Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boithutamarope—A re A bo Tlhoka go Nna le Tumelo?

Boithutamarope—A re A bo Tlhoka go Nna le Tumelo?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Boithutamarope—A re A bo Tlhoka go Nna le Tumelo?

Ka 1873 moruti wa Moesemane e bong Samuel Manning o ile a kwala jaana malebana le Jerusalema: “Bajanala go tswa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe ba thologela mo lefelong leno. Dipota tse di wang, mebila e e leswe, marope a a swafetseng, di tseelwa kwa godimo le go kgatlhegelwa ke dimilione tsa batho go feta mafelo ape a mangwe mo lefatsheng.”

GO KGATLHEGELA Naga e e Boitshepo ga go bolo go ngoka batho bobotlana go tloga ka nako ya Molaodimogolo wa Roma e bong Constantine. * Go fetile dingwaga di ka nna 1 500 bajanala ba bodumedi ba etela teng ba batla go amana le Naga e e Boitshepo ka namana le ka dilo tsa bodumedi. Le fa go ntse jalo, selo se se gakgamatsang ke gore, ke fela fa lekgolo la bo19 la dingwaga le ne le simologa bakanoki ba ileng ba simolola go tla le bajanala bano, ka go dira jalo ba simolola motlha wa boithutamarope jo bo amanang le Baebele—go ithuta ka ditiro, mafelo le dipuo tsa batho ba bogologolo ba Naga e e Boitshepo.

Dilo tse di ileng tsa ribololwa ke baithutamarope di ile tsa thusa batho thata go tlhaloganya dilo tse dintsi kaga metlha ya go kwalwa ga Baebele. Gape, gantsi dipego tsa baithutamarope di ile tsa dumalana le ditiragalo tsa Baebele. Mme gone a Mokeresete o tlhoka kitso e e ntseng jalo gore a nne le tumelo? Go araba potso eno, a re lebise tlhokomelo ya rona mo lefelong le baithutamarope ba dirileng dithibololo tse dintsi mo go lone—motse wa Jerusalema le tempele ya one.

‘Leje ga le Kitla le Tlogelwa Godimo ga Leje le Lengwe’

Jesu Keresete o ne a tswa mo tempeleng kwa Jerusalema lekgetlo la bofelo a na le bangwe ba barutwa ba gagwe ka dikgakologo tsa Nisane 11, 33 C.E go ya ka khalendara ya Sejuda. Fa ba ntse ba le mo tseleng go ya kwa Thabeng ya Lotlhware, mongwe wa barutwa ba gagwe o ne a re: “Moruti, bona! gore maje ano ke a mofuta ofe le gore dikago tseno ke tsa mofuta ofe!”—Mareko 13:1.

Bajuda bano ba ba ikanyegang ba ne ba rata Modimo le tempele ya gagwe fela thata. Ba ne ba le motlotlo ka dikago tseno tse dikgolo tse dintle tse di sa bolong go nna di emela setso sa bone ka masome a dingwaga a le 15. Jesu o ne a araba potso ya barutwa ba gagwe ka tsela e e tshosang: “A o bona dikago tse dikgolo tseno? Leje ga le kitla le tlogelwa ka gope fano le le mo godimo ga leje le lengwe mme le sa digelwa fa fatshe.”—Mareko 13:2.

E re ka jaanong Mesia yo o solofeditsweng a ne a gorogile, go ne go ka tla jang gore Modimo a letlelele gore tempele ya gagwe e senngwe? Barutwa ba ga Jesu ba ne ba ka tlhaloganya kgato ka kgato se a neng a se bolela fa fela ba ne ba ka thusiwa ke moya o o boitshepo. Mme gone, mafoko a ga Jesu a amana jang le boithutamarope jo bo amanang le Baebele?

“Motse” o Mosha

Setšhaba sa Bajuda se ne sa latlhegelwa ke kamano ya sone e e molemo le Modimo ka Pentekosete ya 33 C.E. (Mathaio 21:43) Seno se ne sa dira gore ba tseelwe maemo ke sengwe se segolo le go feta—puso ya selegodimo e e tla leretseng batho botlhe masego. (Mathaio 10:7) Jerusalema le tempele ya yone di ne tsa senngwa ka 70 C.E., fela jaaka Jesu a ile a porofeta. Boithutamarope bo tshegetsa pego ya Baebele kaga tiragalo eo. Le fa go ntse jalo, tumelo ya Bakeresete ga ya ikaega ka go ribololwa ga marope a tempele eo ya bogologolo. Ba beile tumelo ya bone mo go Jerusalema yo mongwe, yo e leng motse wa mofuta o sele.

