutlo a batho le tsela e ba lebang dilo ka yone. (Ditiro 17:22, 23, 32) O ne a itse gore re tshwanetse ra direla Mmopi wa rona ka go bo re mo rata e bile re rata le Keresete. (Johane 3:16; 21:15-17) Ka jalo, re tshwanetse ra itirela tshwetso mo kgannyeng eno.

Go Itirela Tshwetso

Fa batho ba dira ditshwetso tse di masisi tse di jaaka go reka ntlo, go tlhopha mmereko, le tsela ya go godisa bana, gantsi ga ba dire jalo ka go phamoga fela. Ba ka nna ba dira dipatlisiso ka dilo tseno, ba di akanyetsa ka kelotlhoko, mme gongwe ba kopa le kgakololo. Ba tla dira tshwetso fela fa ba setse ba sekasekile dilo tseno.

Tshwetso ya go direla Modimo yone e re tlhoka matsapa a a fetang ao. E ama tsela e re tshelang ka yone gone jaanong, mme se se botlhokwa go feta, e ama le tsholofelo ya rona ya botshelo jo bo sa khutleng mo nakong e e tlang. Bakeresete ba Berea ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itse seno sentle. Le fa ba ile ba tlhalosediwa dikgang tse di molemo ke moaposetoloi Paulo ka boene, ba ne ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi go bona gore a dilo tse ba neng ba di rutwa di ne di le boammaaruri. Ka jalo, “ba le bantsi ba bone ba ne ba nna badumedi.”—Ditiro 17:11, 12.

Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba dira tiro ya go ruta le ya go dira barutwa e e simolotsweng ke Jesu. (Mathaio 24:14) Ba tlotla tshwanelo ya batho ba bangwe ya go itlhophela bodumedi. Mme fa ba bolelela ba bangwe dilo tse ba di dumelang, ba dira jalo go ya kafa go tlhalosiwang ka teng mo Baebeleng. Ee, ba ntsha mabaka a a utlwalang a Dikwalo fa ba dira tiro eno e e namolang matshelo a batho.—Johane 17:3; 1 Timotheo 4:16.