Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Babalesegile mo Dikotsing Tsa Tsela?

A o Babalesegile mo Dikotsing Tsa Tsela?

A o Babalesegile mo Dikotsing Tsa Tsela?

“Ke na le rekoto e ntle ya go kgweetsa, ka gone ga ke tlhoke go tshwenyega ka ga gore ke tla tlhagelwa ke kotsi ya tsela.” “Dikotsi di diragalela fela bakgweetsi ba basha le ba ba botlhaswa.” Batho ba le bantsi ba akanya gore ba ka se ka ba tlhagelwa ke kotsi ya tsela. A ke ka fa o ikutlwang ka teng? A go ka se ka ga direga gore o tlhagelwe ke kotsi ya tsela?

DIPALOPALO di bontsha gore motho yo o nnang mo nageng e e tlhabologileng, go ka direga gore a tlhagelwe ke kotsi ya tsela bobotlana gangwe mo botshelong jwa gagwe. Dikotsi tseno di ka bolaya batho ba le bantsi. Gone jaanong ngwaga le ngwaga go swa batho ba ba fetang halofo ya milione mo dikotsing tsa tsela. Gongwe bontsi jwa ba ba bolailweng mo ngwageng o o fetileng ba ne ba akanya gore seo se ka se ba diragalele. Ke eng se o ka se dirang gore o se ka wa amega mo kotsing ya tsela? O ka dira seo ka go thibela dikotsi. Ela tlhoko kafa o ka thibelang dikotsi tse di bakwang ke go otsela le ke go tsofala ka teng.

Mokgweetsi yo o Otselang

Baitse bangwe ba re mokgweetsi yo o otselang o kotsi fela jaaka motho yo o kgweetsang a tagilwe. Dipego di bontsha gore go otsela go baka dikotsi tse dintsi tse di ntseng di oketsega. Fleet Maintenance & Safety Report bosheng jaana e ne ya bega gore mo ngwageng o le mongwe fela, mokgweetsi a le 1 mo go ba le 12 kwa Norway o ne a bolela gore o ile a kgweetsa a otsela. Go ya ka lokwalodikgang lwa The Star lwa Johannesburg, mo Afrika Borwa, batho ba ba kgweetsang ba tsenwe ke letsapa ba baka nngwetharong ya dikotsi tsa tsela mo nageng eno. Dipego go tswa kwa dinageng tse dingwe di senola gore letsapa le ama bakgweetsi gongwe le gongwe. Ke ka ntlhayang fa go na le batho ba bantsi jaana ba ba kgweetsang ba otsela?

Sengwe sa dilo tse di bakang seno ke ka go bo batho ba tshela ba faraferwe ke maikarabelo. Makasine wa Newsweek o ne wa bega gore bosheng jaana Baamerika ba ka tswa “ba fokoditse diura tse ba neng ba tlhola ba di robala fa lekgolo leno le ne le simologa ka ura le halofo bosigo bongwe le bongwe—mme bothata jono go lebega bo tla etegela.” Ka ntlhayang? Makasine ono o ne wa nopola moitse wa tsa boroko e bong Terry Young a bolela jaana: “Batho ba tsaya boroko e le selo se ba ka se itimang. Motho o tsewa e le senatla fa a kgona go bereka lobaka lo loleele mme a robala nako e e khutshwane.”

Go bolelwa fa motho a tlhoka diura tse di fa gare ga tse thataro le halofo go ya go di le robongwe go robala bosigo bongwe le bongwe. Fa batho ba itima boroko ba nna le “sekoloto sa boroko.” Pego e e neng ya phasaladiwa ke AAA Foundation for Traffic Safety e bolela jaana: “Tota le fa o fokotsa nako e o tlhokang go e robala bosigo bongwe le bongwe ka metsotso e le 30 kana 40 mo bekeng, seo se ka dira gore o nne le sekoloto sa diura di le 3 go ya go di le 4 ka mafelobeke, e leng nako e e lekaneng go ka dira gore o otsele motshegare.”