Ka ngwaga wa 96 C.E., moaposetoloi Johane yo o neng a utlwile fa Jesu a ne a porofeta gore Jerusalema le tempele ya yone di ne di tla senngwa le yo o neng a tshela go fitlha a bona seo se diragadiwa, o ne a newa ponatshegelo e e latelang: “Gape ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema yo Mosha, o fologa o tswa legodimong kwa Modimong.” Lentswe le le tswang kwa setulong sa bogosi le ne le re: “O tla aga le [batho], mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:2-4.

“Motse” ono o dirilwe ka Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tla nnang dikgosi le Keresete kwa legodimong. Ba tla nna babusi le ene mo pusong ya selegodimo—Bogosi jwa Modimo—jo bo tla busang lefatshe, bo dira gore batho ba bowe ba itekanele gape ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete. (Mathaio 6:10; 2 Petere 3:13) Bakeresete ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba ba neng ba tlile go nna bontlhanngwe jwa setlhopha seo, ba ne ba lemoga gore ga go na sepe se ba neng ba na le sone mo tsamaisong ya dilo ya Sejuda se se neng se ka lekana le tshiamelo ya go busa le Keresete kwa legodimong.

Moaposetoloi Paulo o bua mo boemong jwa bone botlhe fa a bua jaana ka maemo a a kwa godimo a o neng a kile a nna le one mo bodumeding jwa Sejuda: “Dilo le fa e le dife tse e neng e le dipoelo mo go nna, ke di tsere e le tatlhegelo ka ntlha ya ga Keresete. Aitsane, ka ntlha ya seo, eleruri gape ke tsaya dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka ntlha ya mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu Morena wa me.”—Bafilipi 3:7, 8.

Ga go pelaelo gore mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo ga a bolele gore Molao wa Modimo le thulaganyo ya tempele di tshwanetse go nyadiwa e re ka Paulo a ne a tlotla dithulaganyo tseno tsa Modimo thata. * (Ditiro 21:20-24) O ne a bontsha fela gore thulaganyo ya Bokeresete e ne e feta tsamaiso ya Sejuda ka maemo.

Ga go pelaelo gore Paulo le Bakeresete ba bangwe ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le kitso e e maleba ka dilo tse di farologaneng tse di kgatlhang tsa tsamaiso ya dilo ya Sejuda. Mme e re ka boithutamarope bo re thusa ka tshedimosetso ya dilo tsa nako e e fetileng, gone jaanong Bakeresete ba kgona go tlhaloganya dingwe tsa dilo tseo. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Paulo o ne a raya lekawana Timotheo gore le ne le tshwanetse go tlhoma mogopolo wa lone thata mo go eng: “Tlhatlhanya ka dilo tseno [tse di amanang le phuthego ya Bokeresete]; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.”—1 Timotheo 4:15.

Re itumelela gore boithutamarope jo bo amanang le Baebele bo re thusitse go oketsa kitso ya rona ka ditiragalo tsa Baebele. Mme gone, Bakeresete ba a lemoga gore tumelo ya bone e ikaegile ka Lefoko la Modimo, Baebele, e seng ka bosupi jo bo epolotsweng ke batho.—1 Bathesalonika 2:13; 2 Timotheo 3:16, 17.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Constantine le mmaagwe e bong Helena, ba ne ba kgatlhegela go itse mafelo a a boitshepo a Jerusalema. Mmaagwe o ne a etela Jerusalema ka namana. Batho ba bangwe ba bantsi le bone ba ne ba dira jalo mo makgolong a dingwaga a a neng a latela.

^ ser. 15 Go ne ga feta nakonyana Bakeresete ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Jerusalema ba boloka melawana e e rileng ya Molao wa ga Moshe, mme go ka direga gore ba ne ba dira seo ka ntlha ya mabaka a a latelang. Molao oo o ne o tlhomilwe ke Jehofa. (Baroma 7:12, 14) Bajuda ba ne ba setse ba o rata thata ka gonne e ne e setse e le ngwao ya bone. (Ditiro 21:20) O ne o setse o fetogile molao wa naga mme fa Bakeresete ba ne ba ka ganetsana le one ba ne ba tla dira gore molaetsa wa bone o ganediwe go sa tlhokege.

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Fa godimo: Jerusalema ka 1920; ledi la Roma le le neng le dirisiwa ke Bajuda ka 43 C.E.; garenate e e dirilweng ka lonaka lwa tlou, e go ka diregang gore e tserwe mo tempeleng ya ga Solomone, mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E.

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Tsebe 2 le 16: Coin: Photograph © Israel Museum, Jerusalem; courtesy of Israel Antiquities Authority; pomegranate: Courtesy of Israel Museum, Jerusalem