Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sireletsa Ditsebe Tsa Gago!

Sireletsa Ditsebe Tsa Gago!

Sireletsa Ditsebe Tsa Gago!

“Batho ba feta dimilione di le 120 mo lefatsheng ba na le mathata a go utlwa.”—World Health Organization.

RE TSHWANETSE go tlhokomela mpho e re e filweng ya go utlwa. Le fa go ntse jalo, fa re ntse re gola ga re tlhole re kgona go utlwa sentle. Go bonala mefuta e mentsi ya medumo e e dirwang gompieno e akofisa seno. Rasaense yo mogolo wa Central Institute for the Deaf, kwa St. Louis, Missouri, U.S.A., o ne a re: “Diperesente di ka nna 75 tsa Baamerika ba ba nang le bothata jwa go se utlwe sentle ga ba dirwe jalo ke go tsofala fela mme ba dirwa le ke se ba se dirileng ditsebe tsa bone mo botshelong jwa bone.”

Go reetsa modumo o o kwa godimo thata ka lobaka lo lokhutshwane fela go ka gobatsa dikarolo tse di bosisi tsa karolo e e kwa teng ya tsebe. Le fa go ntse jalo, gantsi go se utlwe sentle go bakwa ke “go fetsa nako e ntsi mo ditirong tse di leratla le mo mafelong a boitlosobodutu a a modumo,” go ne ga rialo mankge wa tsa kutlo e leng, Dr. Margaret Cheesman. Ke eng se o ka se dirang go sireletsa ditsebe tsa gago? Go bona karabo, go ka nna molemo go itse sengwe ka tsela e ditsebe tsa rona di dirang ka yone.

Medumo E re E Utlwang

Go bonala tikologo e re tshelang mo go yone e nna modumo thata. Letsatsi le letsatsi batho ba le bantsi ba lebana le medumo ya leratla le le sa tshwaneng, go tloga ka medumo ya dikoloi, dibese le dillori mo mebileng go ya go medumo e megolo e e sa kgaotseng ya didirisiwa tsa motlakase mo madirelong.

Ka dinako tse dingwe re gakatsa bothata jono ka go oketsa modumo wa dilo tse re di reeditseng. Mokgwa mongwe o o ratwang thata wa go reetsa mmino ke wa go o reetsa ka sereetsamodumo sa ditsebe se se goketsweng mo setshamekadikhaseteng se sennye. Go ya ka Marshall Chasin, mothei wa Lekgotla la Baopedi la Canada, dipatlisiso tse di dirilweng kwa Canada le United States di bontsha gore palo e e ntseng e oketsega ya basha ga e tlhole e utlwa sentle ka ntlha ya go dirisa direetsamodumo tse ba di leletsang kwa godimo.

Mme gone, ke leng go ka teng modumo o kwa godimo thata? Modumo o lekanyediwa ka dilo tse tharo—lobaka lwa one, go boaboelediwa ga one, le bogolo jwa one. Fa go twe lobaka lwa modumo tota go tewa boleele jwa nako e modumo o reeditsweng ka jone. Go boaboelediwa ga modumo kana segalo sa one, se lekanyediwa ka makgetlo a o boaboelediwang ka one mo motsotswaneng mongwe le mongwe, e leng se se bidiwang gore ke hertz. Go boaboelediwa ga modumo go go seng kotsi go tloga ka selekanyo sa 20 go ya go 20 000 mo motsotswaneng mongwe le mongwe.

Segalo sa modumo kana maatla a one a lekanngwa ka se go tweng ke di-decibel (dB). Gantsi fa batho ba itlotlela fela modumo wa teng ke wa di-decibel di ka nna 60. Baithutakutlo ba bolela gore fa motho a nna lobaka lo loleele a reeditse modumo o o fetang wa di-decibel tse 85, go ka direga thata gore a se ka a tlhola a utlwa sentle. Modumo o o kwa godimo thata o gobatsa ditsebe ka bonako. Makasine wa Newsweek o ne wa bega jaana: “Ditsebe tsa gago di ka se direge sepe fa o ka reetsa modumo wa boro ya motlakase (wa 100 dB) ka diura tse pedi, mme go ka se nne jalo fa o ka fetsa metsotso e le 30 mo lefelong le le modumo la metshameko ya dibidio (la modumo wa 110 dB). Nako le nako fa o oketsa modumo ka di-decibel di le 10 seo se oketsa leratla le le gobatsang tsebe ka makgetlo a le 10.” Diteko tse di dirilweng di a tlhomamisa gore modumo o ka gobatsa ditsebe fa e le wa bogolo jwa di-decibel di ka nna 120. Selo se se gakgamatsang ke gore, diseterio dingwe tsa mo gae di ka tlhagisa modumo wa di-decibel di feta 140!—Bona lebokoso le le mono.

