Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Sirelediwa ke Mapodise—Ditsholofelo le Dipoifo Tsa Gone

Go Sirelediwa ke Mapodise—Ditsholofelo le Dipoifo Tsa Gone

Go Sirelediwa ke Mapodise—Ditsholofelo le Dipoifo Tsa Gone

BATHO ba le bantsi ba Engelane mo masimologong a lekgolo la bo19 la dingwaga ba ne ba gana kgang ya gore go nne le mapodise a a katisitsweng le a a aparang diaparo tse di kgethegileng. Ba ne ba boifa gore mapodise a a tsholang ditlhobolo a a laolwang ke puso a ne a ka dira gore ba se ka ba tshela ka kgololesego. Bangwe ba ne ba boifa gore go ne go tla felela ka gore go nne le mapodise a ditlhodi a a tshwanang le a Fora mo motlheng wa ga Joseph Fouché. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tshwanelwa ke go ipotsa gore, ‘A re ka kgona go tshela re se na mapodise?’

Lontone e ne e sa tswa go nna motse o mogolo le o o humileng go gaisa yotlhe mo lefatsheng; bokebekwa bo ne bo oketsega e bile bo kgoreletsa dikgwebo. Tota le batho ba ba neng ba disa bosigo le fa e le maotlana a a neng a thapetswe go tshwara magodu, a a neng a itsege ka leina la Bow Street Runners, a ne a sa kgone go sireletsa batho le dithoto tsa bone. Clive Emsley o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya The English Police: A Political and Social History: “Gantsi bokebekwa le tlhakatlhakano di ne di tsewa e le dilo tse di sa tshwanelang go nna gone mo setšhabeng se se tlhabologileng.” Ka jalo batho ba Lontone ba ne ba solofela gore dilo di tla ba tsamaela sentle mme ba dira tshwetso ya gore go tlhongwe mapodise a a katisitsweng a a okametsweng ke Sir Robert Peel. Ka September 1829, Mapodise a Metropolitan a a aparang diaparo tse di kgethegileng a ne a simolola tiro ya one.

Fa e sa le ka nako ya fa mapodise a simolola go nna teng, kgang ya bone e ile ya dira gore batho ba nne le tsholofelo le poifo—tsholofelo ya gore ba tla sireletsa batho le poifo ya gore ba ka nna ba se ka ba dirisa taolo ya bone sentle.

Tshimologo ya Mapodise a Amerika

Kwa United States, New York City e ne ya nna motse wa ntlha go nna le mapodise a a katisitsweng. Fa motse o ntse o huma go ya pele, bokebekwa le jone bo ne jwa oketsega. Ka bo1830, lelapa lengwe le lengwe le ne le kgona go bala dipego tse di tshosang tsa bokebekwa tse di neng di gatisiwa mo makwalodikgannyeng a masha a a tlhwatlhwatlase. Batho ba ne ba simolola go ngongorega, mme New York ya nna le mapodise ka 1845. Fa e sa le go tloga ka nako eo, baagi ba New York ba ntse ba kgatlhegela go itse ka mapodise a Lontone mme le ba Lontone ba ntse ba kgatlhegela go itse ka a New York.

Baamerika ba ne ba na le maikutlo a a tshwanang le a Baesemane a go boifa go nna le mapodise a a tsholang ditlhobolo a a laolwang ke puso. Le fa go ntse jalo, dinaga tseno ka bobedi di ne tsa tlhaga ka ditharabololo tse di sa tshwaneng. Baesemane ba ne ba tlhopha go nna le mapodise a a pelonomi a a rwalang dikokoro tse ditelele, a a aparang diaparo tse di pududu. Ba ne ba tsamaya ba tshotse fela thobanyane e khutshwane e ba neng ba e fitlha. Go fitlha le gompieno mapodise a Boritane a sa ntse a sa tshole ditlhobolo ntle le fa go ka tlhaga maemo a tshoganyetso. Mme gone, fela jaaka pego nngwe e bolela, “go ntse go nna le maikutlo a a ntseng a gola a gore . . . go ise go ye kae go tla tlhokega gore mapodise a Boritane a tshole ditlhobolo.”

