Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

AIDS e a Anama mo Afrika

AIDS e a Anama mo Afrika

AIDS e a Anama mo Afrika

“Re lebane le masetlapelo a a boitshegang.”

MAFOKO ao a ga Stephen Lewis, moemedi yo o kgethegileng wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng la HIV/AIDS mo Afrika, a senola poifo e bontsi jwa batho ba nang le yone kaga AIDS mo dinageng tsa Afrika tse di mo borwa jwa Sahara.

Go na le dilo di le mmalwa tse di bakang go anama ga HIV. AIDS le yone e gakaditse mathata mangwe. Maemo a a leng gone mo dinageng dingwe tsa Afrika le kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe tse AIDS e anameng thata kwa go tsone gantsi a amana le dilo tse di latelang.

Boitsholo. E re ka batho ba le bantsi ba tshwaediwa ke HIV ka tlhakanelodikobo, ga go pelaelo gore selo se se dirang gore bolwetse jono bo aname ke go itlhokomolosa ga batho boitsholo jo bo siameng. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba dumele gore go a kgonega gore batho ba ba sa nyalang ba ka kgothalediwa go ithiba mo tlhakanelodikobong. Francois Dufour, o tlhalosa jaana mo lokwalodikgannyeng lwa The Star, lwa Johannesburg, mo Afrika Borwa: “Go ka se ka ga thusa sepe go kgothaletsa basha gore ba ithibe mo tlhakanelodikobong. Letsatsi le letsatsi ba bona ditiro tsa tlhakanelodikobo tse di tlhotlheletsang tsela e ba tshwanetseng go lebega ka yone le e ba tshwanetseng go itshwara ka yone.”

Go bonala seno se lemotshega mo tseleng e basha ba itshwarang ka yone. Ka sekai, patlisiso nngwe e e dirilweng kwa nageng nngwe e bontsha gore basha ba le bantsi ba dingwaga tse di magareng ga tse 12 le 17 ba tlhakanela dikobo.

Petelelo e tlhalosiwa e le bothata jo bo masisi jo bo aparetseng naga ya Afrika Borwa. Pego nngwe ya lokwalodikgang lwa Johannesburg lwa The Citizen e ne ya bolela gore petelelo e “aname thata jaana mo e leng gore e feta mathata otlhe a boitekanelo a a tlhagelang basadi ba naga eno le palo e e ntseng e oketsega ya bana ba yone.” Yone pego eo e ne ya re: “Bosheng jaana palo ya bana ba ba betelelwang e oketsegile go menagane gabedi . . . Go bonala batho ba dira jalo ka gonne ba dumela gore motho yo o nang le HIV a ka fola fa a ka betelela motho yo e leng kgarebana.”

Malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. Batho ba le bantsi ba na le malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo mo kgaolong eno. South African Medical Journal e ne ya re: “Malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo a dira gore batho ba le bantsi ba lebane le kotsi ya go tshwaediwa ke HIV-1 ka selekanyo se se menaganeng ga 2 go ya go ga 5.”

Khumanego. Dinaga di le dintsi mo Afrika di humanegile, mme seo se dira gore AIDS e aname thata. Bontsi jwa dinaga tse di humanegileng ga di na dilo tse di tsewang e le tsa botlhokwa kwa dinageng tse di humileng. Metse e le mentsi ga e na motlakase le metsi a a phepa a a nowang. Kwa metseng ya magae ditsela ga di a siama kana ga di yo gotlhelele. Baagi ba le bantsi ba na le malwetse a go tlhoka dikotla le mafelo a kalafi a a tlhaela.

AIDS e bakela dikgwebo le madirelo mathata. Kgwebo ya meepo e le mentsi e a fokotsega ka ntlha ya badiri ba le bantsi ba ba tshwaediwang ke bolwetse jono. Madirelo mangwe a akanya go kaba phatlha eno ka go dirisa metšhine mengwe go ba thusa. Go ne ga fopholediwa gore kwa moepong mongwe wa polatinamo ka ngwaga wa 2000, palo ya badiri ba ba tshwerweng ke AIDS e ne ya oketsega ka mo e ka nnang selekanyo se se menaganeng gabedi, mme diperesente di le 26 tsa badiri di ne tsa tshwaediwa ke bolwetse jono.

