Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Dithapelo Tse Modimo a di Utlwang

Dithapelo Tse Modimo a di Utlwang

“Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa. Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, le mongwe le mongwe yo o senkang o a bona, le mongwe le mongwe yo o kokotang o tla bulelwa.”—LUKE 11:9, 10.

KA NTLHA ya go ikanya mafoko a ga Jesu Keresete a a nopotsweng fa godimo, Bakeresete ba le bantsi ba atamela Modimo ka thapelo fa ba na le mathata le matshwenyego, ba dumela ba sa belaele gore o a ba rata le gore o amega ka bone. Le fa go ntse jalo, bangwe ba betwa ke pelo fa ba letetse gore dithapelo tsa bone di arabiwe. A o akanya gore dithapelo tsa gago ga di arabiwe? A Modimo o a reetsa fa o rapela?

Le fa go ka lebega e kete dithapelo tsa rona ga di arabiwe, seo ga se reye gore Modimo ga a di utlwa. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Gonne matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya mekokotlelo ya bone.” (1 Petere 3:12) Ka gone Jehofa Modimo o utlwa dithapelo tsa basiami, e ka ne ba di buela kwa godimo kana ba di buela mo pelong. (Jeremia 17:10) Jehofa gape o tlhatlhoba dikgopolo le maikutlo a mongwe le mongwe yo o mo rapelang, maikutlo a tota le mong wa one a sa a tlhaloganyeng ka botlalo kana a sa a lemogeng.—Baroma 8:26, 27.

Mme gone, dithapelo di tshwanetse tsa bo di dumalana le melao mengwe ya Modimo e le gore a di amogele. Sa ntlha, di tshwanetse tsa lebisiwa go Modimo fela—e seng go Jesu, go “moitshepi” kana go modimo wa disetwa. (Ekesodo 20:4, 5) Dithapelo di tshwanetse gape tsa dirwa mo leineng la Morwa Modimo, Jesu Keresete. (Johane 14:6) A seno se bolela gore dithapelo tsa rona di utlwiwa pele ke Jesu mme a bo a fetisetsa molaetsa kwa Modimong? Nnyaa. Go na le moo, go rapela Jehofa mo leineng la ga Jesu, go bontsha gore re balatedi ba ga Keresete le gore re dumela gore ke ka thekololo ya gagwe fela go bo re kgona go atamela Modimo.—Bahebera 4:14-16.

Re tshwanetse go bontsha tumelo fa re rapela. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go . . . itumedisa [Modimo] sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Motho a ka itse jang gore o na le tumelo e e ntseng jalo? Mongwe wa bakwadi ba Baebele e bong Jakobe o araba jaana: “Ke tla go bontsha tumelo ya me ka ditiro tsa me.” (Jakobe 2:18) Ee, tumelo e bontshiwa ka ditiro, mme tsone di bontsha gore re rata Modimo le go leka go mo itumedisa.

Gape baobamedi ba Modimo ga ba a tshwanela go fela pelo fa ba rapela. Jesu o bontshitse seno sentle mo go Luke 11:9, 10 e e nopotsweng mo tshimologong. Mme gone, fa motho a rapelela sengwe gangwe fela, a seno ga se bontshe gore ga a tlhoafala ka se a se kopang?

Se Modimo a se Solofetsang

Le fa re ka tswa re rapela gangwe le gape le ka tlhoafalo go le kana kang, re sa ntse re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Le fa gone go le boammaaruri gore Jesu o rile balatedi ba gagwe e tla nna batho ba ba itumetseng, o ne a sa reye gore ga ba kitla ba nna le mathata mo botshelong. (Mathaio 5:3-11) Mme gone, o ne a bolela gore barutwa ba gagwe ba ne ba ka itumela le mororo ba le mo khutsafalong, mo tlaleng, mo lenyoreng kana ba bogisiwa.

Boitumelo jo Jesu a buang ka jone ga bo a ikaega ka kgang ya go tshela re se na mathata. Go na le moo, ke boitumelo jwa go ritibala mo pelong, jo re nnang le jone ka go bo re direla Modimo. Ke gone ka moo re ka kgonang go itumela ka selekanyo se se rileng le fa re lebane le maemo a a sa itumediseng.—2 Bakorintha 12:7-10.

Go Lepalepana le Mathata a Gago ka Namana

A mme go phoso go rapela Modimo o rapelela dilo tsa gago ka namana tse di jaaka go bona molekane yo o tshwanelang wa lenyalo kana go lepalepana le mathata a lelapa, a botsogo le a tiro? Ga go a nna jalo, ka gonne le fa gone Modimo a sa re solofetse gore o tla fedisa maemo a botshelo jwa rona ka kgakgamatso, o tla re fa botlhale gore re kgone go a rarabolola ka katlego. Jakobe o ne a kwala jaana mabapi le diteko: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.” (Jakobe 1:5) Ka jalo Jehofa o tla re kaela ka moya wa gagwe o o boitshepo. Seno se tla re thusa go tlhaloganya le go dirisa melaometheo ya Baebele fa re dira ditshwetso.

Mme gone moya wa Modimo ga o re direle ditshwetso. Go na le moo re tshwanetse go di dira ka borona. Ka sekai, fa re na le bothata, a re dirile dipatlisiso ka ga jone le go batlisisa dikarolo tse di farologaneng ka ga jone? Seno se bontsha Modimo gore re na le tumelo. (Jakobe 2:18) A re leka go rarabolola bothata joo jwa rona re sa fele pelo, re nna re kopa kaelo ya Modimo? (Mathaio 7:7, 8) A re sekasekile melaometheo ya Baebele e e amanang le bothata joo ka kelotlhoko? Lefoko la Modimo le ka dira gore re ‘tshwanelege ka botlalo, re tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.’—2 Timotheo 3:16, 17.

Le fa go le boammaaruri gore Modimo a ka tsenya letsogo mo dikgannyeng tsa batho a bo a fedisa mathata otlhe a rona, o re letleletse go dirisa kgololesego ya rona ya go itlhophela. Ka maswabi, batho ba bantsi ba dirisa kgololesego eno ya bone ya go itlhophela go utlwisa ba bangwe botlhoko. Ka gone mathata mangwe a re a rapelelang a ka nna a se ka a fela go fitlha re tsena mo lefatsheng le lesha la Modimo. (Ditiro 17:30, 31) E ka nna ya bo e le maemo a mo lefelong le re nnang mo go lone, a a jaaka bokebekwa kana ntwa; kana e ka nna go itshokela go ganediwa botlhoko ke baganetsi. (1 Petere 4:4) Re tshwanetse ra lebelela gore mo lefatsheng leno le le tletseng ka batho ba ba boikepo, maemo mangwe a ka se tokafale.

Le fa go ntse jalo, Modimo o rata baobamedi ba gagwe e bile o batla go ba thusa. Fa Bogosi jwa gagwe bo tla bo bo busa lefatshe ka tsela e e di gaisang tsotlhe o tla fedisa mathata a lefatshe ka botlalo. (Tshenolo 21:3, 4) Go fitlha nako eo e goroga, re tshwanetse go mo kopa gore a re thuse go lepalepana le mathata a botshelo re sa fele pelo. Fa re dira jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla diragatsa se a se solofeditseng mo Baebeleng mo go Isaia 41:10: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.”