Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dirwa ga Lefatshe Seoposengwe go go Tla go Solegelang Molemo

Go Dirwa ga Lefatshe Seoposengwe go go Tla go Solegelang Molemo

Go Dirwa ga Lefatshe Seoposengwe go go Tla go Solegelang Molemo

“Go dirwa ga lefatshe seoposengwe go ka atlega fela fa go ka solegela bahumi le bahumanegi molemo. Go tshwanetse ga dira gore batho ba nne le ditshwanelo fela jaaka go dira gore ba hume. Go tshwanetse ga dira gore go nne le tshiamiso le tekatekano mo setšhabeng fela jaaka go thusa batho go atlega mo go tsa ikonomi le go tokafatsa ditsela tsa tlhaeletsano.”—KOFI ANNAN, MOKWALEDIMOGOLO WA LEKGOTLA LA DITŠHABA TSE DI KOPANENG.

FELA jaaka Kofi Annan a boletse, go dirwa ga lefatshe seoposengwe go ka atlega fela fa go tokafatsa botshelo jwa moagi mongwe le mongwe mo lefatsheng. Mme se re se boneng se direga mo dingwageng tsa bosheng jaana se kgakala thata le go fitlhelela seo. Go gatela pele mo go tsa boranyane le mo dikhumong go tseelwa kwa godimo go feta ditshwanelo tsa batho le go nna le tekatekano mo setšhabeng.

Bothata jo bogolo ke gore go dirwa ga lefatshe seoposengwe mo go tsa ikonomi go tlhotlhelediwa ke go batla go bona dipoelo. Go batla go bona dipoelo gono gantsi ga go tseye bahumanegi le batho ba ba sotlegang tsia kana dilo tse di ka solegelang polanete molemo ka nako e telele. Dr. David C. Korten a re: “Ikonomi ya lefatshe e e sa lekalekaneng e e laolwang ke dikhampani tse di tsayang madi a le botlhokwa go feta dilo tse dingwe, tota ga ya tlhomama . . . e bile e humanegisa batho ka ditsela tsotlhe.”

A dipuso tsa lefatshe di ka kgona go laola ikonomi ya lefatshe lotlhe ka tsela e e tla dirang gore go nne le tekatekano mo setšhabeng? Ga go bonale go ka nna jalo. Go fitlha jaanong, dipuso di paletswe ke go rarabolola mathata a lefatshe—e ka tswa e le a bokebekwa, go gotela ga lefatshe, kana khumanego. Annan o tlhalosa jaana: “Batho botlhe ba tshwanetse go sireletsa lefatshe, mme mo lefatsheng la gompieno le le dirilweng seoposengwe ditsela tsa go dira jalo ke tsa nakwana fela.”

Ditsela tsa go rarabolola mathata a lefatshe ga se tsone fela di tlhokegang. Khomishene ya Tsela ya go Laola Lefatshe * e bolela fa lefatshe gape le tlhoka melao ya boitshwaro. Pego ya teng e bolela jaana: “Fa go se na melao ya boitshwaro le boeteledipele, dikgotlhang le mathata di tla tswelela di gola mo lefatsheng; tota le e leng ditheo tse di molemo le maano a a molemo di tla palelwa.”

Ba ile ba akantsha gore go nne le melao efe ya boitshwaro? Pego eno e bolela jaana: “Batho ba tshwanetse go tshwara batho ba bangwe ka tsela e bone ba batlang go tshwarwa ka yone.” Jesu Keresete, moeteledipele yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba nna gone mo lefatsheng, o ile a ruta molao oo wa boitshwaro dingwaga di ka nna dikete tse pedi tse di fetileng. (Mathaio 7:12) Mme le gompieno molaomotheo oo o sa ntse o le botlhokwa. Ga go pelaelo gore fa go dira lefatshe seoposengwe go ikaegile thata ka molaomotheo oo go tla solegela batho botlhe molemo. A seo se tla tsamaya se direga?

