Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kopana Gape re sa Lebelela Morago ga Dingwaga Tse 30

Go Kopana Gape re sa Lebelela Morago ga Dingwaga Tse 30

Go Kopana Gape re sa Lebelela Morago ga Dingwaga Tse 30

KA 1967 makawana mangwe a mabedi a ne a iphitlhela a nna mmogo. Ba ne ba abelwa go nna mmogo kwa Michigan Technical University kwa United States. Ka nako eo, Dennis Sheets, yo o neng a tswa kwa Lima, Ohio, o ne a na le dingwaga di le 18, e le moithuti wa ngwaga wa ntlha yo o ithutang dithuto tsa maranyane a dikgwa. Mark Ruge wa dingwaga tse 22, o ne a tswa kwa Buffalo, kwa New York. O ne a le mo ngwageng wa boraro a ithutela boenjenere jwa dikago.

Ka nako eo, botsala jwa bone bo ka tswa bo ne bo lebega e le jwa nakwana fela. Ga go ope wa basha bano yo o neng a tswelela ka dithuto tsa gagwe tsa yunibesithi; ba ne ba kgaogana mme mongwe le mongwe wa bone a tsaya tsela ya gagwe. Go ne ga feta dingwaga di ka nna 30 ba kgaogane. Letsatsi lengwe kwa Dominican Republic, banna ba babedi bano ba ne ba kopana gape. Ba ne ba kopana ba sa lebelela. Mme go na le sengwe gape se se neng se dirile gore ba boe ba kopane. Selo seo ke eng? Go bona karabo, a re boneng gore go ne ga diregang ka mongwe le mongwe wa bone fa ba sena go kgaogana la ntlha.

Dennis o Nna Lesole

Dennis o ne a boela gae fa a sena go fetsa ngwaga wa ntlha kwa yunibesithing. Morago ga moo, ka December 1967, o ne a bilediwa go tsenela Sesole sa United States, mme ka June 1968, o ne a romelwa kwa Vietnam. Fa a le koo o ne a bona bosetlhogo jwa ntwa. Fa a sena go wetsa kabelo ya gagwe ka 1969, o ne a boela kwa United States, mme kgabagare a bona tiro kwa khampaning nngwe e kgolo ya kwa Ohio. Le fa go ntse jalo, o ne a sa kgotsofala.

Dennis o tlhalosa jaana: “Keletso ya me e ke sa leng ke nna le yone fa ke sa le mosimane e ne e le go fudugela kwa Alaska go reka polasi gone.” Ka jalo ka 1971 ene le tsala ya gagwe e a neng a tsena sekolo se segolwane le yone ba ne ba simolola go ipaakanyetsa keletso eno ya gagwe. Mme mo boemong jwa gore a reke polasi, o ne a fitlha a bereka ditiro di se kae tsa nakwana. O ile a fetsa nakwana a nna mo tenteng a dira tiro ya go tima molelo. O ne a tlogela ditedu le moriri di nna ditelele a bo a simolola go goga motokwane.

Ka 1972, Dennis o ne a fuduga kwa Anchorage go ya meketeng ya Mardi Gras kwa New Orleans, Louisiana. Morago ga moo, o ne a ikagela kamotshana mo sekgweng sa Arkansas. Fa a le koo o ne a dira tiro ya go direla batho ditlhomeso tsa matlo le go dira konkereite. Ka June 1973, Dennis o ne a etela mafelo otlhe a naga ka go tsamaya a kopa boradikoloi go mo pega, a batla go bona gore a a ka se ka a bona lebaka la go bo botshelo bo le gone.

Mark mo Mokgatlhong o o Kgatlhanong le Ntwa

Mark o ne a tswelela a le kwa yunibesithing dikgwedi di se kae fa Dennis a sena go tloga teng, mme morago ga moo o ne a dira tshwetso ya gore ga a batle go nna karolo ya tsamaiso e e neng e ema ntwa nokeng. Ka jalo o ne a boela kwa Buffalo, koo a neng a fitlha a bereka mo madirelong a tshipi e le mookamedi wa badiri. O ne a tlogela tiro eno e re ka a ne a sa ntse a sa kgotsofala, mme o ne a reka sethuthu mme a tsaya mosepele go ralala naga a ya San Francisco, California. Dennis le Mark ba ne ba fetsa nakonyana ba le kwa San Franscisco ka nako e le nngwe, le mororo ba ne ba sa itse.

