Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mathata a Mantsi a Batsadi Ba ba Se Nang Balekane

Mathata a Mantsi a Batsadi Ba ba Se Nang Balekane

Mathata a Mantsi a Batsadi Ba ba Se Nang Balekane

“Ke fetsa nako e ntsi ke kgoberegile maikutlo. Ke fetsa masigo ke le mo ntlwaneng ya botlhapelo ke lela. Dilo ga di motlhofo le e seng.”—JANET, MMÈ YO E LENG MOTSADI YO O NOSI WA BANA BA BARARO.

GO NA le dilo di le dintsi tse di dirang gore batho ba nne batsadi ba ba se nang balekane. Malapa mangwe a nna le motsadi yo o nosi ka ntlha ya dintwa, masetlapelo a tlholego kana malwetse.

Batsadi bangwe ba dira tshwetso ya gore ba se ka ba nyalana. Ka sekai, kwa Sweden mo e batlang e le halofo ya bana ba teng ba tsholwa ke batsadi ba ba sa nyalwang. Tlhalo le yone e dira gore go nne le malapa a motsadi yo o nosi. Dipatlisiso di bontsha gore diperesente tse di fetang tse 50 tsa bana ba Amerika ba tla fetsa nako e e rileng ya bonyana jwa bone ba golela mo lelapeng la motsadi yo o nosi.

Go Tlhaloganya Mathata a Gone

Bommè ba ba sa tswang go nna batlholagadi ba na le maikarabelo a a boima. Ba tshwanelwa ke go dira maikarabelo a bone a mo lelapeng fa ba sa ntse ba le mo khutsafalong ya go swelwa ke molekane. Go ka tsaya dikgwedi di le dintsi, tota le e leng dingwaga, gore ba tlwaele maikarabelo ano fa ba ntse ba lepalepana le mathata a tsa madi le go tshwanelwa ke go gomotsa bana ba bone. Go ka nna thata tota gore mmè yono wa motlholagadi a kgone go dira maikarabelo ano a masha sentle. Seno se ka nna sa dira gore ngwana a se ka a kgona go bona tlhokomelo e e molemo ya motsadi ka nako eno e a tlhokang tlhokomelo le kgothatso thata ka yone.

Gantsi bommè ba ba sa nyalwang ke batho ba ba sa leng bannye thata e bile ga ba na maitemogelo. Ba ka nna ba bo ba sa fetsa sekolo. Go ka direga thata gore ba humanege le go bereka mebereko e e sa ba dueleng sentle ka gonne ba se na kitso e e lekaneng mo tirong. Fa ba masika a bone ba ba jaaka batsadi ba sa ba thuse, ba ka nna le maikarabelo a mangwe a go senkela bana ba bone mafelo a a siameng a ba ka tlholang ba tlhokometswe kwa go one. Gape bommè bano ba ba sa nyalwang ba ka tswa ba lwantshana le maikutlo a a ba kgobang marapo a a jaaka go tlhabiwa ke ditlhong le go jewa ke bodutu. Ba bangwe ba ka nna le poifo ya gore go nna le ngwana go ka ba senyetsa tshono epe fela ya go bona molekane yo o siameng wa lenyalo. Fa bana ba batsadi bao ba ntse ba gola, le bone ba ka tshwenngwa ke dipotso tse di se nang dikarabo tse di malebana le maemo a ba goletseng mo go one le go batla go itse motsadi yo mongwe yo ba sa nneng le ene.

Batsadi ba ba tlhalanang le bone ba na le mathata a magolo. Batsadi bangwe ba ka galefisiwa ke go bo ba tlhalana. Maikutlo a go inyatsa le go ikutlwa ba sa ratiwe le one a ka dira gore bangwe ba se ka ba kgona go thusa bana ba bone ka dilo tse ba di tlhokang mo maikutlong. Go ka nna thata mo go bommè ba e leng la ntlha ba bona tiro gore ba tlwaele maikarabelo a go tlamela lelapa. Ba ka ikutlwa ba se na nako le maatla a go tlhokomela bana ka dilo tse ba di tlhokang, ba le bone ba tshwanelwang ke go itlwaetsa maemo a a fetogileng thata morago ga go tlhalana ga batsadi.

Mathata a a Kgethegileng a Batsadi ba ba Tlhadilweng

Batsadi ba ba se nang balekane ba a itse gore dilo tse ngwana mongwe le mongwe wa bone a di tlhokang ga di tshwane le tsa ba bangwe le gore di nna di fetofetoga. Batsadi ba ba tlhadilweng ba ka nna le mathata a a kgethegileng fa ba leka go neela bana ba bone kaelo e e molemo ya semoya.

