Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditšhaba di sa Ntse di sa Ithute

Ditšhaba di sa Ntse di sa Ithute

Ditšhaba di sa Ntse di sa Ithute

“Fa batho ba ne ba ka ithuta go tswa mo ditiragalong tse di fetileng—ba ne ba ka ithuta dithuto tsa botlhokwa tota! Le fa go ntse jalo Go Tseega Maikutlo le Go Tsaya Letlhakore go dirile gore re se ka ithuta sepe, mme kitso e re nang le yone ka ntlha ya Maitemogelo e tshwana fela le lesedi le le fitlhegileng!”—Samuel Taylor Coleridge.

A O DUMALANA le mmoki yono wa Moesemane e bong Samuel Coleridge? A go ka direga gore ka ntlha ya go batla go dira sengwe, re na le go tseega maikutlo thata jaana mo re ka boeletsang diphoso tse di dirilweng ke batho ba nako e e fetileng?

Dintwa Tsa Botlhabanelatumelo

Ka sekai, akanya ka dilo dingwe tse batho ba di dirileng ka nako ya dintwa tsa Botlhabanelatumelo. Ka 1095 C.E., Mopapa Urban II o ne a rotloetsa “Bakeresete” gore ba gape Naga e e Boitshepo ya Bamoseleme. Dikgosi, batho ba maemo, batlhabani ba dipitse le batho ba e seng ba maemo mo dinageng tsotlhe tse di neng di laolwa ke Urban II ba ne ba dira jaaka a bua. Go ya ka rahisitori mongwe wa bogologolo, “batho ba le bantsi ba ba neng ba tshela ka molao wa ga Keresete” ba ne ba itlhaganelela go ema maikaelelo ano nokeng.

Mokwalahisitori Zoé Oldenbourg o bolela gore bontsi jwa batlhabanelatumelo ba ne ba “dumela ka pelo yotlhe gore go lwela tumelo [e ne e le] go direla Modimo ka Boene.” A re ba ne ba itsaya e le “baengele ba ba dirisiwang go nyeletsa bana ba ga diabolo.” Brian Moynahan, yo e leng mokwadi, a re ba ne ba dumela le gore “botlhe ba ba neng ba swa ba ne ba tla amogela serwalo sa boswelatumelo kwa legodimong.”

Gongwe batlhabanelatumelo ba ne ba sa itse gore le baba ba bone ba ne ba akanya jalo. Mokwalahisitori J. M. Roberts mo bukeng ya gagwe ya Shorter History of the World, a re masole a Bamoseleme le one a ne a ya ntweng a dumela gore a lwela Modimo le gore “go swa o le mo ntweng kgatlhanong le baheitane go ne go tla dira gore motho a tsene mo paradaiseng” kwa legodimong.

Matlhakore oomabedi a ne a rutiwa gore a lwa ntwa ya tshiamo—e e amogelwang e bile e segofadiwa ke Modimo. Baeteledipele ba bodumedi le ba dipolotiki ba ne ba godisa thuto eno e bile ba tlhotlheletsa maikutlo a babusiwa ba bone. Mme go ne ga dirwa bosetlhogo jo bo feteletseng mo matlhakoreng oomabedi.

Ke Batho ba Mofuta Ofe?

Ke batho ba mofuta ofe ba ba neng ba dira dilo tseno tse di maswe? Bontsi jwa bone e ne e le batho fela—ba ba sa farologaneng thata le batho ba gompieno. Ga go pelaelo gore ba ne ba tlhotlhelediwa ke dikgopolo dingwe le go batla go siamisa dilo tse ba neng ba tsaya gore di phoso mo motlheng wa bone. Go shakgala ga bone go ne ga dira gore ba se ka ba lemoga gore go lwela “tshiamo” ga bone go ne ga tlisa fela tshiamololo, kutlobotlhoko le go boga mo diketeketeng tsa banna, basadi le bana ba ba se nang molato ba ba neng ba iphitlhela ba le mo dintweng tseo.

