Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kaelo E e Ka Ikanngwang Kaga Isagwe

Kaelo E e Ka Ikanngwang Kaga Isagwe

Kaelo E e Ka Ikanngwang Kaga Isagwe

A GO se ikanyege ga masaitseweng a dipalo le mefuta e mengwe ya boitseanape go bolela gore ga go tsela e nngwe e re ka itseng isagwe ya rona ka yone? Legoka!

Dipalo tse di sa tsheleng di ka se kgone go bolelela batho isagwe ya bone. Mme ‘Modimo yo o tshelang,’ yo o bolelang “bokhutlo go tswa kwa tshimologong” ene o dirile jalo. O dira seo mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng, e leng Baebele. (1 Timotheo 4:10; Isaia 46:10) Gape ke lefoko la Modimo yo o tshelang, e seng lefoko la baithuti ba masaitseweng a dipalo, le le ‘kgonang go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo’ mme ka jalo le ka kgona go go thusa go tlhaloganya dilo tse di go tlhotlheletsang le tse di ka dirang gore o nne le katlego ya mmatota.—Bahebera 4:12.

Mmopi wa rona, Mokwadi wa Baebele, ke ene fela yo o ka bolelelang pele isagwe ka tsela e e tlhomameng. Seno ke ka gonne Modimo o maatla otlhe, e bile ka metlha o a ikanyega. Jehofa Modimo o ile a re: “Ke bo buile [boikaelelo jwa gagwe] . . . ke tla bo diragatsa.” (Isaia 46:11) Fa Joshua a sena go gorosa Baiseraele kwa Nageng e e Solofeditsweng, o ne a kgona go bua jaana a sa belaele sepe: “Ga go na tsholofetso epe e e neng ya se ka ya diragadiwa mo tsholofetsong yotlhe e e molemo e Jehofa a neng a e solofeditse ntlo ya Iseraele; e ne ya diragadiwa yotlhe fela.”—Joshua 21:45; 23:14.

Baebele e na le dipolelelopele di le dintsi tse di sa ntseng di tlile go diragadiwa. Gareng ga tsone go na le polelelopele ya gore go tlile go fedisiwa boikepo mo lefatsheng le gore le tlile go dirwa paradaise. (Pesalema 37:10, 11; Diane 2:21, 22) A ga o kgatlhegele isagwe e e ntseng jalo? A o a dumela gore Mmopi wa rona o na le botlhale le maatla a go baakanya dilo mo polaneteng eno? Fa e le gore go ntse jalo, o ka rata go sekaseka se Baebele e se bolelang kaga isagwe ya lefatshe. *

Ka gone, dirisa nako ya gago sentle gone jaanong—e seng ka go leka go itse kaga isagwe ya gago go tswa mo dipalong, go na le moo, ka go leka go nna le kitso e e boammaaruri ya Baebele le dipolelelopele tsa yone. Basupi ba ga Jehofa ba iketleeleditse go go thusa go nna le kitso e e oketsegileng kaga isagwe go ya kafa e senotsweng ka teng mo Lefokong la Modimo, Baebele.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Bona kgaolo 1, 10 le 19 tsa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.