Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se o Ka se Dirang fa o Nna mo Gare ga Batho ba ba Ratang go Latlha

Se o Ka se Dirang fa o Nna mo Gare ga Batho ba ba Ratang go Latlha

Se o Ka se Dirang fa o Nna mo Gare ga Batho ba ba Ratang go Latlha

“KA TLHOLEGO . . . ga go na sepe se se bidiwang matlakala.” Go ya ka makasine wa Time, seo ke se moitse mongwe a se buang ka ga go dira dilo sesha. O ne a bua ka tsela e e gakgamatsang e dilo dingwe tse di suleng tsa tlholego di dirisiwang go solegela dilo tse dingwe tsa tlholego molemo ka yone. Go begwa gore ene moitse yoo o akanya gore “batho ba ka etsa go tlhoka matlakala ga tlholego, mme go tla tlhokega boranyane jo bosha jwa saense le gore ba fetole boikutlo thata.”

Gongwe bontsi jwa rona bo ka se kgone go dira boranyane jo bosha jwa saense. Mme re ka laola boikutlo jwa rona! Go nna le boikutlo jo bo siameng ka melaometheo mengwe ya boitshwaro jo bo siameng go tla re thusa go lebana botoka le mathata a a bakwang ke batho ba ba ratang go latlha.

Tila go Senya

Motho a le mongwe mo bathong bangwe le bangwe ba batlhano mo lefatsheng o robala ka tlala. Go itse seno go tshwanetse ga re bontsha botlhokwa jwa go anaanela dijo le go tila go di senya. Banyalani bangwe ba barongwa ba ba neng ba boela Yuropa morago ga go fetsa dingwaga di le 28 e le barongwa mo Afrika ba ne ba re mangwe a mathata a ba nnileng le one gore ba tlwaele naga ya gabone gape e ne e le go lebana le “tsela e batho ba neng ba senya dijo ka teng ka go di latlha.”

Batsadi ba ba botlhale ba ruta bana ba bone gore ba tshole fela dijo tse ba tla kgonang go di ja. Go dira jalo go fokotsa matlakala le tshenyo. Go botoka go tshola dijo tse dinnye mme morago o bo o kopa tse dingwe fa o batla. Batsadi ba tshwanetse go tlhoma sekao. Jesu o ne a re tlhomela sekao rotlhe ka go anaanela dilo tse Modimo a neng a di mo naya, tsa senama le tsa semoya. Baebele e tlhalosa gore Jesu o ne a tila go senya dijo—le fa gone e ne e le dijo tse di neng di dirilwe di le dintsi ka kgakgamatso!—Johane 6:11-13.

Molaomotheo wa go se latlhe gape o ka dirisiwa mo diaparong, fanitšhara le metšhine. Go boloka dilo di le mo boemong jo bontle le go di dirisa ka lobaka lo loleele ka mo go ka kgonegang ka teng go bontsha gore re anaanela se re nang le sone. Ga re a tshwanela go tsiediwa ke ba papatso fa ba leka go dira gore re se ka ra kgotsofalela se re nang le sone ka go re solofetsa sengwe se segolwane, se se botoka, se se bonako le se se nonofileng go feta se re nang le sone. Ke boammaaruri gore, re na le tshwanelo ya go emisetsa dilo tse di sa ntseng di ka dirisiwa ka tse dingwe fa re batla. Mme pele ga re dira jalo, re tshwanetse go tlhatlhoba maikutlo a rona le maikaelelo a rona.

Tila Bopelotshetlha

Fa Baiseraele ba ne ba tsamaya mo nageng ba ya kwa Nageng e e Solofeditsweng, ba ne ba newa dijo tse e neng e le mana. Go ya ka pego ya Baebele, ba ne ba neilwe mana a a lekaneng. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba tlhagisiwa gore ba se ka ba nna pelotshetlha; ba ne ba tshwanetse gore ba tseye fela se ba neng ba se tlhoka. Ba ba neng ba se ka ba reetsa ba ne ba lemoga gore go nna pelotshetlha ga go na mosola, ka gonne mana a a neng a setse a ne a nyeuma diboko mme a simolola go nkga. (Ekesodo 16:16-20) Baebele ka phepafalo e kgala bopelotshetlha thata ka makgetlo a le mantsi.—Baefeso 5:3.