A seno ga se kafa dilo di ileng tsa nna tsa ipoapoeletsa ka teng mo hisitoring yotlhe? A gangwe le gape baeteledipele ba ba nang le maatla a go tlhotlheletsa ga ba a ka ba tlhotlheletsa dimilione tse di se nang palo tsa batho—tse ka botsone fela di neng di ka se ka tsa akanya go dira dilo tse di ntseng jalo—go lwa le baba ba bone ba bodumedi le ba sepolotiki mo dintweng tse di setlhogo? Go bilediwa kwa ntweng ga matlhakore oomabedi a a lwantshanang le gore Modimo o ne a ema nokeng matlhakore oomabedi go ne ga dira gore go gatelela batho setlhogo mo dipolotiking le mo bodumeding go lebege go se molato. Seno e ile ya nna tsela e dilo di dirwang ka yone ka makgolokgolo a dingwaga ke babusi ba ba gatelelang gore ba solegelwe molemo. Moynahan a re seno e ne ya nna sone se se neng sa “dira gore go nne le Polao ya Kgailo le gore go nne le se gompieno se bidiwang gore ke dipolao tsa go ganyaola merafe, fela jaaka go ile ga simolola dintwa tsa botlhabanelatumelo.”

O ka nna wa re, ‘mme bontsi jwa batho gompieno ba ka se ka ba itetla go tsiediwa ka tsela eno. A gompieno ga re a tlhabologa go feta batho ba pele?’ Go tshwanetse ga nna jalo. Mme gone a ruri re ithutile sengwe go tswa mo ditiragalong tsa nako e e fetileng? Ke mang yo tota a ka reng re ithutile sengwe fa o akanya ka dilo tse di diragetseng mo dingwageng tse di lekgolo tse di fetileng?

Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe

Ka sekai, tsela e dilo di neng tsa direga ka yone ka nako ya dintwa tsa Botlhabanelatumelo e ne ya ipoeletsa gape ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe. Roberts a re: “Dingwe tsa dilo tse di gakgamatsang tsa 1914 ke gore, go bonala mo nageng nngwe le nngwe dipalo tse dikgolo tsa batho ba ditlhopha tsotlhe, madumedi le ditso, ba ile ba nna le seabe mo ntweng ka go rata e bile ba itumelela seo.”

Ke ka ntlha yang fa palo e kgolo ya batho e ile ya nna le seabe mo ntweng eo “ka go rata e bile ba itumelela seo”? Ke ka gonne le bone fela jaaka batho ba pele ga motlha wa bone ba ba neng ba nna le seabe ka go rata mo dintweng, ba ne ba tlhotlhelediwa ke dilo tse ba neng ba di dumela ka nako eo tse di neng di laolwa ke difilosofi tsa motlha oo. Le fa bangwe ba ka tswa ba ne ba tlhotlhelediwa ke go batla kgololesego le tshiamiso, ga go pelaelo gore bontsi bo ne jwa tlhotlhelediwa ke go dumela ka botlhogoethata gore setšhaba sa bone se ne se le segolo go feta tse dingwe mme ka gone se tshwanelwa ke go di gatelela.

Batho bano ba ne ba tlhotlhelediwa go dumela gore ntwa e ne e le selo sa tlholego se se ka se kang sa tilwa—selo se se “tlhokegang mo botshelong.” Ka sekai, Phil Williams a re: “Badumedi ba Dithuto Tsa ga Darwin” ba ne ba rotloetsa kgopolo ya gore ntwa e ne e le tsela e e siameng ya go “fedisa batho ba ba sa tshwanelweng ke go tshela.”

Ke boammaaruri gore, mongwe le mongwe o ne a akanya gore kgopolo ya gagwe e ne e siame. Seno se ne sa felela ka eng? Martin Gilbert, yo e leng mokwadi le mokwalahisitori a re ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, “dipuso di ne di rotloetsa go tlhaolwa ga batho, boratanaga le go lwa mo dintweng”—mme batho ba ne ba itlhaganelela go dira dilo tseno ba sa akanye. John Kenneth Galbraith, yo e leng moitse wa tsa ikonomi, o goletse kwa metseng ya selegae ya kwa Canada ka nako ya ntwa eo. A re batho botlhe ka nako eo ba ne ba bua ka “boeleele jwa ntwa e e neng e lowa kwa Yuropa.” Ba ne ba re: “Batho ba ba botlhale . . . ba ne ba ka se dire botsenwa joo.” Mme ba ne ba boa ba bo dira. Go ne ga felela ka eng? Masole a Canada a ka nna 60 000 e ne ya nna mangwe a masole a le dimilione di le robonngwe a a neng a swa mo matlhakoreng oomabedi a ditiragalo tse di maswe tse di neng tsa bidiwa gore ke ntwa ya ntlha ya lefatshe.