Mme poifo ya batho ba United States ya gore puso e ka nna ya se ka ya dirisa taolo ya yone sentle e ile ya dira gore go nne le Phetogo ya Bobedi mo Molaotheong wa United States, e e tshegetsang “tshwanelo ya batho ya go tshola Dibolao.” Seo se ne sa dira gore mapodise a batle go nna le ditlhobolo. Fa nako e ntse e ya, go ne ga simolola ga tlwaelega gore mapodise a Amerika a hulane le dikebekwa mo mebileng. Lebaka le lengwe le le neng le rotloetsa boikutlo jo Baamerika ba neng ba na le jone ka kgang ya go tshola ditlhobolo ke gore mapodise a ntlha a United States a ne a simologa ka nako ya fa maemo a ne a farologane thata le a kwa Lontone. New York e ne ya fetoga lefelo le le tletseng dikhuduego fa palo ya baagi ba teng e ntse e oketsega. Go fudugela koo ga diketekete tsa bafaladi ba bontsi jwa bone ba neng ba tswa kwa Yuropa le ga Baafrika ba Amerika morago ga gore go runye Ntwa ya Semorafe ka 1861-65, go ne ga dira gore go nne le thubakanyo ya semorafe. Mapodise a ne a bona go tshwanela gore ba simolole go dirisa mekgwa e e gagametseng.

Ka gone, gantsi mapodise a ne a tsewa a tlhokega le fa gone a ne a sa ratiwe. Gangwe le gape batho ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela dilo tse ba sa dumalaneng le tsone ka tsholofelo ya gore go tla nna le selekanyo se se rileng sa tolamo le tshireletsego. Le fa go ntse jalo, mo dikarolong dingwe tsa lefatshe go ne ga tlhaga mofuta o o farologaneng wa mapodise.

Mapodise a a Boifiwang

Fa lekgolo la bo19 la dingwaga le simologa, ka nako ya fa mapodise a segompieno a ne a simolola go ata, bontsi jwa batho ba ne ba ntse ba busiwa ke mebuso ya Yuropa. Gantsi mapodise a Bayuropa a ne a tlhongwa gore a sireletse babusi go na le go sireletsa batho. Tota le batho ba Boritane ba ba neng ba gana gore kwa nageng ya bone go nne le mapodise a a tsholang ditlhobolo, a a itshwarang jaaka masole, go ne go bonala ba se na bothata jwa gore go nne le mapodise a a itshwarang jaaka masole kwa dinageng tse dingwe tse ba di busang. Rob Mawby a re mo bukeng ya gagwe ya Policing Across the World: “Mo masomeng otlhe a dingwaga a dipuso tsa dikolone di busitseng ka one, go ile ga nna le ditiragalo tse dintsi tse mo go tsone mapodise a neng a le setlhogo, a tsietsa, a dirisa dikgoka, a bolaya e bile a sa dirise taolo ya one sentle.” Fa yone buka eno e sena go tlhalosa gore go na le melemo mengwe e mapodise a dipuso tsa dikolone a neng a e tlisa, e oketsa ka go re seo se ne sa dira gore “mo lefatsheng lotlhe go tsewe tiro ya mapodise e le ya go sireletsa puso mme e seng go direla setšhaba.”

Dipuso tsa bokgokgontshi gantsi di ne di dirisa mapodise a sephiri go baya baagi ba tsone leitlho ka gonne di ne di tshaba gore go tla nna le botsuolodi. Mapodise ao a ne a senka tshedimosetso mo bathong ka go ba tlhokofatsa e bile a ne a bolaya batho ba a neng a ba tsaya e le batsuolodi kana a ba latlhela mo kgolegelong ba sa sekisiwa. Banasi ba ne ba dirisa Ba-Gestapo, puso ya Soviet Union e ne e dirisa Ba-KGB, mme puso ya Jeremane Botlhaba yone e ne e dirisa Ba-Stasi. Selo se se gakgamatsang ke gore Ba-Stasi ba ne ba tlhoma mapodise a le 100 000 mme gape go ka direga gore ba ne ba na le ditlhodi di feta halofo ya milione go laola baagi ba ka nna dimilione di le 16. Ka metlha mapodise a ne a tlhola a reeditse batho fa ba tlotla ka founo mme ba kwala dipego ka maina a mo e ka nnang sephatlo sa palo yotlhe ya baagi. John Koehler o ne a bua jaana mo bukeng ya gagwe ya Stasi: “Ba-Stasi ba ne ba sa thibelwe ke sepe e bile ba ne ba se ditlhong. Puso e ne e dirisa baruti ba le bantsi go akaretsa le balaodi ba bagolo ba dikereke tsa Porotesetanta le Katoliki go nna ditlhodi. Diofisi tsa bone le mafelo a bone a go neng go ipolelwa maleo mo go one a ne a tsentswe digatisamantswe.”