Fela jaaka Dennis, Mark le ene o ne a tlogetse ditedu le moriri di nna ditelele e bile a goga le motokwane. Mme Mark o ne a inaakantse thata le mokgatlho o o kgatlhanong le ntwa, a nna le seabe mo megwantong ya one. O ne a batliwa ke matseka a FBI ka ntlha ya go gana go ya bosoleng, ka jalo o ne a fetsa dingwaga di le mmalwa a dirisa maina a e seng one gore a se ka a tshwarwa. O ne a tshela botshelo jwa sehipi fa a le kwa San Francisco. Fa a le koo, Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba ne ba mo etela ka 1970.

Mark o tlhalosa jaana: “Ba tshwanetse ba bo ba ile ba lemoga gore ke a kgatlhega, ka jalo ba ne ba boa ba nketela. Ba fitlhetse ke seo, mme gone ba ntlogelela Baebele ya mmala o motala le dibuka tse tharo.” Mme gone, Mark o ne a tshwaregile thata ka ditiro tsa dipolotiki le go ijesa monate mo a neng a se na nako ya go di bala. Gape o ne a batliwa ke FBI. Ka jalo o ne a fudugela kwa Washington, D.C., a dirisa leina le sele. Lekgarebe le a neng a ratana le lone, e bong Kathi Yaniskivis, yo a neng a kopane le ene kwa yunibesithing, o ne a mo sala morago go ya koo.

Kgabagare ka 1971, matseka a FBI a ne a tshwara Mark. Matseka a mabedi a FBI a ne a tsamaya le ene ka sefofane go tloga kwa Washington, D.C., go ya kwa New York mme a tlhomamisa gore o tswelela pele ka mosepele go ya kwa Toronto, Canada. Go bonala FBI e ne e sa mo tseye e le motho yo o kotsi mo setšhabeng; ke fela gore ba ne ba batla gore a tswe mo nageng. Ngwaga o o latelang ene le Kathi ba ne ba nyalana mme ba fudugela kwa Gabriola Island kwa British Columbia kwa Canada. Ba ne ba batla go itlhaola mo bathong mme gone ba ne ba na le maikutlo a gore go tshwanetse ga bo go na le sengwe se se botlhokwa mo botshelong.

Ba Nna Basupi

O tla gopola gore Dennis o ne a tsaya mosepele go ralala naga a batla go bona lebaka la go bo botshelo bo le gone. Mosepele oo wa gagwe o ne wa mo gorosa kwa Montana, koo a neng a bona tiro ya go thusa molemi ka thobo gone kwa ntle ga toropo ya Chinook. Mosadi wa molemi yono le bomorwadie e ne e le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba abela Dennis makasine wa Tsogang! gore a o bale. Go ise go ye kae ke fa a tlhatswegile pelo gore Basupi ba mo bodumeding jwa boammaaruri.

Dennis o ne a fuduga kwa polasing eo a ya kwa Kalispell, Montana, a tsamaya a tshotse Baebele. Fa a le koo o ne a fitlha a ya pokanong ya Basupi ba ga Jehofa e le la ntlha. Fa a le kwa pokanong eno o ne a kopa gore a tshwarelwe thuto ya Baebele. Go ise go ye kae morago ga foo, o ne a ipeola moriri le ditedu. Ka January 1974 o ne a simolola tiro ya go rera, mme o ne a kolobediwa mo tankeng ya metsi kwa Polson, Montana, ka March 3, 1974.