Tharabololo ya Mofuta o Sele

Baebele e bolelela pele gore go tla tloga go nna le puso ya lefatshe lotlhe e e tla dirang gore batho botlhe ba nne seoposengwe, e seng ka mabaka a bogagapa a go batla go solegelwa molemo mo go tsa madi kana boranyane. E tla atlega ka gonne e na le maatla le ditsela tse di molemo tsa go rarabololela batho mathata. Jesu Keresete ka boene o ne a bua thata ka puso eno ya lefatshe lotlhe fa a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela gore ‘Bogosi jwa Modimo bo tle le gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng.’—Mathaio 6:10.

Bogosi jwa Modimo jo bo tla etelelwang pele ke Jesu Keresete bo tla dira gore go nne le melao e mesha ya boitshwaro, yone e Jesu ka boene a neng a e ruta batho fa a ne a le mo lefatsheng. Batho ba tla bo ba tlhotlhelediwa thata ke go rata Modimo le baagisani. (Mathaio 22:37-39) Dipolelopele di le dintsi mo Baebeleng di tlhalosa dilo tse puso eno e ntšha e tlileng go di dira. Baebele e solofetsa jaana fa e bua ka Mmusi wa yone, Jesu Keresete: “O tla atlholela bahumanegi ka tshiamo le go femela motho yo o nyatsegang mo lefatsheng ka tekatekano.” (Isaia 11:4, The New English Bible) Batho ba ba humileng le ba ba tlotlegang ga ba kitla ba sotla batho ba ba humanegileng. Jesu o tla “utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko . . . O tla golola moya wa bone mo kgatelelong.”—Pesalema 72:13, 14.

Mathata a tikologo a tla rarabololwa ka bonako. Mo boemong jwa bothata jo bo ntseng bo kekela jwa mafelo a a fetogang dikaka, “sekaka se tla itumela, le ditšheshe di tla thunya mo nageng e e lokgere.” (Isaiah 35:1, Today’s English Version) Mo boemong jwa bothata jwa go tlhaela ga dijo, “go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng.”—Pesalema 72:16.

Bogosi jwa Modimo bo dira gore batho ba maemo otlhe ba nne seoposengwe. Modimo o solofetsa jaana: “Ke tla ba baya mo kutlwanong, jaaka letsomane mo lesakeng.” ‘Ke tla ba fetolela mo puong e e itshekileng, gore botlhe ba ntirele ba le seoposengwe.’ (Mika 2:12; Sefania 3:9) Gone jaanong ‘puo eo e e itshekileng,’ e e akaretsang melao e e tshwanang ya boitshwaro le ya bodumedi, e dira batho seoposengwe.

Ka ntlha ya didirisiwa tsa go tsaya mesepele mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ka metlha ba nna le dikopano tsa ditšhabatšhaba, tse di nonotshang kamano ya bone le batho ba ditso tse dingwe, dinaga le merafe. Dikopano tseno ke sekai se se bonalang sentle sa kutlwano ya bone e e akaretsang pelo le mogopolo e seng ya go batla go bona melemo ya tsa boranyane le tsa kgwebo. (Bona lebokoso le le mono.) Moithutabodumedi mongwe wa kwa Spain yo o neng a nna gone kwa go nngwe ya dikopano tseno o ne a kwala jaana: ‘Ke ne ke ikutlwa ke sa kgothadiwa fela ke dipuo tsa teng tse di molemo tsa Dikwalo, mme gape le ke kutlwano ya batho bano, boitshwaro jwa bone jwa maemo a a kwa godimo le maitseo a bone a a molemo.’

