Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tsholofelo ya Gore go Tla Nna le Kagiso e a Nyelela?

A Tsholofelo ya Gore go Tla Nna le Kagiso e a Nyelela?

A Tsholofelo ya Gore go Tla Nna le Kagiso e a Nyelela?

“Gompieno re nna le maikutlo a gore re tshela . . . mo gare ga setsuatsue, mo gare ga matlhotlhapelo a a seng kana ka sepe.”—“La Repubblica” lekwalodikgang la kwa Rome, Italy.

MORAGO ga gore ngogola dirukhutlhi di tlhasele kwa New York City le Washington, D.C., batho ba le bantsi go feta le fa e le leng pele ba ipotsa dipotso ka isagwe ya batho. Ditshwantsho tsa thelebishine tse di bontshang dikago tsa Twin Towers di phutlhama e bile di jewa ke molelo—le tse di bontshang bafalodi ba ba neng ba le mo tlalelong—di ntse di boaboelediwa gantsintsi. Ditshwantsho tseno di dirile gore batho mo lefatsheng lotlhe ba tlhobaele. Mo godimo ga go nna le tlhobaelo e e ntseng jalo, gape batho ba na le maikutlo a gore ka tsela nngwe lefatshe le nnile le diphetogo tse dikgolo. A mme go ntse jalo?

Go ile ga runya ntwa morago ga ditlhaselo tseo tsa September 11, 2001. Go ise go ye kae, ditšhaba tse pele di kileng tsa bo di sa utlwane di ne tsa nna seoposengwe go lwantsha borukhutlhi. Seno sotlhe se dirile gore palo ya dintsho le tshenyo e oketsege thata. Mme gongwe phetogo e kgolo go gaisa, e e ileng ya ama batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe, ke go ikutlwa ba sa sireletsega, go anama ga maikutlo a gore ga go na motho ope yo tota a babalesegileng.

Baeteledipele ba lefatshe ba iphitlhela ba lebane le mathata a a boitshegang. Babegadikgang le bagasi ba ipotsa gore ke eng se se ka dirwang go thibela borukhutlhi gore bo se ka jwa anama, e re ka go bonala bo gakadiwa ke khumanego le go se itshokelane ga batho—e leng mathata a go bonalang go se na ope yo o itseng tsela ya go a rarabolola. Lefatshe le tletse ka tshiamololo thata jaana mo e bileng go ka diregang gore go runye kgotlhang e kgolo mo karolong nngwe le nngwe ya lone. Batho ba mefuta yotlhe ba ipotsa gore a go tla tsamaya go direga gore mathata a setšhaba a fele. A ntwa—ka mahutsana, dintsho, le tshenyo yotlhe e e e bakang—e tla tsamaya e fela?

Dimilione tsa batho di akanya gore madumedi ke one a ka arabang dipotso tseno. Mme ba bangwe bone ga ba akanye jalo. Wena? A o akanya gore baeteledipele ba bodumedi ba ka araba dipotso tseno? A tota ba ka thusa gore go nne le kagiso ka dithapelo tsa bone?