Ka yone nako eo, Mark le Kathi bone ba ne ba nna kwa Gabriola Island, mme ba ne ba dira tshwetso ya gore ba sekaseke Baebele e re ka ba ne ba na le nako. Ba ne ba simolola ka go bala thanolo ya King James Version le fa go le jalo ba fitlhela go le thata go tlhaloganya Sekgoa sa yone sa bogologolo. Mark o ne a gopola gore o sa ntse a na le Baebele le dibuka tse Basupi ba neng ba mo abetse tsone dingwaga di se kae pelenyana. Mark le Kathi ba ne ba bala Baebele ba dirisa dibuka tseo tsa Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng le ya Is the Bible Really the Word of God?, mme ba ne ba kgatlhiwa thata ke se ba neng ba ithuta sone.

Mark o tlhalosa jaana: “Ke ne ka kgatlhiwa thata ke kgang ya gore buka ya Boamarure e bolela gore go na le setlhopha sa Bakeresete ba ba ganang go ema ntwa nokeng ka tsela epe fela. Ke ne ka nna le maikutlo a gore batho ba ba ntseng jalo ke bone Bakeresete ba boammaaruri.” Go ise go ye kae morago ga moo, Mark le Kathi ba ne ba boela kwa Houghton, Michigan, go etela lelapa la bo Kathi—le mororo ba ne ba ka nna ba tshwarwa. Fa ba fitlha teng ba ne ba ya kwa pokanong ya Basupi ba ntse ba lebega jaaka mahipi. Ba ne ba dumela go rutwa Baebele mo kgweding e ba neng ba le kwa Michigan ka yone.

Fa ba sena go boela kwa Gabriola Island, ba ne ba kopana le Mosupi mongwe mo mmileng kwa Nanaimo, kwa British Columbia, mme ba mo tlhalosetsa gore ba ne ba batla go rutwa Baebele. Ka lone letsatsi leo, go ne ga goroga setlhopha sengwe sa Basupi ka mokoro mme ba simolola thuto ya Baebele le bone. Dikgwedi di le tharo morago ga moo, Mark le Kathi ba ne ba simolola tiro ya go rera. Dikgwedi tse tharo morago ga tseo, ba ne ba kolobediwa boobabedi ka March 10, 1974. E ne e le beke morago ga Dennis a sena go kolobediwa!

Dennis o Tsenela Bodiredi Jwa Nako e e Tletseng

Dennis o ne a nna mmulatsela, modiredi wa nako e e tletseng, ka September 1974. A re: “Ke ne ke itumelela go nna mmulatsela, mme gone ke ne ke batla go oketsa bodiredi jwa me; ka jalo ka July 1975, ke ne ka dira kopo ya go ya go dira kwa ntlongkgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York. Ke ne ka lalediwa go tla teng ka December.”

Tiro ya ntlha e Dennis a neng a e newa e ne e le ya go fetola kago e pele e neng e le Towers Hotel go nna kago ya bonno ya badiredi ba ntlokgolo. O ne a fetsa dingwaga di se kae teng a okametse setlhopha se se tsenyang dithaele. O ne a fudugela kwa California e re ka a ne a batla go nyala. Ka 1984, e ne e le mogolwane kwa phuthegong ya Cathedral City, mme o ne a nyalana le mmulatsela yo leina la gagwe e leng Kathy Enz.

Dennis le Kathy ba ne ba ikaelela go tshela botshelo jo bo sa raraanang gore ba kgone go tswelela pele ka go dira ditiro tsa Bogosi jwa Modimo. Ka gone, gantsi Dennis o ne a tle a gane fa a newa ditshono tsa go itirela madi a mantsi mo kgwebong ya go aga e e neng e gola ka lobelo lo logolo kwa California. Ka 1988 ene le Kathy ba ne ba dira kopo ya go thusa mo tirong ya go aga ya ditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa. Ka December wa yone ngwaga eo, ba ne ba abelwa go ya go dira tiro ya go aga kwa lekaleng la Buenos Aires, Argentina.

Ka 1989, Dennis le Kathy ba ne ba lalediwa go dira mo tirong ya go aga ya Basupi ba ga Jehofa ka nako e e tletseng. Mo dikabelong tseno tsa bodiredi jo bo kgethegileng jwa nako e e tletseng, ba ile ba dira gabedi kwa Suriname le Colombia. Gape ba ile ba dira mo tirong ya go aga kwa lekaleng la Ecuador le Mexico, le kwa Dominican Republic.

