Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ntwa E e Sa Bolong go Lowa go Fedisa Bokgoba

Ntwa E e Sa Bolong go Lowa go Fedisa Bokgoba

Ntwa E e Sa Bolong go Lowa go Fedisa Bokgoba

“Go nna lekgoba go kaya go itshokela go sotlwa le go kgokgontshiwa.”—Euripides, mokwadi wa diterama wa Mogerika wa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E.

BOKGOBA ga bo bolo go nna gone mme gantsi ga bo itumedise. Go tloga fela ka nako ya fa Egepeto le Mesopotamia di simolola go tlhabologa, ditšhaba tse di nonofileng di ile tsa gapa baagisani ba tsone ba ba sa nonofang. Ka gone, go ne ga simologa ditiragalo tse di botlhoko tsa bosetlhogo jwa motho.

Mo mileniamong wa bobedi B.C.E., Egepeto e ne ya dira setšhaba sa batho ba ba ka nnang dimilione di se kae makgoba. (Ekesodo 1:13,14; 12:37) Fa Gerika e ne e busa Mediterranean, bontsi jwa malapa a Gerika a ne a na le bobotlana lekgoba le le lengwe—fela jaaka fa gompieno mo dinageng dingwe lelapa lengwe le lengwe le na le koloi. Mofilosofi wa Mogerika e bong Aristotle o ne a buelela mokgwa ono ka go bolela gore batho ba kgaogantswe ka ditlhopha tse pedi, batho ba e leng beng le ba e leng makgoba, le gore ba e leng beng ba na le tshwanelo ya go laela, fa ba e leng makgoba bone ba tshwanetse go ikoba.

Baroma ba ne ba rotloetsa bokgoba go feta Bagerika. Ka nako ya ga moaposetoloi Paulo, gongwe halofo ya batho ba motse wa Roma—ba go bonalang ba ne ba le dikete di le makgolokgolo—e ne e le makgoba. Go bonala fa Mmusomogolo wa Roma o ne o batla makgoba a le halofo ya milione ngwaga le ngwaga go aga difikantswe, go dira mo meepong, go lema masimo, le go dira mo matlong a magolo a bahumi. * Gantsi batho ba ba neng ba gapilwe mo ntweng ba ne ba dirwa makgoba, ka gone, selo se se ka tswang se ne se tlhotlheletsa Baroma go lwa dintwa e ka tswa e ne e le go batla go nna le makgoba a mantsi.

Le fa bokgoba bo ile jwa fokotsega fa Mmusomogolo wa Roma o sena go phutlhama, bo ne jwa tswelela. Go ya ka Domesday Book (1086 C.E.), diperesente di le 10 tsa badiri ba Engelane ya bogologolo e ne e le makgoba. Batho ba ne ba sa ntse ba dirwa makgoba ka go gapiwa.

Le fa go ntse jalo, fa e sale ka motlha wa ga Keresete, ga go na kontinente e e ileng ya welwa ke mahutsana a go dirwa ga batho makgoba jaaka Afrika. Le pele ga motlha wa ga Jesu, Baegepeto ba bogologolo ba ne ba gweba ka makgoba a Baethiopia. Mo dingwageng di le 1 250, go fopholediwa fa makgoba a Baafrika a le dimilione di le 18 a ile a isiwa kwa Yuropa le kwa Botlhabagare kwa go neng go tlhokega makgoba a mantsi teng. Morago ga gore dinaga tsa Amerika di dirwe dikolone go tloga ka lekgolo la bo16 la dingwaga, go ne ga tlhaga lefelo le lesha la go gweba ka makgoba, mme go romelwa ga makgoba go ralala Atlantic e ne ya nna kgwebo e kgolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Bakwadi ba hisitori ba fopholetsa gore gareng ga 1650 le 1850, go ile ga tsewa makgoba a ka nna dimilione di le 12 mo Afrika. * Bontsi jwa bone ba ne ba rekisiwa mo mebarakeng ya makgoba.

