Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bokgoba—Bo sa Ntse bo le Gone

Bokgoba—Bo sa Ntse bo le Gone

Bokgoba—Bo sa Ntse bo le Gone

A BOKGOBA bo fedile? Batho ba bantsi ba ne ba ka rata kgopolo eo. Lefoko leno ka bolone le dira gore batho ba akanye ka bosetlhogo le go gatelelwa. Le fa go ntse jalo, mo bathong ba le bantsi megopolo eo ke ya dilo tse di fetileng. Ka sekai, bangwe ba akanya ka dikepe tse di neng di rwala makgoba makgolokgolo a dingwaga a a fetileng—tse di neng di tletse ka batho ba bantsi ba ba tshogileng, ba pitlagane e bile ba le mo maemong a a leswe tota.

Gone ke boammaaruri gore, ga go tlhole go na le dikepe tse di ntseng jalo e bile ditumalano tse gompieno di dirilweng ke dinaga tse dintsi di thibela mofuta o o ntseng jalo wa bokgoba. Le fa go ntse jalo, bokgoba bo sa ntse bo le gone. Mokgatlho wa ditshwanelo tsa batho wa Anti-Slavery International o bolela fa go sa ntse go na le dimilione di le 200 tsa batho ba ba mo mofuteng mongwe wa bokgoba. Ba bereka mo maemong a a ka tswang a le maswe go feta a makgoba a nako e e fetileng. Tota e bile, babatlisisi bangwe ba akanya gore “gompieno go na le batho ba le bantsi ba ba mo bokgobeng go feta nako epe fela mo hisitoring.”

Dipego ka ga makgoba ano a segompieno di utlwisa botlhoko tota. Kanji, * yo o nang le dingwaga di le lesome fela, letsatsi le letsatsi o disa dikgomo tse beng ba tsone ba mo tshwarang makgwakgwa le go mo itaya ka metlha. O tlhalosa jaana: “Fa ke le lesego ke fiwa lenathwana la senkgwe se se omeletseng, mme gantsi ke fetsa letsatsi lotlhe ke sa je. Ga ke ise nke ke duelelwe tiro ya me ka gonne ke lekgoba la bone e bile ke thoto ya bone. . . . Bankane ba me ba tshameka le bana ba bangwe, mme ke bona go le botoka go swa go na le go tshela botshelo jono jo bo hutsafatsang.”

Fela jaaka Kanji, gantsi makgoba a gompieno ke bana kana basadi. Ba patelediwa go bereka boima ba dira dikhapete, ba aga ditsela, ba roba lotlhaka lwa sukiri, kana ba dirwa diaka. Ba ka rekisiwa ka madi a mannye a a kana ka diranta di le 120. Bana bangwe ba rekisiwa ke batsadi ba bone go nna makgoba gore ba duele dikoloto.

A dipego tse di ntseng jalo di a go galefisa? Ga se wena fela yo o ikutlwang jalo. Kevin Bales yo e leng mokwadi, o akgela jaana mo bukeng ya gagwe ya Disposable People: “Bokgoba ke selo se se bosula. Ga se fela go berekisa motho mahala; ke go mo amoga botshelo jotlhe jwa gagwe.” Ka ntlha ya bosetlhogo jwa motho mo go yo mongwe, tota re na le lebaka lefe la go akanya gore bokgoba bo tla tsamaya bo fela? Potso eno e go ama thata go feta kafa o ka akanyang ka teng.

Jaaka fa re tla bona, go na le mefuta e e farologaneng ya bokgoba. Mefuta mengwe ya jone e ama mongwe le mongwe yo o tshelang. Ka gone rotlhe re batla go itse gore a go tla tsamaya go direga gore batho botlhe ba gololesege ka tsela ya mmatota. Mma pele re sekaseke ka bokhutshwane hisitori ya go gweba ka makgoba.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Leina la gagwe le fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Basadi le bana ba ba humanegileng ga ba bolo go nna ba dirwa makgoba

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Top photo: UN PHOTO 148000/Jean Pierre Laffont

U.S. National Archives photo