Mark o Tsenela Bodiredi Jwa Nako e e Tletseng

Ka 1976, puso ya United States e ne ya itshwarela Mark le diketekete tse dingwe tsa makawana a Amerika ba ba neng ba tshabetse kwa Canada go tila go bilediwa bosoleng. Ene le mogatse e bong Kathi, le bone ba ne ba batla go tshela botshelo jo bo sa raraanang gore ba kgone go dirisa nako e ntsi mo bodireding jwa bone. Ka jalo Mark o ne a dira tiro ya nakwana e le motlhatlhobi wa ditsha, mme ka bonya ene le Kathi ba ne ba kgona go duela dikoloto tse ba neng ba di dirile pele ga ba kolobediwa.

Ka 1978, fa Basupi ba Canada ba ne ba rulaganyetsa go aga kago e ntšha ya lekala gaufi le Toronto, Ontario, Mark le Kathi ba ne ba kgona go ya go thusa. E re ka Mark a ne a na le maitemogelo ka tiro ya go tlhatlhoba ditsha, ba ne ba lalediwa go nna le seabe mo kagong eo. Ba ne ba dira mo tirong ya go aga kwa Georgetown go fitlha e wediwa ka June 1981. Morago ga moo, ba ne ba boela kwa British Columbia mme ba fetsa dingwaga tse di latelang tse nnè ba thusa mo go ageng Holo ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa ya koo. Fa e sena go wediwa, ba ne ba lalediwa go boela kwa Canada go ya go thusa mo tirong ya go oketsa lekala la teng.

Ka 1986, fa Mark le Kathi ba sena go fetsa dikgwedi di se kae kwa Georgetown, ba ne ba kopiwa go nna badiri ba ka metlha ba lekala la Canada. Fa e sa le ka nako eo, e sa ntse e le badiri ba koo e bile ba nnile le ditshono tse di oketsegileng tsa go nna le seabe mo tirong ya go aga kwa dinageng tse dingwe tse dintsi. Ka ntlha ya kitso ya ga Mark ya go nna motlhatlhobi wa ditsha, o ne a simolola go dirisiwa mo tirong ya go tlhatlhoba ditsha tsa dikago tsa lekala le Diholo Tsa Dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Amerika Borwa le Amerika Bogare le kwa ditlhaketlhakeng tsa Caribbean.

Ene le Kathi ba feditse dingwaga ba dira kwa Venezuela, Nicaragua, Haiti, Guyana, Barbados, Bahamas, Dominica, United States (Florida), le kwa Dominican Republic. Bodiredi jono jo bo kgethegileng jwa nako e e tletseng bo ne jwa dira gore Mark a boe a kopane gape le Dennis.

Ba Kopana Gape Kwa Dominican Republic

Mark le Dennis ba ne ba sa itse gore boobabedi ba ntse ba dira mo ditirong tse di tshwanang tsa go aga kwa Dominican Republic. Letsatsi lengwe ba ne ba welana kwa dikagong tsa lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Santo Domingo. Jaaka fa o ka akanya, ba ne ba itumelela go kopana gape. Kana e bile, go ne go fetile dingwaga tse 33 fa e sa le ba kgaogane, mme go ne go na le dilo tse dintsi go di bolelelana. Ba ne ba tla ba gakgamala tota fa ba ntse ba bolelelana bontsi jwa dilo tse o sa tswang go di bala fa godimo. Mme se se neng sa ba gakgamatsa thata—le se se neng sa gakgamatsa bontsi jwa batho ba ba neng ba ba tlotlela ka tsa botshelo jwa bone—e ne e le dilo tse dintsi tse botshelo jwa bone bo neng bo tshwana ka tsone.

