Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Lalediwa go Tla Kopanong ya Kgaolo ya “Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi”

O Lalediwa go Tla Kopanong ya Kgaolo ya “Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi”

O Lalediwa go Tla Kopanong ya Kgaolo ya “Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi”

MO AFRIKA BORWA fela, go tlile go nna le dikopano di le 42. Ya ntlha e tla tshwarwa ka November 22-24, mme ya bofelo kwa bowelong jwa December. Nngwe ya dikokoano tseno tse di tsayang malatsi a le mararo—tse gantsi di tshwarwang go tloga ka Labotlhano go fitlha ka Sontaga—go ka direga gore e tla tshwarelwa mo go mongwe wa metse e e gaufi le wena.

Mo mafelong a mantsi dithulaganyo di tla simolola ka mmino ka 9:00 a.m. Mo letsatsing la ntlha, puo e e simololang kopano e tla latelwa ke puo e mo go yone go tla bong go botsolotswa baboledi ba Bogosi. Go tswa foo, morago ga dipuo tse di reng “Itumelele Jehofa Thata” le “Itshupeng Lo na Le Tebogo,” thulaganyo ya mo mosong e tla konelwa ka puo ya setlhogo e e reng, “Baboledi ba Bogosi ba Bolela ka Tlhoafalo.”

Thulaganyo ya Labotlhano thapama e tla akaretsa dipuo tsa neeletsano tsa setlhogo se se reng, “Boporofeti Jwa ga Mika bo re Nonotsha go Tsamaya mo Leineng la ga Jehofa,” le “Nna o Itshekile ka go Dibela Pelo ya Gago,” le e e reng, “Itise Kgatlhanong le Tsietso.” Kwa bofelong go tla neelwa thuso e e molemo e e malebana le bodiredi jwa Bokeresete mo puong ya bofelo ya letsatsi leo, e e reng, “Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri.”

Thulaganyo ya mo mosong ya Matlhatso e tla akaretsa dipuo tse tharo tsa neeletsano tsa setlhogo se se reng, “Baboledi ba Bogosi ba ba Galaletsang Bodiredi Jwa Bone.” Di tla latelwa ke dipuo tse di kgothatsang tse di reng, “Lebaka La go Bo re Tshwanetse go ‘Rapela re sa Kgaotse’” le “Go Tlotla ka Dilo Tsa Semoya go a Aga.” Thulaganyo ya mo mosong e tla konelwa ka puo ya boineelo le kolobetso, e morago ga yone ba ba tshwanelegang ba tla nnang le tshono ya go kolobediwa.

Thulaganyo ya thapama ya Matlhatso e tla nna le dipuo tse tharo tsa neeletsano ya bofelo mo kopanong eno tsa setlhogo se se reng, “Boleng Jwa Tumelo ya Rona bo Lekwa ka Diteko Tsa Methalethale.” Dipuo tseno di tla thusa Bakeresete go fenya kgwetlho ya go nna ba sa tseye letlhakore. Thulaganyo ya Matlhatso e tla konelwa ka puo e e kgothatsang ya konokono mo kopanong, e e reng, “Atamalana le Jehofa.”

Thulaganyo ya mo mosong ya Sontaga e tla bo e bua segolobogolo le basha, e simolola ka dipuo tse di reng, “A o Tshepile Jehofa?” le “Basha—Itireleng Isagwe mo Phuthegong ya ga Jehofa.” Puo ya bofelo mo dipuong tseno e tla nna le dipotsolotso tse di tsayang metsotso e le 20. E tla latelwa ke terama ya moaparo o o feletseng e e kaga Jeremia, yo fa a ne a tlhongwa go nna moporofeti a neng a re, “Ke mosimanyana fela.” (Jeremia 1:6) Morago ga foo, go tla nna le puo e e gatelelang molaetsa wa terama. Mo thulaganyong ya thapama go tla nna le puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng, “Seemo sa Lefatshe Leno se a Fetoga.”

Ga go pelaelo gore o tla kgothadiwa semoyeng fa o ka nna gone mo malatsing otlhe a mararo. Ikgolaganye le Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ya lefelo la lona kana o kwalele bagatisi ba makasine ono go utlwa ka lefelo la kopano le le gaufi le legae la gago.