Maiteko a go Fedisa Bokgoba

Go ralala makgolo a dingwaga ditšhaba le batho bangwe ba ile ba kgaratlha go ikgolola mo bokgobeng. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga pele ga Keresete, Spartacus o ne a etelela pele setlhopha sa makgoba a Roma a le 70 000 mo ntweng e ba neng ba se ka ba e fenya ya go ikgolola. Dikhuduego tse di neng tsa bakwa ke makgoba a Haiti makgolo a le mabedi a dingwaga a a fetileng tsone di ne tsa atlega, mme ga felela ka gore go tlhongwe puso e e ipusang ka 1804.

Ke boammaaruri gore, kwa United States bokgoba bo ne jwa tswelela bo le gone ka lobakanyana lo loleele. Go na le makgoba a a neng a leka ka natla go ikgolola le go golola baratiwa ba bone. Gape go ne go na le batho ba e seng makgoba ba ba neng ba lwa ka tlhoafalo go fedisa bokgoba ka go buelela gore bo fedisiwe kana ka go thusa makgoba a a tshabileng. Le fa go ntse jalo, ke fela mo lekgolong la bo19 la dingwaga bokgoba bo ileng jwa fedisiwa semolao kwa nageng eo. Mme go tweng ka gompieno?

A Maiteko ao e Nnile a Lefela?

Maikano a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Batho a re: “Ga go na motho ope yo o tla dirwang lekgoba kana motlhanka; go ilediwa mekgwa yotlhe ya bokgoba le go gweba ka makgoba.” Ruri maikano ao a a ileng a dirwa ka matlhagatlhaga ka 1948 a molemo. Batho ba le bantsi ba ba tlhoafetseng ba ile ba dirisa nako ya bone, maatla le dilo tse dingwe tsa bone go fitlhelela mokgele oo. Le fa go ntse jalo, ga go a ka ga nna bonolo go atlega.

Jaaka fa setlhogo se se fetileng se bontsha, dimilionemilione tsa batho di sa ntse di berekisiwa boima mo maemong a a sa itumediseng kwantle ga go duelwa sepe, mme bontsi jwa bone ba ile ba rekwa kana ba rekisiwa kwantle ga tumalano ya bone. Le fa go ile ga nna le maiteko a a molemo a go fedisa bokgoba—le go saeniwa ga ditumalano tsa ditšhabatšhaba go bo fedisa semolao—go sa ntse go bonala go sa kgonege gore batho ba bone kgololesego ya mmatota. Ikonomi ya lefatshe lotlhe e dirile gore go gweba ka tsela e e bofitlha ka makgoba e nne kgwebo e e dirang madi a mantsi. Tota go bonala bokgoba bo oketsega mo dikarolong dingwe tsa lefatshe. A seemo se tla tsamaya se nna botoka? Mma re bone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Buka nngwe ya bogologolo e bolela gore Baroma bangwe ba ba humileng ba ka tswa ba ne ba na le makgoba a le 20 000.

^ ser. 7 Baruti bangwe ba ba bosula ba ne ba bolela gore Modimo o ne a ema bosetlhogo jono jwa go gweba ka batho nokeng. Ka ntlha ya seno, batho ba le bantsi ba sa ntse ba na le kakanyo e e phoso ya gore Baebele ga e kgatlhanong le bosetlhogo jo bo ntseng jalo, mme seo ga se boammaaruri. Tsweetswee bala setlhogo se se reng, “Kgopolo E e Mo Baebeleng: A Modimo O ne A Mpampetsa go Rekisiwa ga Makgoba?” mo makasineng wa Tsogang! ya September 8, 2001.

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Batho ba ba neng ba tserwe mo Afrika ka dikepe tsa makgoba (fa godimo) mo nakong e e fetileng ba ne ba rekisiwa mo mebarakeng ya makgoba ya Amerika

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Godo-Foto

Archivo General de las Indias