Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motsadi yo o Nosi, Mme Gone e se Motshelanosi

Motsadi yo o Nosi, Mme Gone e se Motshelanosi

Motsadi yo o Nosi, Mme Gone e se Motshelanosi

“Selo se se dirang gore ke itumelele go nna mmè thata ke fa banake ba tla gae mme ba fitlha ba ntlamparela le go mpolelela gore ba a nthata.”—DORIS, MMÈ YO O NOSI WA BANA BA BABEDI.

BATSADI ba ba se nang balekane ba ka kgothadiwa ke mafoko ano a Baebele: “Bana ke lesego le mpho e e tswang mo go MORENA.” (Pesalema 127:3, Contemporary English Version) Bana ba ba golelang mo malapeng a motsadi yo o nosi le bone ba botlhokwa fela jalo mo Modimong. Mmopi wa rona o rata go bona malapa a motsadi yo o nosi a atlega. Baebele e bua jaana ka ene: “O namola mosimane yo o se nang rraagwe le motlholagadi.” (Pesalema 146:9) Batsadi ba ba se nang balekane ba ka tlhomamisega gore Modimo o iketleeleditse go ba ema nokeng.

Ngwana o tshwanetse a godisediwa mo lelapeng le le nang le lorato le le le sireletsegileng le le tla dirang gore a gole sentle mo mmeleng, mo maikutlong le semoyeng. Ke boikarabelo e bile ke tshiamelo ya motsadi mongwe le mongwe gore a dirisiwe ke Modimo go thapisa ngwana.

Batsadi ba le bantsi ba ba se nang balekane ba ile ba kgona go atlega ka ntlha ya go rapela ka tlhoafalo, go dirisa melaometheo ya Baebele ka metlha le go ikaega ka Jehofa ka botlalo. Seno se dumalana le kgakololo eno e e mo go Pesalema 55:22: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.”

Nako le nako borremogolo le bommèmogolo, bagolwane le batsadi ba bangwe ba ba nang le maitemogelo mo phuthegong ya Bokeresete, ba ka thusa lelapa la motsadi yo o nosi go fenya maemo a a thata. Ke boammaaruri gore ba lelapa le baobamedimmogo ba ka dira go ka tlala seatla go thusa motsadi yo o nosi, mme gone, boikarabelo jo bogolo jo Modimo a bo neileng motsadi yono bo ikaegile ka ene. *

Selo se se itumedisang ke gore, malapa a le mantsi a motsadi yo o nosi a ile a kgona go fenya dikgwetlho tsa one mme a atlega mo go godiseng bana ba ba nang le maikarabelo, ba ba itshwereng sentle le ba ba boifang Modimo. Tsogang! e ile ya buisana le ba le mmalwa ba batsadi bano. Dingwe tsa dilo tse batsadi bano botlhe ba tshwanang ka tsone ke tse.

Go tlhokomela lelapa ka tsela e e molemo. Batsadi ba ba molemo ba ba se nang balekane ba leka ka natla go dira dilo ka thulaganyo le ka tekatekano. Go botlhokwa go rulaganya dilo sentle. Baebele e bolela jaana: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.”—Diane 21:5.

Boineelo. Batsadi ba ba atlegang ba ba se nang balekane ba dira gore lelapa e nne lone le tlang pele. Ba tlhoma mogopolo mo dilong tse bana ba bone ba di tlhokang go na le tse bone ba di tlhokang.—1 Timotheo 5:8.

Go dira dilo ka tekatekano. Batsadi ba ba atlegang ba ba se nang balekane ga ba nyenyefatse mathata a bone kana go a feteletsa; ba senka ditsela tsa go a rarabolola. Ba amogela mathata a bone le go leka go a itshokela kwantle ga go ikutlwela botlhoko kana go ikgalefela.

Puisano e e molemo. Batsadi ba ba atlegang ba ba se nang balekane ba rotloetsa puisano. Ba dira gore ba malapa a bone ba ikutlwe ba gololesegile go ntsha megopolo ya bone le tsela e ba ikutlwang ka yone. Rre mongwe yo o nosi o bolela jaana ka bana ba gagwe: “Ke dirisa tshono nngwe le nngwe go buisana le bone. Re nna ‘le dinako tse di monate’ fa re baakanyetsa dijo tsa maitseboa. Ke ka nako eno ba kgonang go mpulela mafatlha.”

Go itlhokomela ka bowena. Le fa gone batsadi ba ba atlegileng ba ba se nang balekane ba ka fitlhela go le thata go bona nako, ba lemoga gore go botlhokwa go itlhokomela semoyeng, mo maikutlong le senameng. Ethel, mmé yo o nosi wa bana ba babedi o tlhalosa jaana: “Ke leka go ipha nako ya me ke le nosi. Ka sekai, ka nako ya fa tsala ya me e ruta banake go opela, ke ipha ura e le nngwe. Ke nna fa fatshe ke sa bulele thelebishene.”

