Go Letlanya Saense le Bodumedi
Go Letlanya Saense le Bodumedi
“Saense le bodumedi [ga] di tlhole di tsewa e le dilo tse di sa utlwaneng.”—The Daily Telegraph, Lontone, May 26, 1999.
SAENSE le bodumedi fa di le mo boemong jwa tsone jo bo siameng, di batlana le boammaaruri. Saense e ribolola thulaganyo e e manontlhotlho ya lobopo e e bontshang gore le dirilwe ka botlhale. Bodumedi jwa boammaaruri bo dira gore dilo tseno tse di ribololwang di nne le bokao ka go ruta gore ke Mmopi yo o tlhamileng dilo tse re di bonang mo lobopong.
Francis Collins, yo eleng moitsethutotshelo ya dimolekhule o bolela jaana: “Kanaanelo ya me ka saense e nonotshiwa fela thata ke bodumedi.” O oketsa jaana: “Fa ke ribolola sengwe ka dijini tsa motho, ke nna le maikutlo a go gakgamala le a tlotlo, le a go inyatsa ka ntlha ya dikgakgamatso tsa botshelo, mme ke swetse ka gore, ‘Ke Modimo fela yo o neng a itse ka seno.’ Ke selo se se kgatlhang fela thata le se se itumedisang, se se dirang gore ke tseele Modimo kwa godimo e bile se dira gore ke itumelele go nna moitsesaense.”
Ke eng se se ka thusang motho gore a letlanye saense le bodumedi?
Keletso E e Sa Feleng
Amogela gore re ka se itse gotlhe: Ga go lebege fa keletso ya rona ya go rata go itse ka lobopo, lefaufau, le nako e ka fela. Moitsethutotshelo Lewis Thomas a re: “Keletso eno e ka se ka ya fela, ka gonne re dibopiwa tse di nang le keletso e e sa feleng ya go batla go itse, go batlisisa le go batla go
tlhaloganya dilo. Le ka motlha re ka se ka ra kgotsofala. Ga ke akanye gore go tla tsamaya go fitlha nako e mongwe le mongwe a tla kgwang mowa a bo a re, ‘Jaanong re tlhaloganya gotlhe.’ Re tla nna fela jaana re sa tlhaloganye gotlhe.”Go ntse fela jalo le ka bodumedi, keletso ya go batla go itse ga e fele. Mongwe wa bakwadi ba Baebele, e bong Paulo, o ne a re: “Gone jaanong re bona lesedinyana le le letobo fela ka seipone . . . Kitsonyana ya me ga e a felela.”—1 Bakorintha 13:12, The New English Bible.
Le fa go ntse jalo, go nna le kitsonyana e e sa felelang ka dilo tsa saense le tsa bodumedi ga e re thibele go dira ditshwetso tse di molemo tse di ikaegileng ka dintlha tse re di itseng. Ga re tlhoke gore re itse sengwe le sengwe kaga tshimologo ya letsatsi gore re tle re tlhomamisege gore le tla tsoga le tlhaba ka moso.
Akanyetsa dintlha tse di itsegeng: Fa re ntse re senka dikarabo, re tshwanetse go kaelwa ke melaometheo e e siameng. Fa re sa ikaege thata ka bosupi jwa maemo a a kwa godimo, go ka nna motlhofo gore re tsietsege fa re ntse re senka boammaaruri mo dilong tsa saense le tsa bodumedi. Ke boammaaruri gore ga go ope wa rona yo o ka kgonang go sekaseka kitso le megopolo yotlhe ya saense, e gompieno e tlatsang dilaeborari tse dikgolo. Kafa letlhakoreng le lengwe, Baebele e na le motlobo o o lekaneng wa kitso ya dilo tsa semoya tse re ka ithutang tsone. Baebele e tshegediwa ke dintlha tse di itsegeng.Le fa go ntse jalo, malebana le kitso ka kakaretso, motho o tshwanetse go dira maiteko a magolo go kgona go farologanya se e leng ditlha tsa boammaaruri le tse di kabakanngwang fela, go farologanya dilo tsa mmatota le tse e leng tsietso—mo dilong tsa saense le tsa bodumedi. Fela jaaka mokwadi wa Baebele e bong Paulo a ile a gakolola, re gana “dikganetso tsa se se bidiwang ‘kitso’ mme e se yone.” (1 Timotheo 6:20) Gore re kgone go letlanya saense le Baebele re tshwanetse go akanyetsa dintlha tse di boammaaruri, mme re tile ditshwetso tse di kabakanngwang kana tse di fopholediwang, mme re sekaseke kafa ntlha nngwe le nngwe e emang tse dingwe nokeng ka teng.