Le fa go ntse jalo, mapodise a a boifiwang a ne a sa fitlhelwe fela mo dipusong tsa bokgokgontshi. Le kwa mafelong a mangwe mapodise a ditoropo tse dikgolo a ne a tle a latofadiwe ka gore a tsenya batho poifo fa a simolola go dirisa mekgwa e e makgwakgwa thata ya go diragatsa molao, segolobogolo fa a dira jalo mo bathong ba ditlhotshwana tse dinnye. Fa makasine mongwe o ne o bega ka tiragalo nngwe e e tlhabisang ditlhong e e diragetseng kwa Los Angeles, e ne ya bolela gore tiragalo eno “e bontsha kafa boitshwaro jo bo maswe jwa mapodise bo setseng bo feteletse ka teng mme e bile bo setse bo dirile gore go nne le se go tweng ke: mapodise a dikebekwa.”

Ka gone, balaodi ba ntse ba ipotsa gore, Ke eng se mafapha a sepodise a ka se dirang go tokafatsa tsela e a tsewang ka yone? Mafapha a le mantsi a sepodise a ile a leka go gatelela thata go dira ditiro tse di amanang le go thusa baagi ka maiteko a go bontsha fa tiro ya bone e amana le go thusa setšhaba.

Tsholofelo ya go Nna le Sepodise se se Thusanang le Setšhaba

Dinaga di le dintsi di ile tsa kgatlhegela sepodise sa Japane se se sa bolong go nna teng se se thusanang le setšhaba. Ka tlwaelo mapodise a Japane a dira a le ditlhopha tse dinnye tse di refosanang go tswa mo diteisheneng tse dinnye tse di tlhokometseng karolo e e rileng. Frank Leishman, yo e leng motlhatlheledi wa dithuto tse di kaga bokebekwa kwa Boritane mme a nnile lobaka lo loleele kwa Japane a re: “Ditiro tse dintsi tsa botsalano tse mapodise a koban a di direlang batho di itsege thata: ba thusa batho go bona mafelo a ba a batlang mo mebileng ya Japane e bontsi jwa yone e se nang maina; ba adima batho ba ba tshwereng ke pula dikhukhu tse di latlhegileng tse beng ba tsone ba sa tlang go di tsaya; le go tlhomamisa gore borakgwebo ba ba tagilweng ga ba siiwe ke terena ya bofelo ya go ya gae; le go rarabolola ‘mathata a baagi.’” Sepodise sa Japane se se thusanang le setšhaba ke sone se dirileng gore e itsege e le naga e e nang le mebila e motho a ka tsamayang a babalesegile mo go yone.

A mofuta ono wa sepodise o ka nna le matswela mo mafelong a mangwe? Baithuti bangwe ba tsa bokebekwa ba ne ba simolola go ithuta sengwe mo go jone. Kgatelopele ya segompieno mo go tsa tlhaeletsano e na le go dira gore mapodise a katogane le batho. Mo metseng e le mentsi gompieno, gantsi tiro ya mapodise go lebega e le go thusa fela mo maemong a tshoganyetso. Ka dinako dingwe go bonala ba sa tlhole ba sekametse thata mo go thibeleng bokebekwa jaaka pele. Ka ntlha ya seno, metse e le mentsi e boetse gape mo mokgweng wa go itlhomela balebeledi ba motse.

Balebeledi ba Motse

Dewi, yo e leng lepodise o bolela jaana ka tiro ya gagwe kwa motseng wa Wales: “Go tlhoma balebeledi ba motse go a atlega; go fokotsa bokebekwa. Go kaya go rulaganya batho gore ba sireletsane. Re epa dipitso tse di thusang baagisani go itsane, go bolelelana maina le dinomore tsa difouno, le go sekaseka ditsela tsa go thibela bokebekwa. Ke itumelela tiro eno ka gonne e tsosolosa moya wa boagisani. Gantsi o fitlhela batho ba sa itse baagisani ba bone. Leano leno le a atlega ka gonne le dira gore batho ba nne kelotlhoko.” Seno gape se thusa gore batho ba dirisane sentle le mapodise.