Ka dinako tse dingwe o ka palelwa ke go robala sentle. Go tlhorega boroko, go tlhokomela ngwana yo o lwalang le mabaka a mangwe a re ka se a laoleng a ka dira gore re se ka ra robala. Letsatsi le le latelang o ka nna wa otsela thata fa o kgweetsa. Ke eng se o ka se dirang fa seno se direga?

Dilo tse gantsi di buelelwang tse di jaaka go nwa kofi, go bula fensetere, go tšhotlha tšhunkama kana go ja dijo tse di tsentsweng dinatetshi di ka se dire gore o nne o thantse. Ga go sepe sa dilo tseno se se rarabololang bothata jwa mmatota. Se o se tlhokang ke go robala. Ka gone, ke eng o sa leke go robala go se kae? The New York Times e gakolola jaana: “Go robala go se kae motshegare ga go a tshwanela ga feta metsotso e le 30; fa go ka feta moo, motho a ka robala boroko jo bogolo mme ga nna thata gore a tsoge.” Go robala go se kae go ka dira gore o diege kwa o yang gone, mme go ka dira gore o tshele lobaka lo loleele.

Tsela e o tshelang ka yone le yone e ka dira gore o otsele o ntse o kgweetsa. A o dirisa diura tse dintsi o lebile Internet, kana o lebile thelebishene go fitlha go nna bosigo thata? A o nna le dikokoano tsa maitiso tse di felang fa bosigo bo sa? Se letle mekgwa e e ntseng jalo e dira gore o itime boroko. Kgosi Solomone yo o botlhale o kile a gatelela botlhokwa jwa “boikhutso jo bo tletseng seatla.”—Moreri 4:6.

Go Nna le Maitemogelo Mme o Godile

Gantsi batho ba ba godileng ke bone ba nang le maitemogelo a mantsi a go kgweetsa. Mo godimo ga moo, ga ba nke ba lekeletsa dilo e bile ba kelotlhoko. Mme gone bakgweetsi ba ba godileng le bone ba ka tlhagelwa ke dikotsi tsa go thula ka koloi. Tota e bile fa ba ntse ba tsofala, go ka direga thata gore ba diragalelwe ke dikotsi tse di ntseng jalo. Makasine wa United States wa Car & Travel o bega jaana: “Diperesente di le 9 tsa baagi ba naga eno ke batho ba dingwaga tse di fetang 70, mme ke diperesente di le 13 tsa bone tse di swang mo dikotsing tsa tsela.” Ka maswabi, palo ya dikotsi tse di bakwang ke bakgweetsi ba ba godileng e a oketsega.

Akanya ka se se ileng sa buiwa ke Myrtle, yo o nang le dingwaga di le 80. * O simolotse go kgweetsa dingwaga di le 60 tse di fetileng mme ga a ise a ko a tlhagelwe ke kotsi ya tsela. Mme gone fela jaaka batho ba bangwe, o setse a utlwa matswela a go tsofala—e leng se se ka nnang sa dira gore go nne motlhofo thata gore a tlhagelwe ke kotsi. Bosheng jaana o ne a raya Tsogang! a re: “Fa o ntse o tsofala go ya pele, sengwe le sengwe mo botshelong [go akaretsa le go kgweetsa] se nna thata.”

Ke eng se a se dirileng gore a se ka a tlhagelwa ke kotsi motlhofo? Myrtle a re: “Go ralala dingwaga ke ne ka tshwanelwa ke go fetola dilo dingwe go tsamaelana le dingwaga tsa me.” Ka sekai, o fokoditse nako e a e fetsang a kgweetsa, segolobogolo bosigo. Phetogo eno e a e dirileng e mo thusa go tswelela a na le rekoto e ntle ya go kgweetsa ka pabalesego kwantle ga gore a tlogele go kgweetsa gotlhelele.

