Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Matlhotlhapelo A a Ka Nnang a Direga”

“Matlhotlhapelo A a Ka Nnang a Direga”

“Matlhotlhapelo A a Ka Nnang a Direga”

AKANYA go direga ditiragalo tse di latelang. Dirukhutlhi di anamisa megare ya bolwetse jwa sekgwaripana ka bokhukhuntshwane mo marekelong a le mararo kwa United States. Megare eno e tshwaetsa bareki ba sa lemoge. Go ise go ye kae—mo lobakeng lwa beke fela—dingaka di lemoga bolwetse jono mo bathong ba le 20. Mo malatsing a a latelang, megare eo e anamela mo bathong ba bangwe. Batho ba tsenwa ke tsebetsebe. Go tsoga dikhuduego tse dikgolo. Ditheo tsa kalafi ga di kgone go lepalepana le seemo seno. Melelwane e a tswalwa. Ikonomi e a phutlhama. Bolwetse jono bo setse bo anametse kwa dikgaolong tse 25 le kwa dinageng tse dingwe tse 10 mo malatsing a le 21 fela fa e sa le megare eno e anamisiwa la ntlha. Ka nako eo, batho ba le 16 000 ba setse ba tshwaeditswe ke bolwetse mme ba le 1 000 ba setse ba sule. Dingaka di fopholetsa gore mo dibekeng tse di latelang tse tharo, palo ya batho ba ba tshwaeditsweng e tla bo e tlhatlogile go nna 300 000. Bontsi jwa bone ba tlile go swa.

Seno ga se tlhamane fela ya baesekopo e e buang ka dilo tsa saense. Ke tiragalo e go neng ga dirisiwa khomputara go e bonela pele gore e ka nna ya direga fa go ka tlhaga seemo se se ntseng jalo. Tiragalo eo e ne ya bonelwa pele ka June 2001 ke setlhopha sa badiradipatlisiso. E ne ya bidiwa gore ke “Matlhotlhapelo A a Ka Nnang a Direga.”

Batho ba le bantsi ba ile ba simolola go tlhaloganya pego eno ya “Matlhotlhapelo A a Ka Nnang a Direga” ka tsela e ntšha morago ga ditiragalo tsa September 11, 2001. Go tlhaselwa ga World Trade Center kwa New York City le ga Pentagon kwa Washington, D.C., go ile ga bontsha gore go na le batho ba ba setlhogo ba ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke letlhoo ba ikemiseditseng go gaila batho ka bontsi. Mo godimo ga moo, ditlhaselo tseo di ne tsa bontsha gore United States, tota le dinaga tse dingwe tsotlhe, di ka tlhaselwa motlhofo fela. Re tshela mo motlheng o mo go one dirukhutlhi di ka gailang diketekete tsa batho ka ponyo ya leitlho.

Ka bonako fela morago ga ditlhaselo tsa September 11, boradipolotiki ba United States le babegadikgang ba ne ba romelelwa makwalo a a nang le megare e e kotsi ya bolwetse jwa lobete. Batho ba ne ba tsenwa ke poifo. Bobegadikgang le baitse ba ne ba gakatsa poifo ya batho ka go fopholetsa gore dirukhutlhi di ka nna tsa tlhasela batho ka megare e e kotsi go feta ya lobete—ka sekai, ya kgogodi kana sekgwaripana. Gongwe “dinaga dingwe tse di tlhogoethata” di ne di setse di dira megare e e ntseng jalo mo dilaboratoring tsa tsone tsa sephiri. Akanya ka dikai tsa dilo tseno tse di neng tsa kwalwa bosheng jaana:

“World Medical Association e lemogile gore go na le matshosetsi a a ntseng a golela pele a gore go ka nna ga dirisiwa dibetsa tsa megare go baka maroborobo a malwetse a a ka anamang mo dinageng tsotlhe. Dinaga tsotlhe di mo kotsing. Go anamisiwa ga megare e e bakang malwetse a a jaaka jwa sekgwaripana, jwa kgogodi le jwa lobete go ka baka masetlapelo a magolo ka ntlha ya go lwala le go swa ga batho go go tla gakadiwang ke letshogo le le tla welang batho ka ntlha ya malwetse ano.”—American Medical Association.

“Dibetsa tsa megare tsone di bofitlha, ga di tshwane le dibomo le digase tsa ntwa: bolwetse bo simolola ka bonya bo sa lemotshege. Kwa tshimologong go ka ya batho ba se kae fela kwa dikokelong. Matshwao a bone a ka nna a tsietsa dingaka kana a bonala a tshwana le a malwetse a mangwe a a tlwaelegileng. E tla re ka nako e ba tsa kalafi ba lemogang ka yone gore go direga eng, metse yotlhe e tla bo e setse e tshwaeditswe.”—Makasine wa Scientific American.

“Fa go ne go ka anamisiwa mogare wa sekgwaripana gompieno, bontsi jwa baagi ba lefatshe ba ne ba se kitla ba kgona go iphemela, mme e re ka mogare ono o na le go bolaya diperesente di le 30 tsa batho ba o ba tshwaeditseng, o ka nna wa bolaya batho ba ka nna dimilione di le dikete tse pedi.”—Makasine wa Foreign Affairs.

‘Dinaga tsotlhe di ka nna mo kotsing. Metse yotlhe e ka tshwaetsega. Go ka nna ga swa batho ba le dimilione di le dikete tse pedi.’ Mafoko ano ga se mafoko a a itumedisang. Mme gone, go na le ditshono tse di kana kang tsa gore go runye masetlapelo ano a dibetsa tsa megare? Baitse ba akanya thata ka potso eno. Setlhogo se se latelang se tla go thusa go tlhaloganya dintlha dingwe tse di amanang le kgang eno.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Masole a tsibogela sekai sa tlhaselo ya dibetsa tsa megare

[Motswedi wa Setshwantsho]

DoD photo by Cpl. Branden P. O’Brien, U.S. Marine Corps