Ga ba Ithuta Sepe

Mo masomeng a le mabedi a dingwaga a a neng a latela, one maikutlo ao a ne a nna gone gape fa go ne go tlhaga Bo-Fascist le Bonasi. Hugh Purcell o ne a kwala a bolela gore Ba-Fascist ba ne ba simolola go dirisa “dilo tse di neng di sa bolo go nna di dirisiwa go anamisa maaka gore ba galefise batho.” Selo sengwe se ba neng ba se dirisa thata e ne e le go tswakanya bodumedi le dipolotiki, ba rapela Modimo gore a segofatse masole a bone.

Adolf Hitler le ene e ne e le monna yo o “setswerere mo go tlhotlheletseng bontsi jwa batho ka ditiro tsa botlhajana e bile a le setswerere mo puong.” Dick Geary, mo bukeng ya Hitler and Nazism, a re fela jaaka bagale ba le bantsi ba bogologolo, Hitler o ne a dumela gore ‘batho ba laolwa ke maikutlo e seng tlhaloganyo.’ Purcell a re Hitler o ne a dirisa bokoa jono jwa batho ka botlhale ka go dirisa leano le le neng le sa bolo go nna teng la go tlhotlheletsa batho go ila baba ba bone—jaaka fa a ile a “dirisa go boifa le dipelaelo tsa Bajeremane go ba tlhotlheletsa gore ba tlhoe Bajuda.” O ne a bua maaka ka Bajuda a re, ‘Bajuda ba kgotlela setšhaba sa Bajeremane.’

Se se tshosang thata ka motlha ono otlhe ke tsela e dimilione tsa batho ba go bonalang e le batho ba ba tlotlegang ba neng ba tlhotlhelediwa motlhofo ka teng go gaila batho. “Go tlile jang gore batho ba go tsewang e le ba naga e e tlhabologileng ba bo ba ile ba se ka ba itshokela ba bangwe go na le moo ba ile ba itetla go dira ditiro tse di setlhogo jalo tsa puso ya Bonasi?” E bile e ne e se fela naga e e “tlhabologileng” mme gape e ne e itsaya e le naga ya Bokeresete! Ba ne ba dira seno ka gonne ba ne ba rata difilosofi le dithulaganyo tsa batho go na le dithuto tsa ga Jesu Keresete. Mme fa e sa le go tloga ka nako eo, banna le basadi ba le bantsi ba ba pelontle ba ile ba tlhotlhelediwa go dira bosetlhogo!

Rafilosofi wa Mojeremane Georg Hegel a re: “Se ditiragalo tsa nako e e fetileng di re rutang sone ke gore ditšhaba le dipuso ga di a ithuta sepe mo hisitoring kana ga di a dirisa sepe se di ka tswang di se ithutile go tswa mo ditiragalong tseno.” Batho ba le bantsi ba ka tswa ba sa dumele filosofi ya ga Hegel ka ga botshelo, mme ba ka dumalana le mafoko ano a gagwe. Ka maswabi, go lebega batho ba palelwa thata ke go ithuta go tswa mo ditiragalong tse di fetileng. A mme seno se tshwanetse sa go diragalela le wena?

Ruri thuto e le nngwe e re ka ithutang yone ke eno: Re tlhoka go ikanya sengwe se se fetang difilosofi tsa batho tse di sa ikanyegeng fa e le gore re batla go tila masetlapelo a nako e e fetileng. Mme gone, fa e le gore re ka se ka ra ikanya difilosofi tsa batho, ke eng he se se ka re kaelang? Mo e ka nnang dingwaga di feta sekete pele ga nako ya dintwa tsa Botlhabanelatumelo, barutwa ba ga Jesu Keresete ba ne ba bontsha gore tsela e e leng yone fela ya Bokeresete jwa boammaaruri ke efe. A re boneng gore ba ile ba dirang gore ba se ka ba nna le seabe mo dintweng tsa motlha wa bone. A mme go bonala batho ba gompieno ba ka ithuta go dira jalo mme ka gone ba tile dikgotlhang? Modimo o tla dira eng go fedisa tsela e batho ba bogang ka yone, go sa kgathalesege dilo tse batho ba di dirang?

[Ditshwantsho mo go tsebe 22]

Dintwa tsa batho di ile tsa tlala ka bosetlhogo le pogo

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Kwa godimo: Batshabi mo lefelong le le aparetsweng ke dintwa

Go tlile jang gore batho ba ba tsewang ba tlhabologileng ba dire ditiro tse di maswe jaana tsa thubakanyo?

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Rwandan refugees: UN PHOTO 186788/J. Isaac; collapse of World Trade Center: AP Photo/Amy Sancetta