A ke Tlhoka Founo ya Selula?
Basha ba Botsa Jaana . . .
A ke Tlhoka Founo ya Selula?
“Ke ikutlwa ke sa itshepe e bile ke tshwenyegile fa ke sa tsaya founo ya selula.”—Akiko. *
DIFOUNO tsa selula di a ata mo dinageng di le dintsi. Di a thusa. Ditsala le batsadi ba ka go founela nako nngwe le nngwe, gongwe le gongwe kwa o gone—mme le wena fela jalo. Difouno dingwe tsa selula di dirilwe gore o kgone go romelela batho melaetsa e mekhutshwane, e leng se lokwalodikgang lwa Lontone lwa The Times lo se tlhalosang e le “tsela e ntšha e basha ba e dirisang go kgotsofatsa keletso ya bone ya go buisana le batho ba bangwe.” Gape go na le difouno tsa selula tse di kgonang go go golaganya le Internet, le gore o kgone go romela melaetsa ya E-Mail.
Gongwe o setse o na le founo ya selula, kana o ka tswa o rulaganyetsa go nna le yone. Mme gone, o tshwanetse go itse gore sengwe le sengwe se na le melemo le mathata a sone. Founo ya selula e ka tswa e na le melemo mengwe. Le fa go ntse jalo, fa o batla go e reka, o tshwanetse gape wa akanyetsa le mathata a e ka nnang ya a baka gore o tle o kgone go e dirisa sentle.
“Bala Ditshenyegelo”
Jesu o ne a bolela gore pele motho a dira tiro nngwe ya botlhokwa o tshwanetse go ‘bala ditshenyegelo.’ (Luke 14:28) A molaomotheo ono o ka dirisiwa le mo kgannyeng ya difouno tsa selula? Ee, go ntse jalo. Ke boammaaruri gore o ka kgona go reka founo ya selula ka tlhwatlhwa e e kwa tlase kana wa e fiwa mahala. Mme gone, fela jaaka Henna wa dingwaga tse 17 a bolela, “go founa go ka ja madi a mantsi thata.” Gape o ka nna le keletso e kgolo ya go nna le e e nang le mafaratlhatlha a mantsinyana le go batla go reka e e jang madi a mantsi thata. Ka gone, Hiroshi a re: “Ke dira tiro ya nakwana gore ke kgone go boloka madi a go reka mofuta o mosha wa founo ya selula ngwaga le ngwaga.” Basha ba le bantsi ba dira jalo. *
Le fa batsadi ba gago ba ka dumela go go duelela sekoloto sa founo, go botlhokwa gore o akanyetse ditshenyegelo. Molebedi yo o etang wa Mokeresete kwa Japane o bolela jaana: “Bommé bangwe ba dira ditiro tse di oketsegileng tsa nakwana e le fela gore ba duelele dikoloto tsa difouno tsa selula tsa bana ba bone, tse go bonalang go ne go sa tlhokege gore bana ba nne le tsone.” Tota o ka se batle go pega batsadi ba gago mokgweleo ono!
“Selo se se Senyang Nako”
Basha ba le bantsi ba simolola ba dirisa founo ka tekatekano, moragonyana ba ka lemoga gore e ba jela nako go feta kafa ba neng ba lebeletse ka gone—e ba tseela nako ya go dira dilo tse di botlhokwa go gaisa. Mika o ne a tlwaetse go nna nako e ntsi le ba lelapa la gaabo ka nako ya dijo tsa maitseboa. O bolela jaana: “Jaanong fa re sena go ja re ya kwa dikamoreng tsa rona ka [difouno tsa rona tsa selula].”
The Guardian ya Lontone ya re: “Nngwetharong ya basha ba ba fa gare ga dingwaga tse 16 le 20 ba rata go romelelana melaetsa ka founo ya selula go gaisa tsela epe e nngwe ya go kwalelana.” Le fa gone go romela melaetsa ka founo ya selula go ja madi a mannye go gaisa go bua le motho ka tlhamalalo, go tsaya nako e ntsi gore o kwale melaetsa eno mo founong. Mieko o bolela jaana: “Fa mongwe a nthomelela molaetsa wa gore ke ‘robale sentle,’ le nna ke mo araba ka gore a ‘robale sentle.’ Morago ga moo, re simolola go romelelana melaetsa ka sebaka sa ura. Re a bo re tlotla dilo fela tse di sa reng sepe.”
