Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Na le Tharabololo?

A go Na le Tharabololo?

A go Na le Tharabololo?

OTSHWANETSE go dira eng ka dilo tse o sa di batleng? Karabo e e bonalang e le motlhofo fela ke “Di latlhe.” Le fa go ntse jalo, go latlha matlakala ga se selo se se motlhofo jalo ka metlha. O a latlhela kae? Mokgatlho mongwe wa tlhokomelo ya tikologo kwa Italy o fopholetsa gore lebotlolo la galase le le latlhetsweng mo lewatleng le tla tsaya dingwaga di le 1 000 go senyega. Kafa letlhakoreng le lengwe, thishu e tsaya dikgwedi di le tharo fela go senyega. Setompi sa sekerete se kgotlela lewatle ka dingwaga di le 5; dikgetsana tsa polasetiki, dingwaga di le 10 go ya go di le 20; dilwana tse di dirilweng ka naelone, dingwaga di le 30 go ya go 40; dithini, dingwaga di le 500; mme dilwana tse di dirilweng ka polystyrene, dingwaga di le 1 000.

Matlakala a mofuta ono a oketsegile fela thata. Mo malatsing a gompieno marekisetso a rekisa dilo di le dintsi, mme babapatsi ba batla gore re dumele gore re tlhoka dilo tseno tsotlhe. Lokwalodikgang longwe lwa Boritane lwa The Guardian lo bua boammaaruri fa lo re: “Babapatsi ba dira gore re tlhoke dilo tse re neng re sa akanye gore re a di tlhoka.” Eleruri re raelesega go reka dilo tsa bosheng tse di mo marekisetsong, e se re kgotsa ra fetwa ke sengwe se sesha. Mme gape fa babapatsi ba bua ka selo “se sesha” ba raya gore “se botoka e bile ke sa maemo a a kwa godimo,” mme fa ba re “se segologolo” ba raya gore “ke sa maemo a a kwa tlase e bile se siilwe ke nako.”

Ka gone, gantsi re kgothalediwa go reka selo se sesha go na le go baakanya sa bogologolo. Ga twe go reka dilo tse disha go botoka e bile go boloka madi go feta go baakanya tsa bogologolo. Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe go ntse jalo. Le fa go ntse jalo, gantsi go latlha selo sa bogologolo o bo o reka se sesha go a tura e bile ga go tlhokege.

Dilo tse dintsi tse di dirwang gompieno di dirwa ka tsela e e dirang gore di kgone go latlhwa. Go ka nna ga bo go le thata go di baakanya—e leng ntlha e o tshwanetseng go e gakologelwa fa o reka dilo. Makasine mongwe wa Jeremane wa bareki o ne wa akgela jaana: “Lobaka lo dilwana di lo tsayang di sa ntse di siame lo nna lo fokotsega. Se se neng se ‘tsena’ maabane se a ‘tswa’ gompieno mme gantsi se feleletsa se latlhilwe. Ka gone, letsatsi le letsatsi dilo tse go dirwang didiriswa ka tsone di feleletsa e le matlakala fela a o ka se kang wa dira sepe ka one!”

A ruri go reka sengwe le sengwe go solegela moreki molemo? Tota, batho ba ba solegelwang molemo ke bagwebi ba maikaelelo a bone e leng go iponela madi. Lokwalodikgang lwa Die Weltwoche lo lo tswang ka beke lwa re: “Ikonomi e ne e ka wa fa motho a ne a ka dirisa fanitšhara kana koloi ya gagwe botshelo jotlhe jwa gagwe kgotsa le fa a ne a ka dirisa dilo tseo ka lobaka lo lo menaganeng gabedi go feta kafa a di dirisang ka teng gone jaanong.” Go wa ga ikonomi ga se tharabololo ka gonne go ne go tla dira gore bareki ba bantsi ba tlhoke ditiro. Jaanong dingwe tsa ditharabololo tsa matlakala a mantsintsi ke dife?

Go Latlha, go Dira Dilo Sesha, Kgotsa go Fokotsa?