Maikutlo a a siameng. Batsadi ba ba atlegileng ba ba se nang balekane ba leba go nna motsadi le botshelo ka kakaretso ka tsela e e siameng. Ba leba maemo a a thata ka tsela e e molemo. Mmé mongwe yo o se nang molekane o bolela jaana: “Ke kgonne go lemoga gore go nna motsadi yo o nosi ga se ka dinako tsotlhe go kgobang marapo.”

Batsadi ba ba Neng ba Atlega

A melaometheo eno e a bereka? Ee, seno re se lemoga mo dipegong di le dintsi tsa batsadi ba ba ileng ba atlega mme ba se na balekane. Gloria, yo o umakilweng mo setlhogong se se simololang, ke mmé yo o nosi yo o tlhadilweng, yo o berekang kwa Engelane, yo o godisitseng barwa ba babedi le morwadi. Botlhe ka boraro jwa bone ke badiredi ba nako e e tletseng ba Bakeresete, ba ba neetseng matshelo a bone mo tirong ya go ruta batho Baebele. Gloria o bolela jaana fa a bodiwa gore o ile a dirang gore a atlege: “Kgwetlho ya ntlha e ne e le go tswelela pele ke tshwara thuto ya lelapa ya Baebele e e itumedisang. Ke ne ke batla gore bana ba itumele, ba ritibale mogopolo, ba kgotsofale le gore ba sireletsege mo diraing. Ke ne ka bona tiro ya go bereka bosigo. Boikaelelo jwa me e ne e le gore ke nne le banake ka dinako tsotlhe fa go kgonega. Pele ga ke ya tirong, ke ne ke rapela le bone ke bo ke ba tsenya mo dikobong. Mmangwane o ne a sala le bone fa ke ile tirong.”

Gloria o ne a thusa bana ba gagwe jang gore ba dire gore dilo tse di botlhokwa e nne tsone di tlang pele? O tswelela jaana: “Mokgele wa me o mogolo e ne e le go dira gore dilo tsa semoya di tle pele. Re ne re se na madi a mantsi, mme ke ne ke sa lobele banake seo. Sengwe le sengwe se ke neng ke ba kopa gore ba se dire, le nna ke ne ke se dira.” Fa Gloria a akanya ka se se ileng sa boloka lelapa la gagwe le kitlane a re: “Go dira dilo mmogo ke gone go neng ga dira gore ke atlege. Go ne go se na ope yo o neng a itlhaola ka go nna a le nosi mo kamoreng ya gagwe. Re ne re apaya mmogo, re phepafatsa mmogo le go kgabisa mmogo. Re ne re lekalekanya ditiro tsa rona. Ke ne ke tlhomamisa gore re nna le nako ya boitlosobodutu.”

Carolyn, mmè yo o nosi yo o nang le mosimane yo mmotlana yo o bidiwang Joseph, o itumelela tsela e a golang ka yone. Ke eng se se mo thusitseng? A re: “Re bala Baebele mmogo ka nako ya fa re ya go robala, mme ke bo ke mmotsa dipotso ka se a se ithutileng. Mo godimo ga moo, re tlhopha dirapa mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng re bo re di sekaseka le go di itebaganya. Seno se thusa Joseph fa a kopana le mathata a go kgerisiwa kwa sekolong.” Carolyn o a dumela gore botshelo jwa gagwe ga bo motlhofo, mme ga a ikutlwe a le nosi. O bolela jaana: “Ke ntwa e e sa feleng, mme gone ke lemoga gore Jehofa o nthusitse fela thata. Gape ke amogela dikgothatso tse dintsi go tswa mo phuthegong ya Bokeresete.”

Dipego tsa diketekete tsa batsadi ba ba ileng ba atlega mme ba se na balekane, ba ba jaaka Gloria le Carolyn, di bontsha gore batsadi gompieno ba ka ikaega ka melaometheo ya Baebele go godisa bana ba ba molemo le ba ba nonofileng semoyeng. (Diane 22:6) O ka kgona go atlega! Go nna motsadi yo o nosi go lere dikgwetlho tse dintsi tse di dirang gore motho a nne le maitemogelo le go ithuta go aba. Go ikaega ka Modimo le go dumela gore o tla go thusa ke tsela e e molemo ya go itshokela dikgwetlho tsa go nna motsadi yo o nosi.—Pesalema 121:1-3.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa malapa a motsadi yo o nosi a ka atlegang ka teng, bona buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, kgaolo 9, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Thuto ya legae ya Baebele e thusitse bana ba ga Gloria ba bararo go nna badiredi ba nako e e tletseng ba Bakeresete. Fano ba bala lekwalo le le tswang kwa go morwawe yo mogolo yo jaanong e leng morongwa e bile ba lebile senepe sa gagwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Carolyn le morwawe Joseph