Selo se se utlwisang botlhoko ka AIDS ke palo e kgolo ya bana ba ba fetogang dikhutsana fa batsadi ba bone ba sena go bolawa ke bolwetse jono. Ntle le gore bana bano ba sala ba se na batsadi le yo o ka ba tlhokomelang ka madi, ba tshwanelwa ke go itshokela go se tshwarwe sentle ka ntlha ya AIDS. Gantsi ba masika a bone ga ba kgone go ba thusa ka ntlha ya go humanega kana ka gonne ba sa batle go ba thusa. Bontsi jwa dikhutsana tseno di tshwanelwa ke go tlogela sekolo. Bangwe ba bone ba fetoga diaka mme seo se bo se gakatsa go anama ga bolwetse jono. Dinaga di le dintsi di tlhomile dithulaganyo tsa puso kana tse di itiretsweng ke batho ka bobone go thusa dikhutsana tseno.

Go se itse. Batho ba le bantsi ba ba tshwaeditsweng ke HIV ga ba itse gore e ba tshwaeditse. Bontsi jwa bone ga ba batle go tlhatlhobiwa gore a ba na le yone ka ntlha ya go tshaba go se tshwarwe sentle. Pego nngwe ya dikgang ya Joint United Nations Programme on HIV/AIDS (UNAIDS) e ne ya bua jaana: “Batho ba ba nang le HIV kana ba go belaelwang gore ba na le yone ba ka lelekwa kwa dikokelong, ba tingwa tshiamelo ya go nna le matlo kana ditiro, le go kgaphelwa kwa thoko ke ditsala le badirikabone, ba tingwa tshono ya go nna le inshorense kana ya go tsena kwa dinageng di sele.” Bangwe ba ile ba bo ba bolawa fa go sena go itsege gore ba na le HIV.

Setso. Mo ditsong di le dintsi tsa Baafrika, mosadi ga a kgone go botsa molekane wa gagwe gore a o na le motho yo mongwe yo a ratanang le ene, ga a kgone go gana ka tlhakanelodikobo, kana go akantsha gore ba dirise mekgwa e e sireletsegileng ya go tlhakanela dikobo. Mo ditsong tse dintsi go bonala batho ba se na kitso ka AIDS e bile ba gana go dumela gore e teng. Ka sekai, fa motho a tshwerwe ke bolwetse jono go ka nna ga twe o loilwe mme ba ka senka thuso mo dingakeng tsa setso.

Go tlhaela ga dikokelo. Bolwetse jwa AIDS bo dira gore dikokelo di se kae tse di leng teng di imelwe. Dikokelo tse pedi tse dikgolo di bega gore halofo ya balwetse ba tsone ba na le mogare wa HIV. Modiredimogolo wa tsa kalafi kwa kokelong nngwe ya KwaZulu-Natal o ne a bolela gore diphaposi tsa bookelo jwa gagwe di na le diperesente di le 140 tsa balwetse. Ka dinako tse dingwe balwetse ba le babedi ba robala mo bolaong bo le bongwe, mme wa boraro o robala fa fatshe ka fa tlase ga jone!—South African Medical Journal.

Le fa maemo a le maswe thata jalo mo Afrika, go bolelwa fa a ka nna maswe le go feta. Peter Piot wa UNAIDS o bolela jaana: “Seno e sa ntse e le tshimologo fela ya leroborobo.”

