Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Mang yo o Tla Tlisang Kagiso e e Nnelang Ruri?

Ke Mang yo o Tla Tlisang Kagiso e e Nnelang Ruri?

Ke Mang yo o Tla Tlisang Kagiso e e Nnelang Ruri?

KE ENG fa Modimo a sa arabe dithapelo tsa kagiso tse di rapelwang ke baeteledipele ba madumedi a lefatshe a a farologaneng? Baebele e araba potso eno ka tsela e e kgatlhang. Ga se gore Modimo ga a rate gore go nne le kagiso—o rata gore go nne le kagiso go feta baruti bape fela ba ba rapelelang kgang eno. Tota e bile, Modimo o setse a dirile dithulaganyo tse di tla dirang gore go nne le kagiso mo lefatsheng. O setse a tsere dikgato go diragatsa dithulaganyo tseo. O setse a boletse se a ikaeletseng go se dira. Mme ka maswabi, bontsi jwa madumedi a lefatshe a itlhokomolosa se Modimo a se boletseng.

Modimo ga a bolo go solofetsa gore go tla nna le “losika,” kana mmusi yo Baebele e mo tlhalosang kgato ka kgato gore e tla nna mang. (Genesise 3:15; 22:18; 49:10) Moporofeti Isaia, yo o itsegeng ka dipolelopele tse di sa tshwaneng le dipe kaga Mesia, o ne a bolelelapele gore Molaodi yono o ne a tla nna “Kgosana ya Kagiso” e e tla busang lefatshe le gore mo pusong ya gagwe, ‘kagiso ga e kitla e fela.’ (Isaia 9:6, 7) E re ka e le Mmusi wa selegodimo, o tla tsaya kgato go fedisa boikepo le go fetola lefatshe go nna paradaise, go sa tlhole go na le tshiamololo, malwetse, khumanego kana loso. Go tla bo go rena kagiso le batho ba tshelela ruri. (Pesalema 72:3, 7, 16; Isaia 33:24; 35:5, 6; Daniele 2:44; Tshenolo 21:4) Seno se tla direga leng?

Go Tloga go Nna le Kagiso mo Lefatsheng

Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo le pele ga go nna le setšhaba se sesha sa batho, go tla nna le ditiragalo tse di tshosang mo lefatsheng, tse di tla diragalang mo motlheng o le mongwe. (Mathaio 24:3, 7-13) Bontsi jwa ditiragalo tseno—dintwa, go tlhaela ga dijo, dithoromo tsa mafatshe, fa re umaka di se kae fela—di ile tsa diragala nako le nako. Mme ga di ise di ko di diragalele batho tsotlhe fela ka nako e le nngwe e bile e le mo lefatsheng lotlhe jaaka di diragetse mo motlheng wa rona. Mme matswela a masetlapelo ano a maswe thata go feta mo nakong e e fetileng ka gonne batho ba nna ka go kgotlhagana mo lefatsheng.

Tiragalo e nngwe e Baebele e e boleletseng pele ke ya gore batho ba ne ba tla senya tikologo. (Tshenolo 11:18) Mo godimo ga moo, pele bokhutlo jo bo boleletsweng pele bo tla, go tshwanetse ga dirwa tiro ya go tlhagisa batho mo lefatsheng, ya go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro eno mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:14.

Go diragala ga dipolelelopele tseno ke dikgang tse di molemo mo bathong ba ba ikanyegang. Lefatshe le lesha la kagiso le go boleletsweng pele ka lone le gaufi! Seo se tla dira gore letlhoo le borukhutlhi di fedisediwe ruri. Baebele ya re: “Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:9.

Dithapelo Tse Modimo a di Reetsang

Go rapela Modimo ga se selo fela se se se nang bokao. Baebele e bitsa Jehofa e re ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Ka jalo, ka dinako tsotlhe o nna a reeditse dithapelo tse dintsintsi tse di rapelwang ke batho ba ba tlhoafetseng go tswa mo lefatsheng. Mme gone, ke dilo dife tse a di lebeletseng mo mothong gore a reetse dithapelo tsa gagwe? Baebele e bolela gore batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba ithutang boammaaruri jwa Baebele kaga Modimo ba tshwanetse go dira dilo tse a di lebeletseng mo go bone mme ba nne “baobamedi ba boammaaruri,” ba ba mo obamelang ka “moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:23) Ga a amogele dithapelo tsa batho ba ba sa mo tlotleng: “Yo o faposang tsebe ya gagwe mo go utlweng molao [wa Modimo]—le thapelo ya gagwe ke selo se se makgapha.”—Diane 28:9.

Ka maswabi, gompieno baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi ga ba rute batho maikaelelo a Modimo a go tlisa kagiso e bile ga ba a rapelele. Go na le moo, ba rapelela dipuso tsa batho go rarabolola mathata ano, le mororo Lefoko la Modimo le tlhalosa ka tlhamalalo gore “ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.

Go ne ga bolelelwa pele gore “go ela kwa bofelong jwa metlha,” mo motlheng wa rona, batho ba ba ratang kagiso ba tla ologela kwa ‘thabeng ya ntlo ya ga Jehofa’—ke go re, mo kobamelong ya boammaaruri. Batho ba ba ntseng jalo ba ne ba tla dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa bone: “Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:2-4.

A go na le setlhopha sengwe sa baobamedi se se lekang go tshela go ya ka mafoko ao gompieno? Kana a madumedi otlhe a bua fela ka kagiso mme a bo a rotloetsa ntwa? Fa o kopana le Basupi ba ga Jehofa mo nakong e e tlang, re go kopa gore o tlotle le bone ka kgang ya kagiso le go ithuta gore ke bodumedi bofe jo bo rutang batho go nna le kagiso le batho botlhe.