Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna mo Lefatsheng le le Ratang go Latlha

Go Nna mo Lefatsheng le le Ratang go Latlha

Go Nna mo Lefatsheng le le Ratang go Latlha

BATHO ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologileng ba latlha matlakala a mantsi thata. Ka sekai, akanya ka matlakala a a latlhwang kwa United States ka ngwaga. Ga twe matlakala a teng a ka “lekana le selekanyo sa metsi a a ka tlatsang matamo a go sapa a le 68 000 a boleele jwa dimetara di le 50.” Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, go ne ga fopholediwa gore ngwaga le ngwaga batho ba New York City fela, ba ne ba dira matlakala a a ka katelang paraka ya teng e e kgolo e e bidiwang Central Park ka bogodimo jwa dimetara di le nnè! *

Ga go gakgamatse go bo United States e bidiwa “tlhagiso ya lefatshe lotlhe” fa go buiwa ka “batho ba ba ratang go reka le go latlha.” Mme ga se naga eo fela. Go akanngwa gore ngwaga le ngwaga batho ba Jeremane ba latlha matlakala a a ka tlatsang terena ya dithoto e e boleele jwa dikilometara di le 1 800 e e simologang kwa Berlin, go ya go fitlha mo lobopong lwa Afrika. Mme go kile ga akanngwa gore kwa Boritane lelapa la batho ba le banè le latlha pampiri e e lekanang le ditlhare tse thataro ka ngwaga.

Le dinaga tse di sa ntseng di tlhabologa di na le mathata a matlakala a mantsi. Lekwalodikgang lengwe le le itsegeng le ne la bega jaana: “Selo se se utlwisang botlhoko ke gore bontsi jwa baagi ba polanete eno ba ba dimilione di le dikete tse 6 ba simolola go etsa United States le dinaga tse dingwe tse di tlhabologileng ka go latlha matlakala a mantsi.” Ee, se se salang ke gore, bontsi jwa rona re nna mo gare ga batho ba ba ratang go latlha dilo.

Batho ba nna ba na le dilo tse ba di latlhang. Mme dijo tsa meteme le dijo tse di phuthetsweng di setse di kgona go bonwa motlhofo go feta mo dingwageng tse di fetileng, ka jalo matlakala a ka bonwa gongwe le gongwe. Makwalodikgang, dimakasine, dipampiri tsa papatso le dibuka tse dingwe le tsone di oketsegile.

Lefatshe la rona le le tlhabologileng le dirile gore go nne le mofuta o mongwe wa matlakala. Lekwalodikgang la kwa Jeremane le le bidiwang Die Welt le bolela gore “go latlhiwa dikoloi di ka nna dimilione di le robongwe ngwaga le ngwaga kwa Dinageng Tse di Kopaneng Tsa Yuropa.” Ga go motlhofo go di latlha. Mme gone potso e e thata le go feta ke gore, Go ka latlhwa jang matlakala a nuklea le a dikhemikale ka tsela e e leng gore ga a na a nna kotsi? Ka 1991, go begwa gore United States e ne e na le “mekoakoa ya matlakala a dikhemikale mme go se na lefelo le a ka bolokelwang ruri mo go lone.” Go bolelwa gore ditanka di le milione tsa dikhemikale tse di kotsi di beilwe mo mabolokelong a nakwana mme go nna go na le “kotsi ya gore di ka latlhega, tsa utswiwa mme tsa senya tikologo ka ntlha ya go sa dirisiwe sentle.” Ka 1999 fela, dikgwebo di ka nna 20 000 kwa United States di ne tsa latlha ditone di feta dimilione tse 40 tsa matlakala a a kotsi.

Bothata jo bongwe ke palo ya baagi ba lefatshe e e ileng ya oketsega thata mo lekgolong le le fetileng la dingwaga. Fa batho ba ntse ba ntsifala, matlakala le one a nna a ntsifala! Mme batho ba le bantsi ba rata go reka. Bosheng jaana Worldwatch Institute e ne ya konela ka gore: “Re dirisitse dilo di le dintsi fa e sa le ka 1950 go feta tse re di dirisitseng mo hisitoring yotlhe ya motho.”

Gone ke boammaaruri gore, ke ba le mmalwa fela ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologang ba ba batlang go latlha “dilo tseo.” Ka sekai, akanya fela kafa go leng motlhofo ka teng fa o ya kwa marekisetsong mme o tla o rekile dilo tse di phutheletsweng ruri o tla gae ka tsone di le mo dikgetsaneng tsa pampiri kgotsa tsa polasetiki tsa kwa marekisetsong. Fa batho ba ne ba sa phuthelelwe dilo jalo ka tsela ya segompieno, ba ka lemoga ka bonako gore ba ntse ba ikaegile thata jang ka dilo tseo. Mme fela jaaka go phuthela dilo ka tsela eno go dira gore dilo di nne phepa, gape ka tsela nngwe go dira gore batho ba nne ba itekanetse.

Le fa go na le melemo eo, a re tlhoka go tshwenyega ka gore batho ba gompieno ba ba ratang go latlha dilo ba ka tswa ba setse ba feteletse? Go lebega re tshwanetse go tshwenyega ka gonne dilo tse di farologaneng tse di dirilweng go rarabolola bothata jono jwa matlakala a mantsintsi ga di a dira sepe go fokotsa matlakala a a latlhwang ke batho. Se se maswe le go feta ke gore boikutlo jo batho ba gompieno ba ba ratang go latlha matlakala ba nang le jone bo baka mathata a mangwe a a masisi.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Paraka eo e bogolo jwa diheketara di le 341, kana diperesente di le 6 tsa toropo ya Manhattan.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go latlha matlakala a a kotsi ka tsela e a se kitlang a tlhagisetsa batho ba bangwe kotsi go baka mathata a mangwe a magolo