Ke boammaaruri gore go tsofala go ama mongwe le mongwe ka tsela e e sa itumediseng. (Moreri 12:1-7) Re nna le mathata a a farologaneng a botsogo, re simolola go nna bonya go tsibogela dilo le matlho a rona a a koafala—e leng se se dirang gore go nne thata go kgweetsa ka pabalesego. Le fa go ntse jalo, go tsofala ka bogone fela ga go dire gore motho a se ka a tshwanelega go kgweetsa. Sa botlhokwa ke gore motho o kgona go kgweetsa sentle go le kana kang. Go amogela diphetogo tse di diregang mo bokgoning jwa rona jwa mmele le go dira diphetogo tse di tshwanetseng mo tseleng e re dirang dilo ka yone go ka tokafatsa tsela e re kgweetsang ka yone.

O ka tswa o sa lemoge gore tsela e matlho a gago a bonang ka yone e a fetoga. Fa o ntse o tsofala, pono ya gago e a ngotlega mme letha la matlho a gago le tlhoka lesedi le le ntsinyana. Bukana ya setlhogo se se reng The Older and Wiser Driver e bolela jaana: “Mokgweetsi yo o nang le dingwaga tse 60 o tlhoka lesedi le le fetang le le tlhokwang ke mosha wa dingwaga tsa bolesome gararo, mme a ka tsaya lobaka lo lo fetang lo lo tsewang ke mosha gabedi gore matlho a gagwe a tlwaele lesedi leo.” Phetogo eno mo matlhong a rona e ka dira gore go nne thata go kgweetsa bosigo.

Henry o na le dingwaga di le 72 mme o nnile le rekoto ya dingwaga tse di fetang 50 ya go kgweetsa ka pabalesego. Fa dingwaga di ntse di ya o ne a lemoga gore lesedi la dikoloi tse di tlang di lebagane le ene bosigo le ne le mo thatafaletsa go kgweetsa bosigo. Morago ga go tlhatlhobiwa matlho, o ne a lemoga gore o tlhoka digalase tse disha tse di fokotsang lesedi la dikoloi bosigo. Henry a re: “Ga ke tlhole ke na le bothata jwa go kgweetsa bosigo.” Phetogo eno e e sa reng sepe e ne ya mo thusa thata mo go kgweetseng ga gagwe. Mo bathong ba bangwe, ba ba jaaka Myrtle tharabololo e ka nna go tlogela go kgweetsa bosigo gotlhelele.

Go tsofala gape go ama lobelo lo motho a tsibogelang dilo ka lone. Batho ba ba godileng ba ka nna botlhale le go nna le temogo go feta batho ba basha. Le fa go ntse jalo, fa motho a ntse a tsofala, tlhaloganyo e tsaya nako go tsibogela dilo. Seno se dira gore go kgweetsa go nne bokete thata, e re ka maemo a pharakano le a ditsela a fetoga nako le nako. Diphetogo tseno di tshwanetse go akanyediwa ka bonako fa e le gore motho o batla go tsaya dikgato tse di tshwanetseng.

Makasine wa Car & Travel o bega gore “selo se gantsi se dirang gore batho ba ba godileng ba tlhagelwe ke kotsi ke go ralala matshwao a a laolang pharakano.” Ka ntlhayang? Yone pego eno e tswelela jaana: “Go bonala bothata . . . bo amana le fa mokgweetsi yo o godileng a tshwanelwa ke go sekaseka maemo a tsela kafa molemeng le kafa mojeng pele ga a tswa mo marakanelong a ditsela.”

O ka dirang go fenya bothata jwa go nna bonya? Nna kelotlhoko fa o atamela marakanelo a ditsela. Itlwaetse go sekaseka matlhakore otlhe sentle pele ga o tloga. Nna kelotlhoko thata segolobogolo fa o fapogela mo tseleng e nngwe. Go fapoga mo marakanelong a ditsela go ka nna kotsi, segolobogolo fa tsela e o fapogang ka yone e kgabaganya tsela ya dikoloi tse di tlang.