Ga se Baebele fela e e buang jalo. Ka sekai, Seneca, rafilosofi wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa Moroma e bile e le mokwadi wa diterama, o ne a lemoga gore motho yo o pelotshetlha ga a ke a kgotsofala. O ne a re: “Ga go na sepe se se ka kgotsofatsang bopelotshetlha.” Erich Fromm, rafilosofi wa lekgolo la bo20 la dingwaga, le ene o ne a re: “Bopelotshetlha ke lehuti le le sa tlaleng le le lapisang motho fa a ntse a leka go le tlatsa mme a sa kgotsofale.” Go na le dikgato dingwe tse di molemo tse batho ba bantsi ba di tsereng gore ba tile bopelotshetlha le tshenyo.

Ithute go Abela ba Bangwe

Pele ga o latlha dilo tse di sa ntseng di siame, akanya gore ke mang yo o ka ratang go di dirisa. Ka sekai, fa diaparo di sa tlhole di lekana bana, a bana ba bangwe ba ka di newa gore ba di apare? A o ka dira se se tshwanang le ka dithoto tse dingwe tse di sa ntseng di siame mme o sa tlhole o di dirisa thata? Naya motho yo mongwe sengwe gore le ene a itumelele go se dirisa jaaka le wena o ne o itumelela go se dirisa. Mokwadi wa Moamerika le rametlae Mark Twain o kile a kwala jaana: “Gore o itumele thata o tshwanetse go itumela le motho yo mongwe.” Gongwe o lemogile gore fa o itumela le motho yo mongwe o itumela thata. E bile, fa o abela ba bangwe dilo jalo o thusa go fokotsa diphelelo tse di sa siamang tsa go rata go latlha dilo.

Go abela ba bangwe ke nonofo e Baebele e e kgothaletsang thata. (Luke 3:11; Baroma 12:13; 2 Bakorintha 8:14, 15; 1 Timotheo 6:18) Lefatshe le ka bo le le botoka thata fa mongwe le mongwe a ne a rata go abela ba bangwe!

Kgotsofalela Dilo Tse o Nang le Tsone

Motho yo o kgotsofetseng o itumetse. Go ntse fela jalo. Seane sengwe sa Segerika sa re: “Motho yo o sa kgotsofaleleng se sennye a ka se kgotsofatswe ke sepe.” Mme Bajapane ba re: “Yo o sa kgotsofaleng o humanegile.” Baebele le yone e bua sentle ka go kgotsofala. Re bala jaana: “Eleruri, boineelo jono jwa bomodimo mmogo le thetebalo ke tsela ya papadi e kgolo. Gonne ga re a tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe. Jalo, e re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.”—1 Timotheo 6:6-8; Bafilipi 4:11.

Mme gone, go ka nna ga tlhokega gore re “fetole boikutlo thata” gore re kgotsofalele se re nang le sone. Bosheng mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Susanne o ne a lemoga gore o tshwanetse go dira phetogo nngwe. O ne a re: “Ke ipoleletse gore ka gonne ke sa kgone go nna le sengwe le sengwe se ke se batlang, ke tshwanetse go ithuta go rata se ke nang le sone. Jaanong ke itumetse e bile ke kgotsofetse.”

Eleruri kgotsofalo e a itumedisa. Porofesa Argir Hadjihristev, yo e leng moitse wa kwa Bulgaria mo kgannyeng ya go tsofala, a re: “Bosula jo bogolo ke fa motho a sa kgotsofalele bonnye jo a nang le jone.” O oketsa jaana fa a bua kafa go kgotsofala go solegelang motho molemo ka teng mo botsogong: “Motho yo o sa rateng go tshela botoka go feta moagelani wa gagwe, yo o sa lekeng go nna le dilo tse dintsi, o tshela a sa gaisane le ope mme ka jalo a sa ngomolwe pelo ke sepe. Mme seno se siametse ditshika.”

Ee, batho ba ba ratang go latlha dilo ba ka se nne le boitumelo jwa mmatota. Le fa e le jone boikutlo jwa go rata go latlha dilo bo ka se ba leretse boitumelo! Go lebega batho ba le bantsi ba simolola go tlhaloganya seno. A le wena o a se tlhaloganya?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Bana ba tshwanetse go ithuta go tila go senya dijo

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go tila go senya

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke ka ntlha yang fa o sa abele batho ba bangwe dilo tse o sa tlholeng o di tlhoka go na le gore o di latlhe?