Go a bonala gore dinaga dingwe di dira maiteko a go lwantshana le bolwetse jono. E ne e le lantlha Kokoano ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e nna le pitso ya go buisana ka HIV/AIDS ka June 2001. A maiteko a batho ba a dirang a tla atlega? Go anama ga bolwetse jwa AIDS go tla fedisiwa leng?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]

SEOKOBATSI SA AIDS SA NEVIRAPINE LE BOTHATA JWA AFRIKA BORWA

Nevirapine ke eng? Go ya ka Nicole Itano yo e leng mokwaladikgang, ke “seokobatsi sa antiretroviral se diteko di bontshang fa se kgona go fokotsa go tshwaediwa ga lesea ke AIDS [go tswa go mmè] ka selekanyo sa halofo.” Khampani nngwe ya diokobatsi ya Jeremane e ne ya ithaopa go abela Afrika Borwa seokobatsi seno kwa ntle ga tuelo ka dingwaga di le tlhano. Mme ka August 2001, puso e ne e ise e dumele go amogela seokobatsi seno. Bothata ke eng?

Afrika Borwa e na le batho ba le dimilione di le 4,7 ba ba nang le HIV, go gaisa naga epe e nngwe mo lefatsheng. Ka February 2002, lokwalodikgang lwa The Economist lwa Lontone lo ne lwa bega gore Poresidente Thabo Mbeki wa Afrika Borwa “o na le dipelaelo ka pono e batho ba le bantsi ba nang le yone ya gore HIV e baka AIDS” e bile “o na le dipelaelo ka ditshenyegelo, go babalesega le mosola wa go dirisa diokobatsi tsa AIDS. Ga a thibela diokobatsi tseno, mme gone dingaka tsa Afrika Borwa ga di kgothalediwe go di dirisa.” Ke ka ntlha yang fa seno se tshwenya batho? Ke ka gonne masea a le diketekete a tsholwa a na le HIV ngwaga le ngwaga mo Afrika Borwa mme diperesente di le 25 tsa baimana di na le baerase eno.

Ka ntlha ya go se dumalane ka megopolo, kgang eno e ne ya ya go sekwa kwa dikgotlatshekelong go pateletsa puso go abela batho seokobatsi sa nevirapine. Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya Afrika Borwa e ne ya tlhalosa maikutlo a yone ka April 2002. Go ya ka Ravi Nessman, yo o neng a kwala mo The Washington Post, kgotlatshekelo e ne ya laela gore “puso e tshwanetse go dira gore dikokelo tse di ka kgonang go aba seokobatsi seno di nne le sone.” Le fa puso ya Afrika Borwa e ntse e aba seokobatsi seno mo mafelong a le 18 a tekeletso go ralala naga, go bolelwa fa tshwetso eno e ntšha e naya baimana botlhe ba ba nang le HIV mo nageng eno tsholofelo.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

BAERASE E E TSIETSANG SELE

A re sekaseke baerase e nnye thata ya HIV (baerase e e tlhaselang thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse) go se kae. Moitsesaense mongwe o bolela jaana: “Morago ga dingwaga di le dintsi ke ithuta ka dibaerase ke dirisa maekerosekoupo, ke sa ntse ke gakgamadiwa le go kgatlhwa ke tsela e selo se sennye jaana se rulagantsweng ka manontlhotlho ka teng le go dirwa ka bothakga.”

Baerase e nnye thata fa e bapisiwa le bakateria, mme baketeria yone e nnye thata mo seleng ya motho. Go ya ka buka nngwe, HIV e nnye mo e leng gore “[dikarolwana tsa yone] di le dimilione tse 230 di ka lekana le letshwao la khutlo le le mo bofelong jwa seele seno.” Baerase ga e kgone go ikatisa ntle le fa e ka tsena mo seleng e bo e laola diteng tsa sele.

Fa HIV e tsena mo mmeleng wa motho, e lepalepana le thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse. * Thulaganyo ya mmele ya go itshireletsa e e bopiwang ke disele tse ditshweu tsa madi e dirwa ke moko wa marapo. Disele tse ditshweu tsa madi di rulagantswe ka ditlhopha tse pedi tsa konokono tsa di-lymphocyte, tse di bidiwang disele tsa T le disele tsa B. Disele tse dingwe tse ditshweu tsa madi di bidiwa di-phagocyte, kana “dijadisele.”