Gape Basupi ba ga Jehofa ba dirisa ka botlalo dilo tse dingwe tse di dirang lefatshe seoposengwe go tsweletsa pele tiro ya bone ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Ka sekai, Tsogang! e ranolelwa mo dipuong di le 87 ke baranodi mo lefatsheng lotlhe ba ba dirisang dithulaganyo tsa khomputara le didirisiwa tsa go romela melaetsa. Didirisiwa tseo di thusa Basupi ba ga Jehofa go dira gore tiro ya bone ya go ruta Baebele e dirwe mo lefatsheng lotlhe. Ga go pelaelo gore dilo tseno tse di dirang lefatshe seoposengwe di ka dirisiwa ka tsela e e siameng le ka tsela e e sa siamang.

Puso e e tlhomilweng ke Modimo yone e tla rarabolola mathata go na le gore e a bake, jaaka go dirile batho ka go dira lefatshe seoposengwe. Re na le mabaka a a utlwalang a go tshepa puso eno ya selegodimo. Modimo o solofetsa jaana: “Ke dira lefatshe le lesha. Dilo tsa nako e e fetileng di tla lebalwa gotlhelele. Itumeleng lo bo lo ipele ka bosakhutleng ka ntlha ya se ke se bopang.” (Isaia 65:17, 18, TEV) “Lefatshe le lesha” la Modimo le tla solegela batho botlhe mo lefatsheng molemo ka botlalo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Khomishene eno e e dirilweng ka baeteledipele ba le 28 ba ba tlotlegang thata mo lefatsheng, e ne ya kwala pego e e telele ka 1995, e setlhogo sa yone se neng se re, “Boagisani Jwa Rona Jwa Lefatshe Lotlhe,” e mo go yone ba neng ba tlhalosa dilo tse ba akantshang gore di tla thusa go tokafatsa tsela ya go laola lefatshe.

[Lebokoso mo go tsebe 28]

BA GOLAGANE MME BA SA NTSE BA KGAOGANE

Le fa boranyane bo dirile lefatshe gore e nne selo se le sengwe, batho ba sa ntse ba kgaogane. Thelebishine, difouno tsa selula le Internet di thusa batho go golagana mme ga di ba thuse go utlwana. Go kopanngwa ga ikonomi le go fedisiwa ga go se utlwaneng ga mebuso e megolo go fokoditse dintwa gareng ga Dinaga, le fa go ntse jalo, ngwaga le ngwaga go sa ntse go na le dintwa tsa semorafe tse di setlhogo tse di bolayang dikete di le makgolokgolo tsa batho le go ba golafatsa.

Ka ntlha yang? Ka gonne go tlhoana ga merafe e e sa utlwaneng, ditso le ditlhopha tsa bodumedi—go go bakang dintwa tsa semorafe—ga go bonale go fokotsega. Dikgwebo le digongwana tsa dikebekwa mo lefatsheng lotlhe di dira dibolao tse dintsi tse di tlhwatlhwatlase go thusa makgamu a a lwantshanang go nna a na le dibolao. Metšhine ya motlakase e ka se ka ya dira gore go nne le kutlwano ya boammaaruri. Tota le katlego ya mebaraka ya kgwebisano e ka se ka ya dira gore go nne le tshiamiso ya boammaaruri.

Tota go dirwa ga lefatshe seoposengwe mo go tsa ikonomi go ka baka go se utlwane ka ditsela dingwe. Fa maemo a ikonomi a ntse a fetofetoga bahumanegi ke bone ba amegang thata ka ntlha ya boradipolotiki ba ba feteletsang dilo ba ba dirisang maemo ao a ikonomi gore ba solegelwe molemo ka bobone. Ke eng se se ka rarabololang bothata jono? Human Development Report 1999 e dumela jaana: “Go tshwanetse ga tlhangwa tsela e ntšha ya go laola mo dinageng le mo lefatsheng lotlhe—e e gatelelang thata go tlhabololwa ga batho le go lekalekana ga bone.” Ke sone se Bogosi jwa Modimo bo tlileng go se dira.

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go ruta batho Baebele mo lefatsheng lotlhe e dira batho ba maemo otlhe seoposengwe