Ka sekai, batsadi bangwe ba ba tlhadilweng ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ka nna ba bo ba sa newa tshwanelo ya go nna le bana ba bone. Ba tlhopha go etelwa ke bana ba bone ka nako e e tla ba kgontshang go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete le bana ba bone. Thulaganyo eno ya go eta e tla thusa ngwana go kopanela le phuthego ya Bokeresete, e leng selo se se botlhokwa thata mo baneng ba batsadi ba bone ba tlhalaneng.

Batsadi ba ba tlhadilweng ba ba sa nneng le ditshono tse dintsi tsa go kopana le bana ba bone ka metlha, ba tshwanetse go senka ditsela tsa go tlhomamisetsa bana ba bone gore ba a ba rata le gore ba amega ka bone. Gore motsadi a atlege, o tshwanetse go akanyetsa maikutlo a a fetofetogang a ngwana. Go ntse jalo segolobogolo fa ngwana a fitlha mo dingwageng tsa bosha mme a simolola go kgatlhegela boitlosobodutu le go nna le ditsala.

Gape motsadi yo o molemo o tlhaloganya bokgoni jwa ngwana wa gagwe, botho jwa gagwe le tsela e ngwana a akanyang ka yone. (Genesise 33:13) Motsadi le ngwana ba itumelela botsalano jo bo molemo le go tlotla mmogo. Ka dinako tsotlhe ba buisana ba gololesegile. Ngwana o nna le seabe mo botshelong jwa motsadi, motsadi le ene o nna le seabe mo botshelong jwa ngwana.

Go Botlhokwa go Nna Tekatekano

Fa batsadi ba sena go tlhalana, bana ba solegelwa molemo ke go bonana le batsadi ka bobedi. A re re batsadi ke ba madumedi a a sa tshwaneng; yo mongwe ke Mosupi wa ga Jehofa yo mongwe ga se ene. Go buisana ka metlha ba bulelana mafatlha go ka dira gore ba tile dikgotlhang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Nna motho yo o itsegeng ka go nna tekatekano.” (Bafilipi 4:5, Phillips) Bana ba tshwanetse go rutwa go tlotla tshwanelo ya batsadi ka bobedi ya go tshela go ya ka dithuto tsa bodumedi jwa bone.

Motsadi yo e seng Mosupi a ka nna a batla gore ngwana a ye le ene kwa kerekeng ya gagwe. Ke eng se motsadi yo e leng Mosupi wa ga Jehofa a ka se dirang? Le ene a ka ruta ngwana dilo tse a di dumelang. Fa nako e ntse e ya, ngwana a ka itirela tshwetso ya gore o batla go nna wa bodumedi bofe, fela jaaka go ile ga direga ka Timotheo yo o mmotlana, yo go bonalang mmaagwe le nkokoagwe ba ile ba mo ruta melaometheo ya Baebele. (2 Timotheo 3:14, 15) Fa ngwana a ikutlwa a sa gololesega go ya dikokoanong tsa bodumedi bo sele, gongwe a ka akanya ka Naamane yo go buiwang ka ene mo Baebeleng, yo e neng ya re a sena go nna moobamedi wa boammaaruri a neng a tswelela pele ka go diragatsa ditiro tsa gagwe ka go tsamaya le kgosi e e neng e obamela kwa ntlong ya ga Rimone. Pego eno e ka nna ya tlhomamisetsa ngwana gore Jehofa o a mo rata le gore o a tlhaloganya le fa gone a tshwanelwa ke go nna gone kwa dikokoanong tsa bodumedi jo a sa bo tlwaelang.—2 Dikgosi 5:17-19.

Motsadi yo o molemo o kgona go bopa tsela ya go akanya ya bana le go tlhaloganya maikutlo a bone. (Duteronome 6:7) Ke boammaaruri gore, batsadi ba ba iseng ba ko ba nyalwe ba ka nna ba tlhabisiwa ditlhong ke tsela e ba neng ba tshela ka yone pele. Le fa go ntse jalo, batsadi ba ba ntseng jalo ba tshwanetse ba se lebale gore bana ba na le batsadi ba babedi. Bana ba batla go itse batsadi boobabedi, e bile ba tlhoka go ikutlwa ba ratiwa e seng go ikutlwa ba nnile gone fela ka phoso. Motsadi a ka dira gore ngwana a ikutlwe a ratwa fa a bua ka tlotlo ka motsadi yo o seyong le go araba dipotso tsa ngwana ka tsela e motho wa dingwaga tsa ngwana a ka e tlhaloganyang.