Batho ba le bantsi ba ba nang le difouno tsa selula ba ka gakgamala tota fa ba ka bala nako e ba e fetsang ba dirisa founo ya selula ka kgwedi. Teija, mosetsana wa dingwaga tse 19, o bolela jaana: “Mo bathong ba le bantsi, founo ya selula ke selo se se senyang nako go na le go e boloka.” Tota le fa o na le mabaka a a utlwalang a go nna le founo ya selula, go botlhokwa gore o amege ka nako fa o e dirisa.
Mosetsana mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Marja o bolela jaana: “Basha ba le bantsi ba romelelana melaetsa e e sa reng sepe kwa dikopanong tsa Bokeresete. Ke selo se se tlwaelegileng!” Go ile ga lemogiwa gore basha bangwe ba dira jalo le fa ba le mo bodireding jwa Bokeresete. Baebele e gakolola Bakeresete gore ba ithekele nako ya go dira dilo tsa semoya. (Baefeso 5:16) Go swabisa tota gore nako eo ya botlhokwa e dirisediwe go tlotla ka founo!
Go Buisana mo Sephiring
Marie o umaka bothata jo bongwe: “E re ka motho a amogela founo ka tlhamalalo, e sa gorogele kwa gae, go na le kotsi ya gore batsadi ba se ka ba itse gore ngwana wa bone o bua le mang kana gore a o bua le founo kana nnyaa.” Ka gone, basha bangwe ba dirisa founo ya selula go founelana le basha ba bong bo sele mo sephiring. Bangwe ba ile ba iteseletsa go se nne kelotlhoko, ba itetla go bua dilo tse ba neng ba ka se ka ba di bua fa ba buisana le batho ba bangwe. Ba dira seo jang?
The Daily Telegraph ya Lontone ya re: “Bothata jwa fa [basha] ba romelelana melaetsa ka founo ya selula ke gore ga go motho ope yo o itseng se ba se dirang.” Go bua le motho o sa mmone kana o sa mo utlwe go ka go ama ka tsela nngwe. Timo a re: “Batho bangwe ba akanya gore go bua le motho ka go mo romelela melaetsa ka founo go dira gore o se ka wa amega maikutlo. Batho bangwe fa ba romela melaetsa ka founo ba ka kwala dilo tse ba neng ba ka se nne le bopelokgale jwa go di bua ba lebane difatlhego.”
Fa Keiko, mosetsana wa Mokeresete wa dingwaga tse 17, a ne a simolola go nna le founo ya selula, o ne a naya bontsi jwa ditsala tsa gagwe nomore ya gagwe. Go ise go ye kae ke fa a romelelana melaetsa letsatsi le letsatsi le mosimane mongwe mo phuthegong e a mo go yone. Keiko a re: “Kwa tshimologong re ne re bua fela ka dilo tse di tlwaelegileng tsa letsatsi le letsatsi, mme morago ra simolola go bolelelana mathata a rona. Go buisana ga rona ka metlha ka difouno tsa selula go ne ga dira gore re atamalane thata.”
Ka lesego, batsadi ba gagwe le bagolwane ba Bakeresete ba ne ba mo thusa pele ga maemo a nna maswe. Jaanong o a dumela go re: “Le fa gone batsadi ba me ba ne ba ntlhagisa ka go romelelana melaetsa le batho ba bong bo sele pele ga ba mpha founo ya *
selula, ke ne ke mo romelela melaetsa letsatsi le letsatsi. E ne e se tsela e e molemo ya go dirisa founo ya selula.”Baebele e re kgothaletsa gore re ‘nne le segakolodi se se siameng.’ (1 Petere 3:16) Jaaka fa Koichi a bolela, seno se raya gore fa o dirisa founo ya selula, o tshwanetse go tlhomamisega gore ‘ga o na sepe se se ka go tlhabisang ditlhong,’ tota le fa motho mongwe a ka bona molaetsa wa gago kana a go utlwa o sa mmone. O tshwanetse go gakologelwa ka metlha gore ga go na sepe se e leng sephiri mo go Rraarona wa kwa legodimong. Baebele e tlhalosa jaana: “Ga go na sebopiwa se se sa bonatshegeng mo ponong ya [Modimo], mme dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” (Bahebera 4:13) Ka gone, ke ka ntlha yang fa o leka go nna le botsalano jwa sephiri?