Mma re sekaseke se se diregang mo tsebeng fa modumo o tsena mo go yone e le gore o tle o kgone go tlhaloganya kafa modumo o o kwa godimo o ka gobatsang ditsebe ka teng.

Se se Diregang mo Ditsebeng

Popego ya karolo e e kwantle ya tsebe, e e bidiwang gore ke auricle, kana pinna, e dirilwe ka tsela ya gore e kgone go kgobokanya modumo e bo e o fetisetsa mo moseleng wa tsebe gore o fetele kwa moropeng wa tsebe. Fa modumo ono o fitlha mo moropeng wa tsebe o dira gore o rorome mme one o bo o roromisa marapo a mararo a a mo karolong e e fa gare ya tsebe. Morago ga moo, go roroma goo go fetisediwa mo karolong e e kwa teng ya tsebe, e e leng kgetsana e e nang le seedi e e mo teng ga lerapo. Jaanong modumo wa go roroma gono o elela le seedi se se fitlhelwang mo karolong e e bopegileng jaaka kgopa e e mo bogareng jwa tsebe e e bidiwang cochlea e e nang le meritshana. Seedi seno se se fitlhelwang mo teng ga cochlea se dira gore karolo e e kwa godimo ya meritshana eno e tlhagise melaetsa. Go tswa foo melaetsa eno e tla bo e fetela kwa bobokong, mme boboko bo fitlha bo e fetola go nna modumo.

Karolo ya boboko e e dirisanang le maikutlo e thusa boboko go swetsa gore bo tseye tsia medumo efe le gore bo tlhokomologe efe. Ka sekai, gantsi mmè a ka nna a se ka a utlwa medumo e e tlwaelegileng ya fa ngwana a tshameka, mme o nna bonako go utlwa fa ngwana a opa mokgosi. Go kgona go utlwa ka ditsebe tse pedi go re thusa go utlwa mo seteriong, e leng selo se se molemo thata. Go re thusa go lemoga koo medumo e tlhagang e le gone. Le fa go ntse jalo, fa modumo e le wa puo, boboko bo kgona go tlhaloganya molaetsa o le mongwe fela ka nako. Buka ya The Senses e bolela jaana: “Ke ka moo fa motho a buisana le yo mongwe mo mogaleng, a sa kgoneng go utlwa se motho yo o fa thoko ga gagwe a se buang.”

Kafa Leratla le Gobatsang Ditsebe ka Gone

Akanya ka papiso eno gore o lemoge kafa medumo e e kwa godimo e ka gobatsang ditsebe ka gone. Pego nngwe ya pabalesego ya badiri e tshwantsha meritshana e e mo karolong e fa gare ya tsebe le korong mo masimong mme modumo o o tsenang mo tsebeng e o tshwantsha le phefo. Fela jaaka modumo o o kwa tlase, pheswana e e iketlileng e ka tshikinya korong go se kae, kwa ntle ga go e gobatsa. Le fa go ntse jalo, phefo e e maatla e ka oketsa kgatelelo mo lotlhakeng lwa korong. Fa go ka runya phefo e e maatla thata kana ga foka diphefo tse di motlhofo mme e le tse di fokang lobaka lo loleele go ka gobatsa lotlhaka lwa korong kana ga e bolaya.