Ka sekai, fa re itse gore Baebele e dirisa lefoko “letsatsi” go emela dipaka tse di farologaneng tsa nako, re tla kgona go lemoga gore pego e e mo go Genesise e e buang ka malatsi a marataro a popo ga e ganetsane le saense fa e re lefatshe le na le dingwaga di ka nna dimilione di le dikete tse nnè le le gone. Go ya ka Baebele, lefatshe le simolotse go nna gone ka lobaka lo lo sa umakwang pele ga malatsi ao a popo a simolola. (Bona lebokoso la “A Malatsi a Popo ke a Diura Tse 24?”) Tota le fa saense e ka fetoga mme e bo e tlhalosa dingwaga tsa polanete ya rona
ka tsela e sele, se Baebele e se buang se sa ntse se le boammaaruri. Saense ga e ganetsane le Baebele mo kgannyeng eno le mo go tse dingwe tse dintsi, go na le moo, tota e re naya tshedimosetso e ntsi e e tlatsang Baebele kaga tsela e lobopo lo leng ka yone gone jaanong le mo nakong e e fetileng.Tumelo, e seng go amogela sengwe le sengwe: Baebele e re naya tshedimosetso e re ka se kang ra e bona gope go sele kaga Modimo le kaga maikaelelo a gagwe. Ke eng fa re tshwanetse go e ikanya? Baebele ka boyone e re laletsa gore re e leke go bona gore a e boammaaruri. Akanya ka tsela e e nepang dilo ka yone mo dilong tsa hisitori, tsela e e solegelang molemo ka yone, tsela e bakwadi ba yone ba sa mpampetseng sepe ka yone le tsela e e ikanyegang ka yone. Fa re sekaseka tsela e Baebele e nepang dilo ka yone, go akaretsa le mo dilong tsa saense, mme se se tlhatswang pelo le go feta, tsela e dipolelopele tsa yone tse dintsi di diragaditsweng ka botlalo ka yone, go ralala dingwaga go fitlha le mo nakong ya rona, re ka nna le tumelo e e nonofileng mo go yone re e tsaya e le Lefoko la Modimo. Go dumela mo Baebeleng ga se go amogela sengwe le sengwe go na le moo ke go bontsha go tshepa mafoko a Dikwalo a a boammaaruri.
Tlotla saense; tsaya dithuto tsa bodumedi tsia: Basupi ba ga Jehofa ba laletsa batho ba saense le ba bodumedi gore ba nne le seabe mo go senkeng boammaaruri go tswa mo matlhakoreng ano ka bobedi. Basupi mo diphuthegong tsa bone ba bontsha go tlotla saense le dilo tse di tlhomamisitsweng tse e di ribolotseng mme gape ba bontsha go tlotla dithuto tse di boammaaruri tse di mo Baebeleng, e go nang le bosupi jo bontsi jo e ipolelang ka jone gore ke Lefoko la Modimo. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “E rile lo amogela lefoko la Modimo, le lo neng lwa le utlwa mo go rona, lwa le amogela, e seng jaaka lefoko la batho, mme, fela jaaka ruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo.”—1 Bathesalonika 2:13.
Ke boammaaruri gore fela jaaka go ile ga direga ka saense, bodumedi le jone bo ile jwa tshwaediwa ke dithuto tsa maaka le ditlwaelo tse di sa siamang. Ka gone, go na le bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka. Ke gone ka moo batho ba le bantsi ba ileng ba tlogela madumedi a magolo go nna maloko a phuthego ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba swabisiwa ke go bo madumedi a bone a pele a ne a ikamanya le meetlo le ditlhamane tsa batho, go na le go ikamanya le boammaaruri jo bo senotsweng.
Mo godimo ga moo, Bakeresete ba boammaaruri ba tlhaloganya sentle lebaka la go bo re tshela ka gonne ba thusiwa ke go nna le kitso kaga Mmopi wa bone le se a ikaeletseng sone ka batho le ka polanete e re tshelang mo go yone jaaka fa go tlhalosiwa mo Baebeleng. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kgona go bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa Baebele tse di jaaka, Ke eng fa re tshela? Go tlile go diregang eng ka rona? Ba tla itumelela go go abela tshedimosetso eno.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 10 Bona buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso mo go tsebe 10]
A Malatsi a Popo ke a Diura Tse 24?
