Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Senka Tharabololo

Go Senka Tharabololo

Go Senka Tharabololo

GO TLOGA ka 1972 dinaga tse di fetang lekgolo di ne tsa saena tumalano e e amang dinaga tsotlhe e e neng e iletsa go dirwa ga dibetsa tsa megare le go di boloka. Tumalano eno e e neng ya bidiwa Kokoano Kaga Dibetsa Tsa Megare le Tsa Botlhole (Biological and Toxin Weapons Convention [BTWC]), e ne e le ya ntlha go thibela mofuta o o rileng wa dibetsa. Phoso ya yone e nnile gore e ne ya palelwa ke go tlhoma tsela e e neng e tla tlhomamisa ka yone gore dinaga di ikobela melao eno.

Ga go motlhofo go tlhomamisa gore dinaga ga di tswelele pele go dira dibetsa tsa megare, e re ka ditsela le kitso tse di dirisiwang ka boikaelelo jwa go lere kagiso di ka dirisiwa gape go dira dibetsa tsa megare. Go “dirisiwa gabedi” gono ga boranyane jwa megare go dira gore go nne motlhofo gore madirelo le dilaboratori tse di kafa molaong tse go lebegang di sa dire sepe se se amanang le bosole di dire dibetsa tsa megare go sa lemogiwe.

Go rarabolola bothata jwa go palelwa ke go tlhomamisa gore ga go dirwe dibetsa tseno, ka 1995 baemedi ba dinaga tse di farologaneng ba ne ba simolola go buisana ka go dira tumalano e dinaga tsotlhe di tla itlamang gore di tla e ikobela. Ba ne ba fetsa dingwaga di le thataro ba ntse ba akanyetsa ditsela tse di ka dirisiwang go tlhomamisa gore dinaga di ikobela tumalano ya BTWC. Ka December 7, 2001, kokoano ya dibeke di le tharo e e neng ya tsenelwa ke dinaga di le 144 tse di neng di saenetse tumalano ya 1972 e ne ya felela ka tlhakatlhakano. Bothata e ne e le gore naga ya United States e ne ya gana go dumalana le kakantsho ya konokono e e neng e tla tlhomamisa gore go ikobelwa tumalano ya BTWC. Naga ya United States e ne ya se ka ya dumalana le kgang ya gore batswakwa ba tle go sekaseka mafelo a yone a sesole le madirelo, ka go tshaba gore ba tla nna ditlhodi.

Se se Larileng Kwa Pele

Boranyane jwa megare bo ka kgona go dira dilo tse dintsi tse di molemo le tse di bosula. Maranyane a mangwe a magolo—a a jaaka saense ya dimetale, go dira dibomo, dienjene, difofane le didirisiwa tsa motlakase—otlhe a ile a dirisiwa e seng fela ka maikaelelo a a molemo mme gape a ile a dirisiwa le mo dilong tsa ntwa. A go ntse jalo le ka boranyane jwa megare? Batho ba le bantsi ba akanya jalo.

Pego ya 1999 ya Komishene ya United States ya Pabalesego ya Naga e ne ya bolela jaana: “Ditlhopha tsa batho le batho ka bongwe . . . ba tla nna le tlhotlheletso le maatla, mme ba le bantsi ba tla nna le didirisiwa tse di kotsi tse di ka bakang tshenyo. . . . Go tla nna le ditiragalo tse dintsi tsa go se akanyetse maemo tse di tla dirwang ke balweladitshwanelo le batho bangwe ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke tlhagafalo ya bodumedi, se go bonalang e le megopolo ya bodumedi e e feteletsang dilo kana kgalefo e kgolo. Jaanong dirukutlhi di ka dirisa boranyane jo pele bo neng bo dirisiwa fela ke dinaga tse dikgolo di bo dirisetsa go tlhasela mafelo a magolo a batho ba nnang mo go one.”

Le fa gone re sa itse se se tla diragalang mo nakong e e tlang, gone re itse se Modimo a ikaeletseng go se direla batho. Baebele e solofetsa gore go tlile go tla nako e ka yone batho mo lefatsheng ‘ba tla nnang ka polokesego, go se na ope yo o ba tshosang.’ (Esekiele 34:28) Gore o utlwe go le gontsi ka tsholofetso eo e e gomotsang, ikopanye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kana o kwalele kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Babatlisisi ba batla ditsela tsa go reba mogare wa bolwetse jwa lobete bogale

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo courtesy of Sandia National Laboratories

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Kokoano ya Dibetsa Tsa Megare ya November 19, 2001, kwa Switzerland

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/Donald Stampfli

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Baebele e solofetsa nako e ka yone batho botlhe ba tla ‘nnang ka polokesego’