Batsadi ga ba a tshwanela go lebala gore tsela e ngwana a tla lebang lorato, tlotlo le taolo ka yone e tlhotlhelediwa ke kamano e a nang le yone le motsadi. Fa motsadi yo e leng Mokeresete a dirisa taolo ya gagwe sentle, seo se ka thusa ngwana thata gore a rate Jehofa le go tlotla dithulaganyo tsa phuthego.—Genesise 18:19.

Tirisanommogo ya Bana e Botlhokwa

Bana ba malapa a motsadi yo o nosi le bone ba tshwanetse go tlhaloganya gore go botlhokwa gore ba nne le tirisanommogo gore lelapa le atlege. (Baefeso 6:1-3) Tsela e ba ikobelang taolo ya motsadi ka yone e bontsha gore ba rata motsadi le gore ba tlotla maiteko a magolo a motsadi a a dirang gore lelapa e nne le le sireletsegileng le le le itumetseng. E re ka puisano e akaretsa matlhakore a mabedi, bana ba malapa a motsadi yo o nosi ga ba a tshwanela go lebala gore ba tshwanetse go iketleeletsa go ema maiteko a motsadi nokeng a go leka go dira gore lelapa le nne le puisano e e molemo.—Diane 1:8; 4:1-4.

Gantsi bana ba malapa a a ntseng jalo ba tshwanelwa ke go sikara maikarabelo ka bonako go feta ba malapa a batsadi ba babedi. Fa bana bano ba rutwa ka lorato le ka bopelotelele, ba tla kgona go itshepa le go itlotla fa ba ntse ba ithuta maikarabelo a botshelo ba sa le bannye. Gape bana ba ka abelwa ditiro dingwe e le gore ba thuse gore go nne le tolamo mo lelapeng.

Seno ga se bolele gore motsadi yo o nosi o tshwanetse a dira gore bana ba nne jaaka e kete ke bagolonyana ba ba ikemetseng ka nosi ba ba sa tlhokeng kaelo ya motsadi. Ruri ga go botlhale go tlogela bana fela ba itirela se ba se ratang ba sa thusiwe.

Gantsi batsadi ba ba se nang balekane ba na le go nna le kakanyo e e phoso ya gore ba tshwanetse go nna ditsala tse di ntshanang seinong le bana ba bone. Le fa gone go le botlhokwa gore batsadi ba ba se nang balekane ba nne le botsala jo bo molemo le bana ba bone, ga ba a tshwanela go lebala gore bana ba tlhoka thuso ya motsadi le gore ngwana ga a nonofa sentle mo maikutlong go ka nna tsala e motsadi a ka ntshanang seinong le yone. Bana ba gago ba tlhoka gore o itshware jaaka motsadi mo go bone.

Fa batsadi ba ba se nang balekane le bana ba bone ba dirisana mmogo sentle ka go nna le kamano e e molemo, seo se ka dira gore lelapa e nne le le itumetseng. E re ka palo e e ntseng e oketsega ya bana e golela mo malapeng a motsadi yo o nosi, batho ba tshwanetse go itse dikgwetlho tse batsadi ba ba se nang balekane le bana ba bone ba lebanang le tsone mme ba ba kgothatse ka lorato le go ba ema nokeng.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Tsela e go Amang Bana ka Yone

Bontsi jwa batsadi ba ba se nang balekane ga ba nne le nako e ntsi e ba ka e fetsang ba na le mongwe le mongwe wa bana ba bone jaaka go ntse ka batsadi ba babedi. Ka dinako tse dingwe motsadi yo o nosi a ka nna le molekane yo a sa nyalanang le ene. Le fa go ntse jalo, botshelo jwa batho ba ba nnang mmogo fela ba sa nyalana ga bo a tlhomama jaaka jwa batho ba ba nyalaneng. Go ka direga gore bana ba malapa a a ntseng jalo ba bone fela go tla go nna borre kana bommè ba ba farologaneng mo lelapeng la bone.

Go ya ka dipatlisiso dingwe, “go ka direga thata gore bontsi jwa bana ba malapa a motsadi yo o nosi ba se ka ba nna le botshelo jo bo ritibetseng go feta bana ba malapa a a feletseng.” Le fa go ntse jalo, tshekatsheko e e tseneletseng ya dipatlisiso tseno e bontsha gore go tlhoka madi e ka tswa e le “sone selo se segolo se se dirang gore go nne le pharologano gareng ga bana ba mefuta e e farologaneng ya malapa.” Ke boammaaruri gore seno ga se bolele gore bana ba malapa a motsadi yo o nosi ba ka se ka ba kgona go atlega. Ba ka kgona go fenya dilo tse di kgobang marapo fa ba neelwa kaelo le thapiso e e tshwanetseng.