Dinaga dingwe tse di tlhabologileng di rarabolola bothata jwa tsone motlhofo fela ka go latlhela matlakala a tsone mo dinageng tse di tlhabologang. Ka sekai, pego nngwe e bega gore “kwa lefelong lengwe le le itsegeng kwa Nigeria go ne ga fitlhelwa ditone di le 3 500 tsa dikhemikale tse di botlhole di dutla mo metomong e le 8 000 e e neng e rusitse, di tsenya botlhole mo mmung le mo metsing.” Go bonala tsela e e ntseng jalo ya go latlha matlakala e sa rarabolole sepe e bile e se tsela e ntle ya go tshwara ba bangwe.

Go tweng ka go tsaya dilo tse o sa di batleng mme o di ise gore di dirwe sesha gore di dirisiwe gape go na le go di latlha? Gone go dira jalo go tla tlhoka gore bareki ba kgaoganye matlakala a bone ka ditlhopha tse di farologaneng, e leng selo se se setseng se tlhokwa ke molao mo mafelong mangwe. Badiredi ba puso ba ka nna ba kopa gore matlakala a kgaoganngwe ka ditlhopha tsa dipampiri, dibokoso, tshipi, galase, le dilo tse di bolang. Mme galase e ka nna ya tshwanelwa ke go kgaoganngwa ka mebala.

Go a bonala gore go dira dilo sesha go na le melemo ya gone. Buka ya 5000 Days to Save the Planet e bontsha gore go dira aluminiamo sesha “go boloka maatla a mantsi thata” e bile go ka “fokotsa tshenyo e e dirwang mo tikologong e e bakwang ke go epa aluminiamo.” Buka eno e tlhalosa jaana: “Go dira pampiri ka pampiri e e setseng e dirisitswe go tlhoka maatla a mannye thata fa a bapisiwa le a a tlhokegang go dira selekanyo se se lekanang sa pampiri fa e simolola go dirwa, e bile go tlhoka metsi a mannye thata. . . . Dilo di le dintsi tse di latlhiwang di ka boa tsa baakanngwa, tsa dirwa sesha tsa ba tsa dirisiwa gape. . . . Tota le madirelo a a ka se kang a dirisa matlakala a one, ka dinako tse dingwe a ka nna a dira dilo sesha mme a di naya madirelo a mangwe go di dirisa . . . Kwa Holland, go ntse go refosanwa ka matlakala fa e sa le kwa masimologong a bo1970.”

Dipuso dingwe, go na le gore di batle ditsela tsa go latlha matlakala, di gatelela thata gore dilo di se ka tsa latlhwa. Buka e e umakilweng pelenyana e tlhagisa gore “go tshwanetse ga tsewa kgato ka bonako” gore batho ba “tlogele mokgwa ono wa go latlha dilo . . . mme ba nne batho ba ba somarelang ba ba fokotsang matlakala e bile ba fokotsa tsela e ba dirisang madi ka yone.”

Le fa go ntse jalo, ba ba batlang go “tlogela mokgwa ono wa go latlha dilo” ba tla tshwanelwa ke go iketleetsa go dirisa dilo tse ba di rekang lobaka lo loleele ka mo ba ka kgonang ka gone, ba di latlhe fela fa di ka se ka tsa tlhola di baakanngwa. Dilo tse ba sa tlholeng ba di batla mme di sa ntse di ka dirisiwa ba tshwanetse go di naya ba bangwe ba ba tla di dirisang. Ofisi ya Institute of Ecology kwa Darmstadt, kwa Jeremane, e bolela gore malapa a a tshwareletseng mo molaomotheong o o reng “Dirisa, o se ka wa senya” a tla latlha matlakala a a kwa tlase ka diperesente di le 75 fa a bapisiwa le matlakala a a latlhwang ke malapa a mantsi.

Mme ke malapa a le kae a a tla tshwarelelang mo melaometheong e e tshwanang le eno? Ga go lebege e ka nna malapa a mantsi go le kalo. Bothata jo batho ba nang le jone ka matlakala ke letshwao fela la mathata a magolo go feta a batho ba nang le one. Mo bathong ba gompieno ba ba ratang go latlha dilo, batho ba le bantsi ba setse ba tsere se re tla se bitsang boikutlo jwa go rata go latlha dilo. A re sekasekeng boikutlo joo—re bo re bone le dilo di le mmalwa tse bo ka nnang jwa feteletsa dilo mo go tsone.

