Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Tshwanetse go Tshwenyega ka Basha ba ba Ratang Boroko?

A re Tshwanetse go Tshwenyega ka Basha ba ba Ratang Boroko?

A re Tshwanetse go Tshwenyega ka Basha ba ba Ratang Boroko?

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA CANADA

LOKWALODIKGANG lwa Canada lwa Globe and Mail lo bolela gore fa motho a sa robale lobaka lo lo lekaneng seo se ka dira gore a se ka a kgona go akanya sentle le gore a se ka a kgona go gakologelwa dilo, mme basha ba ba tsenang sekolo ke bangwe ba batho ba ba amiwang thata ke seno. “Go tlhorega boroko mo baneng le mo basheng go ama boitshwaro jwa bone, go dira gore ba tenege motlhofo le gore ba nne matlhagatlhaga a a feteletseng.” Baitsesaense ba ne ba dira dipatlisiso ka mekgwa ya go robala ya baithuti ba sekolo se segolo ba le 2 200 mme ba lemoga gore mo e ka nnang diperesente di le 47 tsa bone ba robala diura tse di kwa tlase ga tse robedi tse go akantshiwang gore motho o tshwanetse go di robala letsatsi le letsatsi.

Le fa gantsi tsela e basha ba tshelang ka yone e ka dira gore ba se ka ba robala ka lobaka lo lo lekaneng, Globe e bolela gore “bangwe ba bone ba ka tswa ba na le mathata a kalafi a dingaka di iseng di a lemoge. Go hupelwa fa o robetse go ama diperesente di le 4 tsa bana ba dingwaga tsa go tloga ka 4 go ya go 18.” Fa ba robetse ba kabala mosele o moya o fetang ka one go se kae kana o kabala gotlhelele mme seo se bo se dira gore okosejene e se ka ya elela. Ka gone, boboko ga bo kgone go ikhutsa ka botlalo, mme bana ba tsoga ba lapile kana ba tenegile.

Matshwao a mangwe a bothata jono a ka akaretsa go gona kana go hupelwa fa o robetse, go opiwa ke tlhogo gangwe le gape mo mosong, go se kgone go gakologelwa dilo le go se kgone go tlhoma mogopolo le go tlhola o otsela motshegare. Batsadi ba kgothalediwa gore gangwe le gape ba reetse bana ba bone fa ba thulametse. Dr Robert Brouillette, yo e leng ngaka ya malwetse a bana kwa Montreal Children’s Hospital, a re ngwana yo o nang le bothata jono a ka nna a bo a sa kgone go hema fa a robetse le mororo sehuba sa gagwe se ka tswa se tshikinyega. “Go ema gono ga khemo ka nakwana go kgaosediwa ke fa ngwana a tsoga bosigo kana a tsoga ka nakwana a bo a hema go sekae pele a boa a robala gape.” Seno se ka direga ka makgetlo a le mantsi bosigo bongwe le bongwe mme ga dira gore ngwana a tsoge a lapile.

Mokgatlho wa Amerika wa Mathata a Boroko o akantsha gore batho ba robale mo kamoreng e e tsiditsana, e e lefitshwana e bile e se na dikgoreletsi tse di jaaka thelebishine le khomputara. Go robala le go tsoga ka metlha ka nako e e tshwanang le gone go ka thusa bana le basha go robala nako e e lekaneng. Batho bangwe ba ba nang le mathata a go tlhorega boroko ba dirisa motšhine o o butswelang moya mo dinkong le mo molomong go boloka karolo e e kwa morago ya kgokgotso e bulegile fa motho a robetse. Ngaka nngwe ya malwetse a bana e ne ya re: “Go robala go botlhokwa thata go feta dijo tse re di jang. Go botlhokwa thata go feta go itshidila mmele. Go robala go laola dihoromone tsa rona, maikutlo a rona le thulaganyo ya mmele wa rona ya go lwantsha malwetse.”