Boobabedi ba ne ba tshela botshelo jwa sehipi mme ba fudugela kwa mafelong a a kgakala go katoga botshelo jwa segompieno jwa go rata dikhumo le ditlhobaelo tsa jone. Dennis o ne a nyala mosetsana yo leina la gagwe e leng Kathy; Mark le ene o ne a nyala mosetsana yo leina la gagwe e leng Kathi. Boobabedi ba ne ba dumela go rutwa Baebele fa ba ne ba tlile kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa lekgetlo la ntlha. Boobabedi ba ne ba kolobeditswe ka March 1974. Boobabedi ba ne ba nna badiri ba makala a Basupi ba ga Jehofa—Dennis kwa United States mme Mark kwa Canada. Boobabedi ba ile ba leka go tshela botshelo jo bo sa raraanang e le gore ba kgone go dira ditiro tsa semoya. (Mathaio 6:22) Boobabedi ba nnile le seabe mo tirong ya go aga ya ditšhabatšhaba mme ba ile ba newa dikabelo kwa dinageng tse di farologaneng. Ga go ope wa bone yo o neng a kile a kopana le ope wa ditsala tsa gagwe tsa pele tse di amogetseng boammaaruri jwa Baebele, go fitlha ba kopana jalo ba sa lebelela kwa Dominican Republic.

A Mark le Dennis ba dumela gore dilo tseno tse di tshwanang tse di ba diragaletseng di diragetse ka ntlha ya tlholelo? Nnyaa. Ba itse gore, jaaka Baebele e bua, ‘[rotlhe] re diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele’—ka dinako tse dingwe seo se direga ka ditsela tse di kgatlhang tota. (Moreri 9:11) Le fa go ntse jalo, gape ba itse gore go na le sengwe se sele se se dirileng gore ba kopane gape: boobabedi ba ne ba batla go itse lebaka la go bo botshelo bo le gone le ka go bo ba ne ba rata Jehofa Modimo.

Se se diragaletseng Dennis le Mark gape se bontsha dilo dingwe tse di tshwanang tse di diragalelang batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba ithutang boammaaruri jwa Baebele. Dennis a re: “Dilo tse di re diragaletseng nna le Mark di bontsha gore Jehofa o itse maemo a batho a botshelo, mme fa dipelo tsa bone di na le tshekamelo e e siameng o ba gogela kwa go ene.”—2 Ditiragalo 16:9; Johane 6:44; Ditiro 13:48.

Mark a re: “Se se re diragaletseng gape se re rutile go tlhaloganya gore fa motho a fetoga gore a dumalane le melao ya ga Jehofa, a ineela mo go ene, e bile a itetla gore a mo dirise, Jehofa o ka dirisa ditalenta tsa gagwe le bokgoni jwa gagwe go tsweledisa pele kobamelo ya boammaaruri gore batho ba gagwe ba solegelwe molemo.”—Baefeso 4:8.

Gape se se ba diragaletseng se bontsha gore Jehofa Modimo o segofatsa batho ba gagwe fa ba mo direla ka moya otlhe. Dennis le Mark ba ikutlwa ba segofaditswe tota. Dennis a re: “Ke tshiamelo go dira dilo tse di direlwang Bogosi o le mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng. Seo se dirile gore re kgothatsane fa re ntse re dira mmogo le bakaulengwe ba Bakeresete le bokgaitsadi mo lefatsheng lotlhe.”

Mark a re: “Ruri Jehofa o segofatsa batho ba ba bayang Bogosi jwa gagwe kwa pele. Ke ikutlwa ke le lesego tota go bo ke le mongwe wa badiredi ba lekala la Canada e bile ke nna le seabe mo tirong ya go aga ya ditšhabatšhaba.”

A go na le sengwe se se sa tlwaelegang ka tsela e ba neng ba kopane gape ka yone? Ee, ka gonne Mark a re: “Lebaka le legolo le le dirileng gore re itumele thata jaana fa re kopana gape ke gore roobabedi re itse Modimo o o sa tshwaneng le ope Jehofa, re a mo rata, e bile re a mo direla.”

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Dennis, ka 1966

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Mark, ka 1964

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Dennis kwa South Dakota, ka 1974

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Mark kwa Ontario, ka 1971

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Dennis le Mark, le basadi ba bone, morago ga ba sena go kopana gape ba sa lebelela, ka 2001