Dikotsi Tsa go Nna le Boikutlo Jwa go Rata go Latlha Dilo

Go ka direga motlhofo fela gore boikutlo jono jwa go rata go latlha dilo e se ka ya feleletsa e le kgang fela ya go senya dilo tse di sa reng sepe. Bo ka dira gore batho ba se ka ba anaanela dilo le gore ba se ka ba akanyetsa, mo e leng gore ba ka latlha dijo di le dintsi tse di sa jewang le dilo tse dingwe tse di botlhokwa. Ba ba ithatang go feta selekanyo e bile ba laolwa thata ke dilo tsa feshene e bile ba tlhokometse thata dilo tse dinnye tse ba di ratang le tse ba sa di rateng ba ka nna ba utlwa ba patelesega ka metlha go latlha diaparo, fanitšhara le dilwana tse dingwe tse di sa ntseng di le mo maemong a mantle, mme ba reke tse disha.

Le fa go ntse jalo, boikutlo jono jwa go rata go latlha dilo bo ka nna jwa se ka jwa ama dilo fela. Porojeke nngwe ya kwa Jeremane e boikaelelo jwa yone e neng e le go dirisa sesha dilwana tsa ntlo tse di latlhilweng e ne ya re: “Tsela e re tshwarang fanitšhara e re sa tlholeng re e batla ka yone, mme re e latlha morago ga dingwaga di le tlhano gore re reke e ntšha, e tshwana le tsela e re tshwarang batho ka yone. Potso ke gore re tlile go amogela seno ka lobaka lo lokae.” Pego eno e tlhalosa jaana: “Ka bonako fela fa motho a sa tlhole a kgona go dira mo go kalo, o a tlosiwa go tsewa yo mongwe. Ka gonne tota e bile go na le batho ba le bantsi ba ba ka dirang tiro eo!”

Al Gore, yo e kileng ya bo e le Motlatsaporesidente wa United States, o ne a botsa potso eno e e tshwanelang mo bukeng ya gagwe ya Earth in the Balance: “Fa re leba dilo tse re di dirisang e le dilo tse di ka latlhwang, a gape re fetotse tsela e re lebang batho ba bangwe ka yone? . . . A jaanong ga re tlhole re anaanela tsela e mongwe le mongwe a tlhomologileng ka yone?”

Batho ba ba sa tlholeng ba anaanela ba bangwe e bile ba sa ba tlotle ba tla go fitlhela go le motlhofo go latlha ditsala tsa bone kgotsa balekane ba bone ba lenyalo—e bile ga ba na ba bona molato ope ka gone. Fa lokwalodikgang lwa Jeremane lwa Süddeutsche Zeitung lo ne lo bua ka tsela eno ya go akanya lo bolela jaana: “Re reka diaparo tse disha gabedi ka ngwaga, re reka koloi e ntšha gangwe mo dingwageng tse nnè, mme dingwaga dingwe le dingwe tse di lesome re reka fanitšhara e ntšha; ngwaga le ngwaga re batla lefelo le lesha le re ka yang go ikhutsa kwa go lone; re fudugela kwa magaeng a masha, re bona ditiro tse disha, le dikgwebo tse disha—ka jalo ke ka ntlha yang fa re ka se ka ra fetola balekane ba rona ba lenyalo?”

Batho bangwe gompieno ba bonala ba rata go latlha sengwe le sengwe fela fa se fetoga morwalo mo go bone. Ka sekai, kwa nageng nngwe ya Yuropa go ne ga latlhwa dikatse di ka nna 100 000 le dintša di ka nna 96 000 ka 1999, di latlhwa ke beng ba tsone. Mosadi mongwe yo o lwelang ditshwanelo tsa diphologolo kwa nageng eo a re bagabone “ga ba tseye seruiwa e le selo se o ka nnang le sone lobaka lo loleele. Ba reka ntšanyana ka September, ba e latlhe [ngwaga o o latelang fa ba ya malatsing a boikhutso] ka August.” Se se maswe le go feta, boikutlo jono jwa go rata go latlha dilo bo fetela le mo botshelong jwa motho ka bojone.

