Nka Bona Jang Motho yo o Molemo yo Nka Nnang le Ene?
Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Bona Jang Motho yo o Molemo yo Nka Nnang le Ene?
“Ke ne nka se kgone go nna mmulatsela ke bo ke kgone le go duela rente, metsi le motlakase ke se na batho ba ke nnang le bone.”—Lynn. *
FA BASHA ba tswa mo lapeng, gantsi ba gakgamadiwa ke go bona kafa dilo di turang ka gone. Bontsi jwa bone ba kgona go lepalepana le ditlhwatlhwa tse di turang tsa dilo fela ka go kopanela ditshenyegelo tsa bone le motho mongwe kgotsa batho bangwe ba ba nnang le bone.
Mme jaaka setlhogo se se fetileng sa motseletsele wa ditlhogo tseno se bontsha, go nna le mongwe—segolo jang yo o sa mo itseng—e ka nna kgwetlho e kgolo. * Go ntse jalo le ka basha ba Bakeresete ba ba nnang mmogo ka boikaelelo jwa go nna bareri ba nako e e tletseng. Le fa maemo a gago e ka tswa e le afe, fa o akanyetsa go nna le mongwe, go ka nna molemo go dirisa “botlhale jo bo mosola” fa o tlhopha motho yo o ntseng jalo. *—Diane 3:21.
Kotsi ya go Tlwaelana le Ba ba Bosula
Basha ba le bantsi ba senka batho ba ba ka nnang le bone ka go ba batla mo dikitsisong tsa makwalodikgang le mo Internet. Mme dilo tseo di ka nna kotsi mo basheng ba Bakeresete. Di tla dira gore o kopane le batho ba ba farologanang le wena ka bodumedi, ka boitsholo kgotsa tsela ya go tshela. A ke boeleele kgotsa e a bo e le go se rate batho fa motho a batla go nna fela le motho wa bodumedi jwa gagwe? Nnyaa, go dira jalo ke botlhale. Baebele ka boyone e tlhagisa jaana: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”—1 Bakorintha 15:33.
Akanya ka mosha mongwe yo o bidiwang Lee. O ne a ise a nne Mokeresete yo o kolobeditsweng fa a simolola go nna kwa marobalong a yunibesithi. O gakologelwa jaana: “E ne e le lefelo le le kotsi. E ne e tle e re fa basetsana bangwe ba boa go tswa gae ba fitlhele mosetsana yo ba nnang le ene a tlhakanetse dikobo le mongwe.” Go nna koo go ne ga ama bomoya jwa ga Lee ka tsela e e sa siamang. O dumela jaana: “Ke ne ke sa nne gone kwa dipokanong tse dintsi tsa Bokeresete.” Boitshwaro jwa gagwe bo ne jwa nna jwa senyegela pele. “Letsatsi lengwe ke ne ka ba ka iphitlhela ke bua puo ya matlhapa, mme mongwe wa basetsana a nthaya a re: ‘A Jehofa o letlelela seo?’” A matlhabisa ditlhong ruri! Ka lesego, Lee o ne a tswa mo lefelong leo le le sa siamang mme a simolola go gatela pele semoyeng. Mme se se neng sa mo diragalela se bontsha kotsi ya go nna le batho ba ba sa tlotleng tsela e o tshelang ka yone.
Go Bona Motho yo o Molemo Yo o Ka Nnang le Ene
O ka mmatla kae? Simolola mo phuthegong ya gaeno ya Basupi ba ga Jehofa. Se se kgatlhang ke * Batsadi, bagolwane ba phuthego ya gaeno, balebedi ba ba etang le ba bangwe, le bone ba ka thusa; ba ka tswa ba itse basha bangwe ba o ka itumelelang go nna le bone.
gore, batho ba e leng bareri ba nako e e tletseng gantsi ba kopana le basha ba bangwe ba ba ratang dilo tsa semoya kwa dikolong tse di farologaneng le dipokano tse segolobogolo di tshwarelwang bareri ba nako e e tletseng.Go bolelela batho ba bangwe le gone go ka thusa thata. Fa o bolelela batho ba le bantsinyana ka bothata jwa gago, go ka nna ga direga gore ba go thuse. (Moreri 11:6) Mo godimo ga tsotlhe, kopa Jehofa gore a go thuse go bona motho yo o ka nnang le ene, mme o ikaege ka ene gore a segofatse maiteko a gago.—1 Johane 5:14, 15.