Ditlhopha tse di farologaneng tsa disele tsa T di na le ditiro tse di sa tshwaneng. Tse di bidiwang disele tsa T tse di thusang, ke tsone tse di nnang le seabe mo go lweng le megare. Disele tsa T tse di thusang ke tsone tse di lemogang megare ya malwetse mme di bo di laela gore go dirwe disele tse dingwe tse di tla lwantshang megare le go e bolaya. Fa HIV e tsena mo mmeleng, e tlhasela segolobogolo tsone disele tseno tsa T tse di thusang. Disele tsa T tse di bolayang di tla bo di bolaya disele tsa mmele tse di tlhasetsweng ke megare. Disele tsa B di ntsha dilwantshamalwetse tse le tsone di thusang go lwantsha go tshwaetsega ga mmele.

Tsela e e Tsietsang ya go Tlhasela

HIV e tsewa e le retrovirus (baerase e e iphetolang sebopego). Popego ya dijini tsa HIV ke ya RNA (ribonucleic acid) e seng ya DNA (dioxyribonucleic acid). HIV e wela mo setlhopheng se se rileng sa di-retrovirus tse di bidiwang di-lentivirus ka gonne baerase eno e tsaya lobaka lo loleele e dutse fela pele ga matshwao a a masisi a bolwetse a bonala.

Fa HIV e tsena mo seleng, e tlhasela mmele ka go dirisa thulaganyo e disele di berekang ka yone. E “fetola” DNA ya sele go nna dibaerase tse dintsintsi tsa HIV. Mme pele ga HIV e dira seo, e tshwanetse go fetola “popego ya dijini” tsa yone. E tshwanetse ya fetola RNA ya yone go nna DNA gore sele ya motho e kgone go e amogela. HIV e dira seno ka go dirisa enzyme e e bidiwang reverse transcriptase (karolwana e le nngwe ya RNA e fetolwa go nna di le pedi tsa DNA gore di amogelwe ke sele). Morago ga gore sele e dire diketekete tsa dibaerase tsa HIV ka lobaka lo lo rileng lwa nako, e a swa. Dikarolwana tseno tse disha di tshwaetsa disele tse dingwe.

Fa palo ya disele tsa T tse di thusang e setse e fokotsegile thata, mmele o ka tlhaselwa ke ditwatsi tse dingwe ka kgololesego. Mmele o tlhaselwa motlhofo ke mefuta yotlhe ya megare le malwetse. Motho yo o tshwaeditsweng jaanong o tla bo a na le AIDS. HIV e tla bo e atlegile go koafatsa thulaganyo yotlhe ya mmele ya go lwantsha malwetse.

Eno ke tsela e e motlhofo ya go tlhalosa bolwetse jono. Re se lebale gore go sa ntse go na le dilo tse dintsi tse babatlisisi ba sa di itseng kaga thulaganyo ya motho ya go lwantsha malwetse le tsela e HIV e dirang ka yone.

Mo e ka nnang dingwaga di le masome a mabedi, baerase eno e nnye e ntse e ithutiwa ke babatlisisi ba maemo a kwa godimo mo lefatsheng lotlhe, mme go dirisitswe madi a mantsi thata. Seno se dirile gore go ithutiwe dilo di le dintsi kaga HIV. Dr. Sherwin B. Nuland, e leng ngaka e e arang, o ne a bua jaana dingwaga dingwe tse di fetileng: “Tshedimosetso yotlhe e e setseng e phuthilwe kaga baerase ya HIV le kgatelopele e e setseng e dirilwe go thibela ditlhaselo tsa yone tota e a gakgamatsa.”

Le fa go ntse jalo, go anama ga AIDS e e setlhogo go ntse go tsweletse pele ka lobelo lo logolo.

[Ntlha e e kwa tlase]

[Setshwantsho]

HIV e tlhasela disele tsa “lymphocyte” tsa thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e bo e di fetola go atisa baerase ya HIV

[Motswedi wa Setshwantsho]

CDC, Atlanta, Ga.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Diketekete tsa basha di ikobela melao ya Baebele