Go se Tlotle Botshelo

Go bonala batho ba le bantsi gompieno ba akanya gore botshelo jwa bone ga bo botlhokwa go le kalo. Ba dira seo jang? Ka sekai, bosheng jaana makasine mongwe wa Yuropa o ne wa bolela gore mo dingwageng tsa bosheng batho ba basha ba nna ba iketleeditse go dira dilo tse di tsenyang matshelo a bone mo kotsing. Motho o kgona go bona seno mo tseleng e ba ratang ka teng go tshameka metshameko e e kotsi. Ba ikemisetsa go swa e le fela gore ba ijese monate! Borakgwebo ba ba ratang madi ba itumelela go dirisa boikutlo jono gore ba solegelwe molemo. Radipolotiki mongwe wa Mojeremane o ne a bolela gore batho ba ba buelelang metshameko e e kotsi eno “gantsi ba tsaya go dira madi go le botlhokwa thata go feta boitekanelo le botshelo jwa motho.”

Mme go tweng ka go latlha botshelo jwa ngwana yo o iseng a tsholwe? World Health Organization e akanyetsa gore “mo lefatsheng lotlhe bana ba ka nna dimilione di le 75 ba ba imiwang ngwaga le ngwaga tota ga go na motho yo o ba batlang. Mo basading ba le bantsi tsela e le yosi ya go tswa mo dilong ke go senya mpa.” Tota le morago ga go tsholwa, bana ba sa ntse ba le mo kotsing. Go ya ka lokwalodikgang lwa Brazil lwa O Estado de S. Paulo, “makgetlho a bana ba ba fitlhelwang ba latlhilwe mo mebileng ka one a nna mantsi.” A go ntse jalo le mo lefelong la lona?

Gongwe le gongwe fela mo lefatsheng la gompieno, re bona bosupi jwa gore botshelo jwa batho bo lejwa e se jwa sepe, bo se botlhokwa, e le selo se se ka latlhwang fela. Re bona seno fa re bona tsela e boitlosobodutu jo bo ratwang ke batho bo tletseng thubakanyo ka teng, moo “bagaka” ba bolayang “batho ba ba bosula” ba bantsintsi mo setshwantshong se le sengwe sa baesekopo kgotsa mo thulaganyong e le nngwe ya thelebishene. Re se bona mo bokebekweng jo bo ntseng bo tsweletse jo bo tletseng thubakanyo mo lefatsheng, jo mo go jone magodu a bolayang batho, ba ba bolaela madinyana a mannye fela—kgotsa mo gongwe ba ba bolaya kwantle ga lebaka. E bile re se bona mo dikgannyeng mo dipegong tse di utlwisang botlhoko tsa borukhutlhi, go ganyaolwa ga merafe, le go gailwa ga batho, gotlhe gono e le go bolawa ga batho ka tsela e e setlhogo—matshelo a a tlhwatlhwakgolo a latlhwa jaaka e kete go latlhwa matlakala.

Re ka nna ra se ka ra kgona go tswa mo bathong bano ba ba ratang go latlha dilo, mme gone re ka tila go nna le boikutlo jono jwa go rata go latlha dilo. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka ga gore ke eng se se ka re thusang go itshokela batho ba gompieno ba ba ratang go latlha dilo, se bo se tlotle le ka boikutlo jo bo sa siamang jwa gone.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Mo mafelong a le mantsi molao o pateletsa batho go dira dilo sesha

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

A difeshene tse di fetogetseng ruri di go pateletsa go latlha diaparo tse di sa ntseng di le molemo mme o reke tse dingwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Bana ba ba iseng ba tsholwe ba tshwanetse go ratwa, mme ba se ka ba latlhwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Index Stock Photography Inc./BSIP Agency

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Botshelo bo tlhwatlhwakgolo thata gore o ka bo latlha ka ntlha ya go batla go ijesa monate fela