Batho bangwe ba ba feteletsang dilo ba bolela gore thuto ya popo ke yone e tlhalosang ditiragalo tsa pele ga motho a bopiwa, e seng thutotlhagelelo. Ba re popo yotlhe e ne ya dirwa mo malatsing a le marataro fela, lengwe le lengwe e le la diura tse 24 mo e ka nnang dingwaga di le 6 000 go ya go di le 10 000 tse di fetileng. Mme ka go dira jalo ba tshegetsa thuto e e seng ya Dikwalo, e e dirang gore batho ba le bantsi ba nyatse Baebele.
A ka metlha letsatsi mo Baebeleng le tsewa e le lobaka lwa diura tsa mmatota tse 24? Genesise 2:4 e bua ka ‘letsatsi le Jehofa Modimo a neng a dira lefatshe le legodimo ka lone.’ Letsatsi leno le akaretsa matsatsi otlhe a marataro a popo a Genesise kgaolo 1. Go ya ka Baebele, letsatsi ke lobaka lwa nako lo lo lekanyeditsweng e bile e ka nna dingwaga di le sekete kana dingwaga di le diketekete. Ka jalo re ka swetsa ka gore lengwe le lengwe la malatsi a Baebele a popo le nnile boleele jwa dingwaga di le diketekete. Mo godimo ga moo, lefatshe le ne le setse le le gone fa malatsi ao a popo a simologa. (Genesise 1:1) Ka gone, Baebele e dumalana le saense mo kgannyeng eno.—2 Petere 3:8.
Fa Francis Collins yo e leng moithutatshelo wa dimolekhule a akgela ka dipego tsa gore malatsi a popo ke diura tsa mmatota tse 24 a re: “Go dumela thuto ya popo e e feteletsang dilo go sentse tumelo ya batho fela thata go gaisa sepe fela mo ditiragalong tsa segompieno.”
[Lebokoso mo go tsebe 11]
A Saense e Tsere Maemo a go Buelela Boitshwaro jo bo Molemo?
Go a utlwala go bo batho ba le bantsi ba saense ba sa batle go utlwa sepe ka bodumedi ka gonne bo kgoreletsa kgatelopele ya saense, bo itsege ka ditiro tse di maswe le ka ntlha ya boitimokanyi le bosetlhogo jwa jone. John Postgate, yo e leng porofesa wa thutatshelo ya ditshedi tse dinnye thata, o ne a re: “Bodumedi jwa lefatshe bo . . . dirile ditiro tse di tshosang tse di jaaka go ntsha batho ditlhabelo, dintwa tsa bodumedi, go gaila batho le go tlhoma dikgotlatshekelo tse di sekisang bakgelogi. Gompieno ditiro tseno tse di maswe tsa bodumedi di setse di le kotsi tota. Ka gonne bodumedi ga bo tshwane le saense, bone bo tsaya letlhakore.”
Fa Postgate a bapisa ditiro tseno le se go tweng ke go dira dilo ka tlhaloganyo, ka boikaelelo le ka go ritibala maikutlo ga saense, o bolela gore “saense e setse e tsere maemo a go buelela boitshwaro jo bo molemo.”
A ke boammaaruri gore saense e setse e tsere maemo a go buelela boitshwaro jo bo molemo? Ga go a nna jalo. Postgate ka boene o a dumela gore “batho ba saense le bone ba na le mathata a go nna lefufa, bogagapa le letlhoo.” O oketsa ka go re, “baitsesaense bangwe ba ile ba nna le seabe mo go bolayeng ba bangwe ka ntlha ya dipatlisiso, jaaka go diragetse kwa Jeremane ya Bonasi le kwa dikgolegelong tsa Japane.” Fa National Geographic e ne e rometse mmatlisisi mongwe go batlisisa gore go tlile jang gore pego nngwe e e phoso e feleletse e tlhagile mo makasineng wa bone, mmatlisisi yoo o ne a tlhalosa gore e ile ya tla ka “batho bangwe ba ba bolotsana, ba ba sa ikanyegeng, ba ba batlang go baka dikgotlhang, ba ba itsayang ba le botlhokwa, ba ba tlhogoethata, ba ba maaka [le] ba ba tsietsang.”
Mme e bile, ke saense e e dirileng dibolao tse di boitshegang, tse di jaaka dibetsa tsa dikhemikale tse di dirisiwang mo dintweng, digase tse di botlhole, dimmisaele, dibomo tsa nuklea le dibomo tse dingwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Ant Nebula (Menzel 3), e lebilwe ka Hubble Space Telescope
[Motswedi wa Setshwantsho]
NASA, ESA and The Hubble Heritage Team (STScI/AURA)
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Saense e ribolotse dilo tse dintsi tse di bontshang gore di tlhamilwe ka botlhale
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Basupi ba ga Jehofa ba tlotla saense e e boammaaruri le dithuto tsa Baebele