Maiteko a mangwe a a dirilweng ke go kgothaletsa mapodise gore a nne pelotlhomogi fa a dirisana le batswasetlhabelo. Jan van Dijk yo o ithutang ka batswasetlhabelo yo o itsegeng wa Mo-Dutch o ne a kwala jaana: “Mapodise a tshwanetse go rutiwa gore maitseo a bone fa ba buisana le batswasetlhabelo a botlhokwa thata fela jaaka maitseo a ngaka fa e buisana le balwetse.” Mo mafelong a le mantsi mapodise a sa ntse a tsaya gore thubakanyo ya mo lelapeng le go betelela ga se tlolomolao. Mme gone, Rob Mawby o bolela jaana: “Tsela e mapodise a lebang thubakanyo ya mo lelapeng le go betelela ka yone e tokafetse thata bosheng jaana. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le mo ba ka tokafatsang teng.” Tsela e nngwe e mapodise otlhe a ka tokafatsang dilo mo go yone ke mo kgannyeng ya go se dirise taolo sentle.

Go Boifa Mapodise A a Sa Ikanyegeng

Ka dinako tse dingwe go lebega go sa utlwale gore batho ba ikutlwe ba sireleditswe ke mapodise, segolobogolo fa ba utlwa ka tsela e mapodise a tsietsang ka yone. Dipego tse di ntseng jalo e sa le di nna teng fa e sa le mapodise a simolola go nna teng. Fa buka ya NYPD—A City and Its Police e bua ka ngwaga wa 1855, e ne ya tlhalosa “maikutlo a batho ba New York ba neng ba na le one a gore go ne go nna thata go farologanya dikebekwa le mapodise.” Buka ya Faces of Latin America, ya ga Duncan Green, e bega gore mapodise a koo “a itsege ka tsietso, go sa dire tiro sentle, le go itlhokomolosa ditshwanelo tsa batho.” Molaodimogolo wa mapodise a le 14 000 a Latin America o ne a re: “O ka lebelela eng fa lepodise le amogela madi a a kwa tlase ga [R1 200] ka kgwedi? A direng fa a fiwa pipamolomo?”

Bothata jono jwa tsietso bo masisi go le kana kang? Karabo e ikaegile ka gore o botsa mang. Lepodise lengwe la kwa Amerika Bokone le le feditseng dingwaga di le dintsi le paterola motse wa baagi ba le 100 000 o araba jaana: “Ga go pelaelo gore go na le mapodise a se kae a a sa ikanyegeng, mme gone bontsi bo a ikanyega. Ke kafa ke bonang dilo ka teng.” Ka fa letlhakoreng le lengwe, motlhatlhobi mongwe wa bokebekwa yo o nang le dingwaga tse 26 a dira kwa nageng e nngwe o araba jaana: “Ke tsaya tsietso e le selo se se diregang mo lefatsheng lotlhe. Ga se mapodise a le mantsi a a ikanyegang. Fa lepodise le phuruphutsha ntlo nngwe mme le fitlhela madi mo go yone, go ka direga gore le itseele one. Fa le fitlhela dilo tse di neng di utswilwe, le tla ipolokela bontlhanngwe jwa tsone.” Ke eng fa mapodise mangwe a sa ikanyege?

Bangwe ba simolola ba ikanyega mme morago ba ineelele go tlhotlhelediwa ke badiri ka bone ba ba sa ikanyegeng le ke go se ikanyege ga dikebekwa tse ba kopanang le tsone. Buka ya What Cops Know e nopola lepodise lengwe la kwa Chicago le re: “Mapodise a itse bokebekwa sentle ka gonne ba kopana le jone ka metlha. Ba ema mo go jone. Ba tshwaratshwarana le jone . . . ba a bo latswa . . . ba a bo dupa . . . ba a bo utlwa . . . ba patelesega go bo tshwara.” Go amana thata jalo le jone go ka ba tlhotlheletsa ka tsela e e sa siamang.

Le fa tiro ya mapodise e re solegela molemo, e na le mathata. A re ka solofela sengwe se se botoka?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8]

“Ruri Boritane E na Le Mapodise a a Molemo!”