Go Tlhotlhomisa Dilo Tse di Botlhokwa
Fa o setse o bone motho yo go ka nnang ga direga gore a tle go nna le wena, o ka nna wa batla go itlhaganelela go nna le ene. Mme go botlhale go tlhotlhomisa dilo dingwe pele. A motho yo o “bolelwa ka molemo ke bakaulengwe” ba phuthego ya gaabo? (Ditiro 16:1, 2) Gongwe wena le batsadi ba gago lo ka bua ka tlhamalalo le batho ba ba tshwanelegang semoyeng ba ba mo itseng sentle. O ka nna wa botsa jaana: ‘O itsege e le motho yo o ntseng jang? A ke motho yo o tlhomameng mo maikutlong le mo semoyeng? A o nna le seabe le ba bangwe mo tirong ya go rera le go akgela kwa dipokanong? A o itsiwe e le motho wa boitsholo jo bo siameng?’
Se lebale gore, “yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.” (Diane 13:20) David o bolela jaana: “Motho yo ke nnang le ene o rata dilo tsa semoya tota. Seo se nthusa gore le nna ke gatele pele semoyeng.” Renee, yo o kileng a nna le batho ba le mmalwanyana, o bolela jaana: “Bangwe ba ke neng ke nna le bone ba ne ba tle ba akantshe gore re bale kgaolo e le nngwe mo Baebeleng bosigo bongwe le bongwe. E re ka batsadi ba me e ne e se Basupi, ga re ise re ko re nne le thuto ya lelapa ya Baebele. Ka jalo, go nna le ‘thuto ya lelapa’ le motho yo ke nnang le ene e ne e le selo se se molemo tota!” Ee, go nna le motho yo o ratang dilo tsa semoya jaaka wena go ka go thusa thata.
Bulelanang Mafatlha
Kopanang pele mme lo bulelane mafatlha. Puisano e e ntseng jalo e ka lo thusa go lemoga gore a botho jwa lona bo a tsamaisana. Se se kgatlhang ke gore, patlisiso e go begilweng ka yone mo lokwalodikgannyeng lwa Communication Research Reports e ne ya senola gore batho ba ba nnang mmogo ba ba nang le mekgwa e e tshwanang ya go tlotla “ba begwa e le batho ba ba kgotsofalelang le go rata go nna mmogo go gaisa botlhe.” Ka jalo, fa o le motho yo o seng ditlhong, yo o ratang go etelana le batho le yo o ratang go tlotla, o ka nna le mathata fa o ka nna le motho yo o ditlhong, yo o sa bueng thata kana yo o ratang go itshelela a le nosi.
Le fa gone o se kitla o dira gore o bue le motho yo o tlileng go nna le wena jaaka e kete o lepodise le le mo botsolotsang, go ka nna molemo go bua le ene ka mekgele e a ipeetseng yone. A o fuduga kwa gaabo ka gonne a batla go gatela pele semoyeng kgotsa a ke fela gore o tshabela maemo mangwe kwa gae? Lynn o tlhalosa bothata jo bongwe jo bo ka nnang jwa tlhaga: “Ke ne ke nna le motho yo o ratanang, mme lekau la gagwe le ne le tlhola le tlile, le eta go fitlha go nna bosigo thata.” Lynn o ne a kgopisiwa ke tsela e e sa siamang e ba neng ba tle ba bontshane lorato ka yone. Mme ka dinako tse dingwe mathata a a ntseng jalo a ka tilwa, fa lo ka ipeela melao mengwe pele ga lo tla go nna mmogo. Ka sekai, Renee a re: “Re ne re ipeetse molao wa gore ga re a tshwanela go etelwa ke basimane fa nako e e rileng e setse e fetile.” Go ka nna molemo fa loobabedi lo ka dumalana gore ope wa lona a se ka a etelwa ke motho wa bong bo sele fa a le nosi mo ntlong.
Gape go ka nna molemo go tlotla ka dilo tse di jaaka tiro ya go itlosa bodutu, dilo tse lo di ratang, le mmino o lo o ratang. Mark a re: “Nka rata go nna le motho yo o ratang dilo tse ke di ratang, yo o nang le botho jo bo tshwanang le jwa me, le yo nna le ene re ratang go dira dilo tse di tshwanang.” Ke boammaaruri gore ga se gore fa lo sa rate dilo tse di tshwanang lo ka se ka lwa kgona go nna mmogo. Selo sa botlhokwa ke gore, Loobabedi lo kgona go fetofetoga le maemo go le kana kang? A loobabedi lo iketleeleditse go itshokelana mo dilong tse lo farologanang ka tsone?
