Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Leroborobo le le Setlhogo go Gaisa Otlhe mo Hisitoring”

“Leroborobo le le Setlhogo go Gaisa Otlhe mo Hisitoring”

“Leroborobo le le Setlhogo go Gaisa Otlhe mo Hisitoring”

KA MOKWADI WA TSOGANG! MO AFRIKA BORWA

“Ga go na ntwa epe mo lefatsheng e e kileng ya gaila batho ka bontsi jaaka leroborobo la AIDS.”—COLIN POWELL, MOKWALEDI WA PUSO YA UNITED STATES.

PEGO ya ntlha ya semmuso e e buang ka AIDS (acquired immunodeficiency syndrome) e ne ya tlhaga ka June 1981. Peter Piot, yo e leng mokaedimogolo wa lekgotlha la Joint United Nations Programme on HIV/AIDS (UNAIDS) o ne a re: “Ga go ope wa rona ba re neng re ithuta ka Aids ka nako eo yo o neng a itse gore leroborobo leno le ne le tlile go anama thata jaana.” Mo dingwageng di le 20 fela, leroborobo leno le setse le aname go gaisa otlhe a a kileng a nna gone, mme go bonala le tlile go nna le oketsega.

Go fopholediwa gore batho ba ba fetang dimilione tse 36 ba tshwaediwa ke mogare wa HIV (human immunodeficiency virus), mme ba bangwe ba le dimilione di le 22 ba setse ba bolailwe ke malwetse a a amanang le AIDS. * Ka ngwaga wa 2000, batho ba le dimilione di le tharo mo lefatsheng lotlhe ba ne ba bolawa ke AIDS, e leng palo e kgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa begwa mo ngwageng o le mongwe fa e sa le leroborobo leno le simologa. Seno se ile sa direga le mororo go dirisiwa kalafi ya diokobatsi (e e bidiwang antiretroviral), segolobogolo kwa dinageng tse di humileng.

AIDS e Tlhasela Afrika

Dinaga tsa Afrika tse di mo borwa jwa Sahara ke tsone tse di tlhasetsweng thata ke leroborobo leno, e re ka go fopholediwa gore le tshwaeditse batho ba le dimilione di le 25,3 mo kgaolong eno. Ka ngwaga wa 2000, mo kgaolong eno fela, malwetse a a amanang le AIDS a ne a bolaya batho ba le dimilione di le 2,4, e leng diperesente di le 80 tsa palogotlhe ya lefatshe lotlhe. AIDS ke yone selo se segolo se se bolayang batho mo kgaolong eno. *

Afrika Borwa e na le palo e kgolo go gaisa dinaga tsotlhe ya batho ba ba tshwaeditsweng ke bolwetse jono, e e fopholediwang go dimilione di le 4,7. Masea a le 5 000 mono a tsholwa a na le mogare wa HIV kgwedi le kgwedi. Fa Nelson Mandela, yo e kileng ya bo e le poresidente wa Afrika Borwa, a ne a bua mo Konferenseng ya bo13 ya Ditšhabatšhaba ya AIDS, e e neng e tshwaretswe kwa Durban, ka July 2000, o ne a re: “Re garolwa pelo ke go utlwa gore mo Afrika Borwa, mosha a le 1 mo go ba le 2, ke gore halofo ya bone, o tlile go bolawa ke AIDS. Selo se se tshosang thata ke gore go tshwaetsega ga batho bano botlhe ba re bolelelwang ka bone, le tsela e ba bogang ka yone, . . . go ne go ka thibelwa.”

Go Anama ga AIDS Kwa Dinageng Tse Dingwe

Dipalo tsa batho ba ba tshwaediwang ke bolwetse jono di oketsega ka lobelo lo logolo le kwa Yuropa Botlhaba, Asia le kwa Caribbean. Kwa bokhutlong jwa 1999, palo ya batho ba ba neng ba tshwaeditswe ke bolwetse jono kwa Yuropa Botlhaba e ne e le 420 000. Fa 2000 e fela, palo eo e ne ya fopholediwa gore e oketsegile go nna 700 000.

Patlisiso nngwe e e dirilweng kwa metseng e megolo e le merataro ya Amerika e senola gore diperesente di le 12,3 tsa makawana a basodoma di tshwaeditswe ke mogare wa HIV. Mo godimo ga moo, ke diperesente di le 29 fela tsa batho ba ba tshwaeditsweng ke mogare wa HIV ba ba neng ba itse gore ba na le mogare oo. Moitse mongwe wa malwetse a leroborobo yo o neng a okametse patlisiso eo o ne a re: “Re ne ra kgobiwa marapo thata ke go lemoga gore bontsi jwa banna ba ba nang le HIV ga ba itse gore ba na le yone. Seno se bolela gore batho ba ba sa tswang go tshwaediwa ke mogare ono ba o anamisa ba sa itse.”

Kwa kokoanong e e neng e tshwaretswe kwa Switzerland ka May 2001, baitse ba AIDS ba ne ba bitsa bolwetse jono ba re ke “leroborobo le le setlhogo go gaisa otlhe mo hisitoring.” Jaaka fa re boletse, leroborobo la AIDS le aname thata mo dinageng tsa Afrika tse di mo borwa jwa Sahara. Setlhogo se se latelang se tlhalosa lebaka la gone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Dipalo tse di umakwang fano ke tse di fopholediwang ke UNAIDS.

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

“Selo se se tshosang thata ke gore go tshwaetsega ga batho . . . le tsela e ba bogang ka yone, . . . go ne go ka thibelwa.”—NELSON MANDELA

[Setshwantsho mo go tsebe 2, 3]

Batho ba le bantsi ba ba nang le HIV ga ba itse gore ba na le yone

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

UN/DPI Photo 198594C/Greg Kinch