Dirisa Founo ya Selula ka Tekatekano
Fa e le gore o akanyetsa go reka founo ya selula, ke eng fa o sa sekaseke maemo a gago ka kelotlhoko go bona gore a tota o a e tlhoka? Buisana le batsadi ba gago ka kgang eno. Basha bangwe ba ikutlwa jaaka Jenna, yo o neng a re: “Go nna le founo ya selula ke boikarabelo jo bogolo jo bontsi jwa basha ba palelwang ke go bo sikara.”
Le fa o ka swetsa ka gore o nne le founo ya selula, go botlhokwa gore o laole tsela e o e dirisang ka yone. Jang? Itlhomele dithibelo tse di tshwanetseng. Ka sekai, lekanyetsa mafaratlhatlha a yone a o tla a dirisang kana selekanyo sa nako le madi tse o tla di dirisetsang founo ya gago. E re ka bontsi jwa dikhampani tsa difouno di abela batho pego ya kafa ba dirisitseng founo ka gone, o ka nna wa sekaseka pego ya teng le batsadi ba gago nako le nako. Bangwe ba fitlhela go thusa thata go dirisa founo e e duelwang go sa le gale gore ba kgone go e dirisa ka tekatekanyo.
Gape o tshwanetse go akanyetsa kgang ya gore o araba founo le melaetsa leng le gore o di araba jang. Ipeele melao e e siameng e o tla dirisang founo ka yone. Shinji o tlhalosa molao o a ipeetseng one jaana: “Ke bula melaetsa gangwe fela ka letsatsi, mme gantsi ke araba fela melaetsa e e botlhokwa. Seno se dirile gore ditsala tsa me di se ka tsa nthomelela melaetsa e e seng botlhokwa. Fa e le gore go na le bothata bongwe jo bo tlhokang go tsibogelwa ka bonako, ba tla nteletsa.” Selo sa botlhokwa ke go tlhopha batho ba o buisanang le bone. Ela tlhoko gore o neela bomang dinomore tsa gago tsa founo. Dirisa molaomotheo o o tlholang o o dirisa ka metlha fa o tlhopha ditsala tse di molemo.—1 Bakorintha 15:33.
Baebele ya re: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, . . . nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Moreri 3:1, 7) Ga go pelaelo gore go na le dinako tse difouno tsa selula le tsone di tshwanetseng “go didimala” ka tsone. Dipokano tsa rona tsa Bokeresete le bodiredi ke ‘nako e e tlhometsweng’ go obamela Modimo, e seng go bua ka founo. Gantsi batsamaisi ba diresetšhurente le ba mafelo a bobogelo ba na le go kopa batho gore ba se ka ba dirisa difouno tsa selula mo mafelong ao. Ka tlotlo re dira jaaka fa ba re kopa. Ruri Molaodimogolo wa lobopo le ene o tshwanelwa ke tlotlo e e ntseng jalo!
Batho ba le bantsi fa ba sa solofela founo epe ya botlhokwa, ba tima difouno tsa bone, kana ba dira gore di se ka tsa dira modumo fa di lela fa ba dira ditiro tsa botlhokwa. Batho bangwe ba baya difouno tsa bone tsa selula kwa ba ka se kgoneng go di fitlhelela motlhofo gone. Kana e bile, a bontsi jwa melaetsa e ka se ka ya balwa moragonyana?
Fa e le gore o batla go nna le founo ya selula, o tshwanetse wa ikemisetsa go laola tsela e o e dirisang ka yone e seng gore yone e go laole. Ruri o tshwanetse go nna kelotlhoko le go tlhomamisa gore ga e go kgoreletse go dira dilo tse di botlhokwa. Baebele e re kgothatsa jaana: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Fa e le gore o batla go nna le founo ya selula, tsweetswee leka ka natla go e dirisa ka tekatekano.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.
^ ser. 7 Go bona tshedimosetso kaga tiro ya morago ga sekolo, tsweetswee bona setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana—Phoso ke Eng ka go Nna le Madi?” mo makasineng wa Tsogang! wa October 8, 1997.
^ ser. 18 Go founelana kana go romelelana melaetsa ka metlha le motho wa bong bo sele e ka nna mokgwa mongwe wa go fereana le ene. Tsweetswee bona setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana—Ke Eng Se Se Phoso ka go Itlotlela Mmogo?” mo makasineng wa Tsogang! wa September 8, 1992.
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Basha bangwe ba dirisa founo ya selula go fereana mo sephiring