Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditshenekegi Tse e Leng Ditswerere mo go Latlheng Matlakala

Ditshenekegi Tse e Leng Ditswerere mo go Latlheng Matlakala

Ditshenekegi Tse e Leng Ditswerere mo go Latlheng Matlakala

MO E ka nnang dingwaga di ka feta 150 tse di fetileng, batho ba ile ba tlhama dithulaganyo tse di raraaneng tsa kgelelo ya leswe le go latlha matlakala. Le fa go ntse jalo, go ne go setse go na le setswerere sa go latlha matlakala—tshoswane e nnye e e nnang kwa karolong ya boboatsatsi ya Amerika.

Lesaisai le le ka tshwarang milione la ditshoswane tseno tse di jang matlhare le nna mo sentlhageng se segolo se se kwa tlase ga lefatshe. Setlhopha sengwe le sengwe sa ditshoswane tseno se dira tiro ya sone e e rileng. Setlhopha sengwe se rora manatwana a matlhare a setlhopha se sengwe se fitlhang se a tšhotlha go a dira boleta. Setlhopha se se lemang sone se dirisa matlhare ano a a tšhotlhilweng go lema dijo tsa tsone mo mafarong a sentlhaga. Gape di ntsha sepe fela se se ka anamisang megare, se se jaaka ditshoswane tse di suleng kana tse di swang, le dilo tse di bolang. Mme gone ditshoswane tseno di latlha matlakala a tsone jang?

Lokwalodikgang lwa The Independent lo bega fa moitsesaense wa Boritane kwa Yunibesithing ya Sheffield a bone karabo. Gaufi le mafaro a di lemang mo go one go na le mafaro a magolwanyane a di latlhelang matlakala mo one. Ditshoswane tse di berekang mo matlakaleng di fetsa nako e ntsi di le koo, di pitikolola matlakala ano fa a ntse a bola gore dibakateria tse di bakang malwetse di swe. Ditshoswane tse di lemang ga di ke di tsena mo mafarong ano a matlakala. Di latlhela matlakala mo moseleng, go tswa foo a tsewa ke ditshoswane tse di berekang mo matlakaleng. Tsela eno ya go latlha matlakala e thibela kgotlelo le go sireletsa botsogo jwa ditshoswane tseno.

Jehofa Modimo ga a bopa fela ditshenekegi tse di nang le botlhale jwa tlholego, mme gape o ne a neile Baiseraele melao ya bophepa dingwaga di le 3 500 tse di fetileng. Fa ba ne ba ikobela melao eno seo se ne se thibela gore metsi le dijo di se ka tsa kgotlelwa, gore malwetse a a tshelanwang a se ka a anama, le gore go nne le thulaganyo e e babalesegileng ya go latlha leswe. A bo go ikobela melaometheo e e ntseng jalo go ne go ba thusa go tila pogo le dintsho tse dintsi jang ne!—Lefitiko 11:32-38; Dipalo 19:11, 12; Duteronome 23:9-14.