Lee o akantsha jaana: “Gape o tshwanetse go botsa motho yo o tlileng go nna le ene gore o lebeletse eng mo go nneng mmogo ga lona. Batho ba bangwe ba lebeletse gore lo nne ditsala tse di ntshanang seinong. Mme seo ga se se nna ke se batlang.” David le ene a re: “Ke rata go nna le motho yo re dirang dilo mmogo le ene mme e seng gore a batle gore ka metlha re bo re le mmogo.” Mme gape, mmotse gore a o rata gore e nne mopati wa gago mo tirong ya go rera kana a o ikaeletse sengwe se sele, se se jaaka go kopanela le phuthego ya batho ba ba buang puo e sele.
Kwa bofelong, tlhomamisa gore ga o itlhokomolose dilo tse di jaaka go apaya (a mongwe wa lona o itse go apaya?), go thusana ditiro tsa ntlo, go adimana didirisiwa, lefelo la go baya dithoto, fanitšhara le diruiwa. Go tlotla ka dilo tse di ntseng jalo go ka thibela dikgotlhang le go utlwisana botlhoko mo maikutlong. Diane 20:18 ya re: “Dithulaganyo di tlhomamisiwa thata, ka kgakololo.”
“Ka Mokgwa o Montle le ka Thulaganyo”
Molaomotheo o mongwe o o molemo o mo go Luke 14:28, e e reng: “Bala ditshenyegelo.” Ee, leka go bona gore ditshenyegelo tsa bonno jwa lona e tla nna tse di kana kang. Rente e tla nna bokae? Dijo? Metsi le motlakase? A lo tla kopanela founo? Fa go le jalo, lo tla kopanela jang madi a yone? Lynn a re: “Ke ne ke tle ke tlhomamise pele gore a mosetsana yo ke tlileng go nna le ene o tla kgona go duelela bontlhanngwe jwa gagwe jwa ditshenyegelo pele ga ke tla go nna le ene.” Makasine wa The Next Step o nepile fa o re: “Fa motho yo o nnang le ene a sa batle go go thusa go duela rente kana go reka dijo . . . kana a dira gore sekoloto sa metsi le motlakase se nne kwa godimo, o tla go ngomola pelo go sa tlhokege.”
Renee a re: “Ka dinako tse dingwe bothata ga se gore motho yoo o duela bokae, go na le moo, ke gore o duela leng!” O tlhalosa jaana: “Re tshwanetse go duela rente ya rona mo letsatsing la boraro la kgwedi. Mme ka dinako tse dingwe motho yo ke nnang le ene o etela felo gongwe ka mafelobeke a ise a ntshe bontlhanngwe jwa gagwe jwa rente, mme ke tshwanelwa ke go ya go kopa maitshwarelo kwa mothong yo o re hiriseditseng.” Ga go pelaelo gore, go botlhale go dira dilo tsotlhe “ka mokgwa o montle le ka thulaganyo” lo sa tlhokomologe go rulaganyetsa dilo tse di botlhokwa go sa le gale. (1 Bakorintha 14:40) Gantsi go a thusa go kwala ditumalano tsa lona.
Go nna kelotlhoko go ka go thusa go bona motho yo o ka itumelelang go nna le ene e seng yo o tla go opisang tlhogo. Le fa go ntse jalo, go tweng fa go tsoga mathata le dikgotlhang? Setlhogo sa makasine o o latelang se tla tlotla ka dilo tseno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.
^ ser. 5 Bona setlhogo se se reng “Ke ka Ntlha Yang Fa go Le Thata Jaana go Nna le Motho mo Phaposing?” se se tlhagang mo makasineng wa May 08, 2002.
^ ser. 5 E re ka bontsi jwa batho gompieno ba nna mmogo ka mabaka a boitsholo jo bo maswe, re batla go gatelela gore setlhogo seno se bua ka go nna mmogo ga batho ba bong jo bo tshwanang ba ba nnang mmogo ka ntlha ya go batla go somarela madi.
^ ser. 10 Bareri ba nako e e tletseng ba na le tshiamelo ya go nna teng kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela. Gape, go tshwarwa dipokano le bareri ba nako e e tletseng ka nako ya dikopano tsa potologo tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Go kotsi go nna le batho ba ba sa tsheleng go ya ka boitsholo jwa Baebele
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Pele ga o dumela go nna le mongwe, kopanang pele go tlotla ka dilo tsa botlhokwa