Boritane e ne ya nna yone naga ya ntlha go nna le mapodise a a katisitsweng. Ba ne ba batla gore dilo di dirwe ka thulaganyo mo setšhabeng sa bone—fela jaaka thulaganyo ya bone e e maatlametlo ya dipalangwa. Ka 1829 Sir Robert (Bobby) Peel, yo e neng e le Mookamedi wa Lefapha la Merero ya Selegae, o ne a tlhotlheletsa Palamente gore e dumele go tlhoma Sepodise sa Metropolitan sa Lontone, se ntlokgolo ya sone e neng e le kwa Scotland Yard. Le fa kwa tshimologong batho ba ne ba sa rate mapodise ano ka gonne a ne a tsaya dikgato tse di gagametseng go tshwara matagwa le batho ba ba betšhang mo mebileng, fa nako e ya batho ba ne ba simolola go a rata.

Ka 1851, Lontone e ne ya nna motlotlo go laletsa lefatshe go tla Dipontshong Tse Dikgolo go tla go bona katlego ya madirelo a Boritane. Baeti ba ne ba gakgamadiwa ke go bona kafa mebila e neng e na le tolamo ka teng le gore go ne go se na matagwa, diaka le batho ba ba ebelang mo mebileng. Mapodise a ne a laola boidiidi jwa batho ka manontlhotlho, ba thusa baeti ka merwalo, ba thusa batho go kgabaganya mebila, e bile ba tseela basadibagolo kwa dikoloing tse di rwalang baeti. Ga go gakgamatse go bo batho ba Boritane le baeti ba ba tswang dinageng di sele ba ile ba utlwiwa ba re, “Ruri Boritane e na le mapodise a a molemo!”

Go ne go bonala ba atlega mo go thibeleng bokebekwa thata jaana mo ka 1873 lepodise le legolo la Chester le neng la akanya gore go tlile go tla nako e bokebekwa bo tla bong bo seyo ka yone! Mapodise a ne a simolola go rulaganya le ditirelo tsa diembulense le tsa ditimamolelo. Ba ne ba simolola go tlhoma ditirelo tsa go thusa batlhoki tse di neng di abela bahumanegi ditlhako le diaparo. Bangwe ba ne ba rulaganya dikokoano tsa go ruta basimane, ba rulaganya maeto le go aga magae a malatsi a boikhutso.

Ke boammaaruri gore sepodise seno se sesha se ne se na le bothata jwa gore mapodise mangwe a ne a tsietsa le go nna setlhogo mo bathong. Mme gone, bontsi jwa bone ba ne ba le motlotlo go boloka tolamo kwantle ga go dirisa dikgoka. Ka 1853 mapodise a kwa Wigan, kwa Lancashire, a ne a tshwanelwa ke go lebana le dikhuduego tsa badiri ba meepo ba ba neng ba ngadile tiro. Sajene yo o pelokgale yo o neng a okametse mapodise a le lesome fela o ne a gana go dirisa ditlhobolo tsa mong wa moepo. Selo se se bontshang boikutlo jo bo neng bo le gone ka nako eo ke lekwalo le le neng la amogelwa ke Hector Macleod ka 1886 fa a ne a tsenela tiro ya sepodise jaaka rraagwe. Le tlhalosa jaana go ya ka tsela e le nopotsweng ka yone ke The English Police: “Fa o le makgwakgwa batho ba ka se go rate . . . Dilo tse batho ba di tlhokang ke tsone di tlang pele ka gonne o modiredi wa setšhaba yo o tlhomilweng ka nakwana, mme ke boikarabelo jwa gago go se itumedisa le go itumedisa mookamedi wa gago.”

Hayden, yo e leng motlhatlhobi yo o rotseng tiro wa Sepodise sa Metropolitan a re: “Re ne re rutiwa gore ka metlha re nne le boikgapo ka gonne mapodise a kgona go atlega fa a thusana le setšhaba. Mapodise a le mantsi a ne a se ke a dirisa dithobanyane tsa bone tsa go itshireletsa mo dingwageng tsotlhe tsa tiro ya bone, ntle le fa go ne go tlhokega.” Selo se sengwe se se neng se dira gore mapodise a Boritane a ratwe, e ne e le thulaganyo ya thelebishene e e rategang thata e e bidiwang Dixon of Dock Green, e e neng ya tshameka ka dingwaga di le 21, e e kaga lepodise le le ikanyegang le le neng le itse batho botlhe ba motse wa lone. Go ka direga gore e ile ya kgothaletsa mapodise go itshwara sentle, mme ga go pelaelo gore e ne e rotloetsa batho ba Boritane go rata mapodise a bone.