Kwa United States, diperesente di le 40 tsa dikotsi tse di diregang mo marakanelong a ditsela tse di dirwang ke bakgweetsi ba ba nang le dingwaga tse di fetang 75 ke tsa fa ba fapogela kafa molemeng. AAA Foundation for Trafic Safety e akantsha bakgweetsi ba naga eo jaana: “Ka dinako tse dingwe o ka fapogela kafa mojeng gararo gore o fitlhe kwa o yang teng e le go tila go fapogela kafa molemeng.” Gongwe o ka kgona go dirisa molao oo go ya ka maemo a naga e o nnang mo go yone. Ka go rulaganya go sa le pele, o ka kgona go tila marakanelo a ditsela a a kotsi.

Tshwetso e o Tlhokang go e Akanyetsa

Ke eng se se ka go thusang go sekaseka bokgoni jwa gago jwa go kgweetsa? Gongwe o ka kopa tsala nngwe e o e tshepang kana mongwe wa ba lelapa go tsamaya le wena fa o kgweetsa gore a sekaseke bokgoni jwa gago. Morago ga moo, o reetse ka kelotlhoko sengwe le sengwe se ba ka tswang ba se lemogile. Gape o ka nna wa dira tshwetso ya go dira khoso ya go kgweetsa ka pabalesego. Mekgatlho e mentsi ya go kgweetsa e na le dikhoso tse di rulaganyeditsweng bakgweetsi ba ba godileng. Fa go ka direga gore o tlhagelwe ke maemo a mabedi kana go feta a o batlileng o dira kotsi e e masisi mo go one, seo se ka nna sa bo se bontsha gore bokgoni jwa gago jwa go kgweetsa ga bo sa tlhole bo le molemo jaaka pele.

Ke boammaaruri gore nako nngwe o tla tshwanelwa ke go tlogela go kgweetsa gotlhelele. Seno e ka nna tshwetso e e thata go e dira. Myrtle, yo o umakilweng pelenyana, o a itse gore letsatsi lengwe o tla tshwanelwa ke go tlogela go kgweetsa. Fa letsatsi leo le ntse le atamela, o setse a simolotse go kopa ba bangwe gore ba mo kgweeletse. O ikutlwa jang ka go kopa motho yo mongwe gore a mo kgweeletse? O bolela jaana: “Go monate go tsamaya ka koloi o kgweelediwa ke motho yo mongwe.”

Morago ga go akanyetsa kgang eno ka kelotlhoko, le wena o ka ikutlwa ka tsela eno. O ka itumelela thata go ya mabenkeleng le go ya go dira ditiro tse dingwe fa o tsamaya le tsala. Gongwe tsala e ka go kgweeletsa e dirisa koloi ya gago. Go dira jalo go ka dira gore lo babalesege le go itumelela loeto go feta fa o ne o le nosi. Go dirisa dipalangwa tsa botlhe le gone go ka thusa. Se lebale gore ga o botlhokwa fela ka gonne o itse go kgweetsa. Botho jwa gago jo bo molemo ke jone jo bo dirang gore o nne botlhokwa thata mo go ba lelapa la gago, mo ditsaleng tsa gago—le mo Modimong.—Diane 12:2; Baroma 14:18.

E ka ne o godile kana o sa le monnye, o mokgweetsi yo o nang le maitemogelo kana o maithutwane, o ka nna wa tlhagelwa ke kotsi ya tsela. Ela tlhoko gore go kgweetsa ke boikarabelo jo bo masisi. Nna kelotlhoko gore o se ka wa tlhagelwa ke kotsi. Fa o dira jalo, o ka itshireletsa wa bo wa sireletsa le batho ba bangwe mo maetong a mantsi a o sa ntseng o tlile go a tsaya.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Dira gore o robale lobaka lo lo lekaneng

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Go robala go se kae go ka dira gore o diege, mme go ka namola matshelo

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Bakgweetsi ba ba godileng ba na le maitemogelo a magolo mme ba na le mathata a a kgethegileng

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Go molemo fa o sa tsamaye o le nosi