Go direga se se tshwanang ka modumo le meritshana e e bosisi e e mo karolong e e fa gare ya tsebe. Leratla le legolo le ka gagola ditogwa tsa karolo e e fa gare ya tsebe mme go sa le go na le mabadi a a ka dirang gore motho a se ka a tlhola a utlwa sentle. Mo godimo ga moo, modumo o o kotsi o o tsayang lobaka lo loleele o ka gobatsa meritshana ya karolo e e fa gare ya tsebe. Fa e setse e gobetse ga e kgone go tlhola e iphodisa. Seno se ka felela ka gore motho a utlwe go na le medumonyana mo teng ga tsebe ya gagwe.

Sireletsa Ditsebe Tsa Gago

Le fa go ka direga gore motho a se ka a utlwa mo ditsebeng ka ntlha ya go gotsa batsadi kana ka ntlha ya go tlhagelwa ke kotsi nngwe, re ka kgona go tsaya dikgato tse di ka sireletsang ditsebe tsa rona. Go ka re solegela molemo fa re ithuta go sa le gale dilo tse di ka gobatsang ditsebe tsa rona. Go ntse fela jaaka moithutakutlo mongwe a ile a re, “go letla bothata jono bo tlhaga pele ga o tsaya dikgato ka jone go tshwana le go tshasa setlolo se se thibelang go baboga ga letlalo morago ga o sena go fisiwa ke letsatsi.”

Gantsi bothata bo bakwa ke kafa re reetsang ka gone e seng se re se reetsang. Ka sekai, fa o dirisa sereetsamodumo sa seterio, o ka batla go se bulela ka modumo o o lekaneng sentle o o ka go dirang gore o kgone go utlwa medumo e mengwe. Fa seterio sa koloi kana sa ntlo se buletswe kwa godimo mo o sa kgoneng go utlwa batho ba bangwe fa ba bua, seo se ka bontsha gore modumo wa sone o kwa godimo thata mo o ka gobatsang ditsebe tsa gago. Bomankge ba tlhagisa gore go reetsa modumo wa di-decibel tse 90 ka diura tse pedi kana tse tharo go ka gobatsa ditsebe. Ba akantsha gore motho a ithibe ditsebe kana a dirise dilo tse dingwe tse di sireletsang ditsebe fa a le mo lefelong le le leratla.

Batsadi ba tshwanetse go se lebale gore bana ba ka gobala ditsebe thata go feta bagolo. Ba se lebale gore ditshamekisi tse di leratla di ka nna kotsi. Ebu, ditshamekisi dingwe di ka tlhagisa modumo wa di-decibel di ka nna 110!

Ditsebe tsa rona ke dirwe tse di bosisi, tse dinnye le tse di gakgamatsang. Di re thusa go utlwa medumo ya mefuta yotlhe le e e monate. Ruri re tshwanetse go sireletsa mpho eno e e re thusang go utlwa.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

Selekanyo sa Di-decibel sa Medumo Mengwe e e Tlwaelegileng

• Go hema—di-decibel tse 10

• Go sebaseba—di-decibel tse 20

• Go tlotla—di-decibel tse 60

• Pharakano e e tlhanaselang—di-decibel tse 80

• Motšhine o o silang dijo—di-decibel tse 90

• Modumo wa terena—di-decibel tse 100

• Saga ya motlakase—di-decibel tse 110

• Sefofane sa jete—di-decibel tse 120

• Modumo wa tlhobolo—di-decibel tse 140

[Lebokoso mo go tsebe 14]

O ka Tswa o sa Tlhole o Utlwa Sentle fa O

• Oketsa modumo wa radio kana thelebishine mme batho ba bangwe bone ba utlwa e tlhodia

• Fa nako le nako o kopa ba bangwe gore ba boeletse se ba se buang

• Fa gangwe le gape o sosobanya sefatlhego kana o inamela kwa pele go atamela motho yo o buang le wena

• Fa o sa kgone go utlwa sentle mo dikokoanong kana fa go na le modumonyana kwa morago, o o jaaka fa go le mo kokoanong ya maitiso kana mo lebenkeleng le le tlhanaselang

• Fa gantsi o botsa batho ba bangwe gore go ne go tweng

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

“Auricle”

Marapo a mararo mo bogareng jwa tsebe

Moropa wa tsebe

“Cochlea”

Ditshikana tse di yang bobokong