Dilo di ne tsa fetoga kwa Boritane ka bo1960, fa boikutlo jono jwa go nna motlotlo ka naga ya bone bo ne bo fetoga go nna jwa go se ikanye bolaodi. Ka bo1970, dipego tsa gore mapodise mangwe a a tsietsa le gore a na le tlhaolele di ne tsa senya leina le lentle le ba neng ba na le lone, le fa ba ne ba dira maiteko a go gapa dipelo tsa batho ka go tlhoma thulaganyo ya balebeledi ba motse. Bosheng fela jaana, morago ga gore mapodise a le mmalwa a latofadiwe ka gore a na le tlhaolele le gore a na le go tshwara batho ka go dirisa bosupi jwa maaka, ba ne ba leka ka natla go tokafatsa maemo.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph above: http://www.constabulary.com

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]

A ke Kgakgamatso ya Kwa New York?

Go ka nna le matswela a a molemo fa mapodise a dira maiteko a a kgethegileng. New York ga e bolo go tsewa e le nngwe ya ditoropo tse di kotsi thata mo lefatsheng, mme ka dingwaga tsa bo1980, go ne go lebega fa mapodise a teng a a neng a setse a nyemile moko a ne a sa tlhole a kgona go laola bokebekwa. Go tlhaela ga madi go ne ga dira gore puso e palelwe ke go duela mapodise e bo e a fokotse. Bagwebi ba diokobatsi ba ne ba simolola go ata, mme seno sa oketsa thubakanyo. Batho ba ba neng ba nna mo gare ga toropo gantsi ba ne ba utlwa medumo ya ditlhobolo fa ba ya go robala. Go ne ga nna le dikhuduego tse dikgolo tsa bomorafe ka 1991, mme mapodise le one a ne a rulaganya mogwanto go ntsha dingongorego tsa bone.

Le fa go ntse jalo, mookamedi yo mosha wa mapodise o ne a rotloetsa mapodise a a kafa tlase ga gagwe, a kopana le bone ka metlha go sekaseka se ba ka se dirang mo go lengwe le lengwe la mafelo a ba a tlhokometseng. James Lardner le Thomas Reppetto mo bukeng ya bone ya NYPD ba tlhalosa jaana: “Balaodi ba mafelo a a kafa tlase ga tlhokomelo ya mapodise ba ne ba tlhola ba bala ka ga baokamedi ba matseka mmogo le baokamedi ba Lefapha la Diokobatsi mo makwalodikgannyeng fela. Jaanong ba ne ba kopana mmogo mo dikokoanong tse di neng di tsaya diura di se kae.” Palo ya bokebekwa e ne ya simolola go fokotsega. Pego e bontsha gore dipolao di ne tsa fokotsega ka iketlo go tloga go di le 2 000 ka 1993 go ya go di le 633 ka 1998—e leng palo e e kwa tlase thata mo dingwageng tse 35. Baagi ba New York ba ne ba tsaya seno e le kgakgamatso. Bokebekwa jo bo begilweng dingwaga di le robedi tse di fetileng bo fokotsegile ka diperesente di le 64.

Ke eng se se neng sa dira gore maemo a tokafale? The New York Times ya January 1, 2002, e ne ya bolela “fa go dirisa khomputara go lebelela dipalopalo tsa bokebekwa beke le beke mo mafelong ka go farologana e le gone go thusitseng gore go lemogiwe le gore go tsibogelwe bothata bo sa ntse bo simologa.” Bernard Kerik yo pele e neng e le mokomishinara wa mapodise o ne a bolela jaana: “Re ne re lebelela gore bokebekwa bo ne bo direga kae gantsi, le gore ke eng fa bo ne bo direga, re bo re rulaganya mapodise sesha go netefatsa gore mafelo ao a neelwa tlhokomelo e kgolwane. Ke gone ka moo o ka fokotsang bokebekwa ka gone.”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Seteishene sa mapodise kwa Japane

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Mapodise a pharakano kwa Hong Kong

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Mapodise a tlhokometse babogedi ba kgwele ya dinao kwa Engelane

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ditiro tsa mapodise di akaretsa go thusa batho ba ba tlhagetsweng ke dikotsi