Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikepe Tse di Maatla Tse di Siametseng go Thusa

Dikepe Tse di Maatla Tse di Siametseng go Thusa

Dikepe Tse di Maatla Tse di Siametseng go Thusa

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA FINLAND

DINONYANE tsa metsi di fofafofa mo loaping lo lo se nang lefa e le lerunyana. Letsatsi le a fisa. Mo moweng, go utlwala lonko lwa dinawa tsa kofi. La bofelo go utlwala modumo wa go tswalwa ga dikgoro tsa sekepe, se kua mokgosi, mme sekepe se segolo sa dithoto se simolola loeto lwa sone. Se isa dinawa tsa kofi kwa Finland, naga ya barati ba kofi. Le fa go ntse jalo, dibeke di le mmalwa moragonyana, mo serameng se se tlhabang sa mariga, sekepe seno se se rweleng dikgetsi tsa dinawa tsa kofi se tla gaelelwa mo Lewatleng la Baltic. Go ka dirwang? Ga re tlhoke go tshwenyega gonne thuso e mo tseleng. Kgakala kwaa, go bonala sekepe se se maatla se se thubang aese.

Go Thuba Aese

Bontsi jwa dithoto tsa lefatshe di tsamaisiwa ka sekepe. Gantsi seno ga se mathata. Mme jaanong dikepe di ka fitlha jang kwa boemakepeng fa lewatle le sule dikgapetla? Jono ke bothata jo bogolo mo Lewatleng la Baltic le le tlhanaselang le le bulelang dinaga di le dintsi tsela ya go ya kwa lewatleng le le se nang aese. Ka sekai, mo marigeng a a tsididi thata, maemakepe a le mantsi a Finland a tlala aese, mme maemakepe a yone a a kwa bokone a ka nna a bo a dikologilwe ke aese ka lobaka lwa dikgwedi di le thataro. Seno se bolaile batho ba le bantsi.

Ka 1867, thobo e ne e se kalo kwa bokone le bogare jwa Yuropa. Ka gonne go ne go se na tsela epe mo lewatleng e e yang Finland e e neng e se na aese go fitlha ka May, go ne go se na ka fa dithuso tsa namolo di ka isiwang ka teng go fitlha aese eno e gakologa. Mo bukeng ya Through Ice and Snow, mokapotene wa sekepe e bong Seppo Laurell a re: “Ka nako eno, batho ba ba ka nnang 110 000, kgotsa diperesente tse di fetang di le tlhano tsa batho [ba Finland], ba ne ba bolawa ke tlala.”

Aese e kgoreletsa dikepe tsa dithoto le mo dikarolong tse dingwe. Kwa Amerika Bokone, jono ke bothata jo bogolo kwa matsheng a Great Lakes, mo Nokeng ya St. Lawrence le go bapa le lebopo la Canada. Dikgaolo tsa Arctic le Antarctica tsone e bile go thata tota go tsamaisa sekepe mo go tsone ka mariga a fa lewatle le tletse aese. Koo, aese e ka nna bokima jwa dimetara di le pedi go ya go di le tharo.

Mekgwa ya Bogologolo ya go Bula Ditsela mo Aeseng

Mo metlheng ya fa go ne go tsamaiwa ka dikepe tsa seile, aese e ne e le bothata jo bogolo jo go ka se kang ga dirwa sepe ka jone. Fa go se na go dirwa dikepe tsa ntlha tsa setime tse di dirilweng ka tshipi, maemo a ne a tokafala. Fa sekepe se se rwalang dithoto se ne se na le maatla a a lekaneng, se ne se ka kgona go iphetela fela mo aeseng e e seng kima go le kalo. Le fa go ntse jalo, dikepe tseno di ne di sa kgone go feta mo mefuteng yotlhe ya aese, le mororo dingwe tsa tsone di ne di diretswe gore di kgone go thuba aese.

Go dira dikepe tse di thubang aese go ne ga thusa go rarabolola bothata. Go bolelwa gore sekepe sa ntlha se se thubang aese mo lefatsheng e ne e le City Ice Boat I, se se dirilweng kwa United States ka 1837. Kwa Yuropa, go ne ga dirwa Eisbrecher kwa Hamburg, kwa Jeremane ka 1871. Go ise go ye kae, go ne ga bonala sentle gore ke mofuta ofe wa dikepe tse di neng di kgona go thuba aese, mme mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, ke fa go setse go tlhamilwe mofuta o o rileng wa sekepe. *

Dikepe Tse Dikgolo Thata Tse di Dirilweng ka Tshipi

Go diregang fa sekepe se gaeletswe mo aeseng? Motsamaisasekepe mongwe a re: “Se kgotlhokgotshega e kete ke motho a tshwerwe ke letshoroma.” Mmele wa sekepe se se thubang aese o tshwanetse wa bo o le thata tota mo o kgonang go emelana le maemo a a thata go feta mmele wa sekepe sa bagwebi. Monna mongwe yo o berekang mo sekepeng se se thubang aese o bolela jaana: “Go thula aese go tshwana le go kgweeletsa mokoro mo losing lwa lewatle.” Dipoleite tsa tshipi tse di mo nkong ya sekepe di ka nna tsa bo di le bokima jwa disentimetara di feta 3—mo dikepeng tse di thubang aese tse di kwa mafelong a a tsididi di ka fitlha go bokima jwa disentimetara di le 5—mme mo godimo ga ditshegetsa sekepe tse di tlwaelegileng, go na le tse dingwe tse di dirilweng ka mo go kgethegileng gore di thube aese. Dikepe tseno di nonofile go le kana kang? Ka Ntwa ya Lefatshe II, fa sekepe se se thubang aese se se bidiwang Tarmo se ne se phamphamololwa ke bomo, kamore ya batsamaisi le dikamore tse dingwe tse dintsi tsa sekepe di ne tsa senyega, mme mmele wa sone ga wa ka wa direga sepe.

Tsela e sekepe se bopegileng ka yone e botlhokwa gore se kgone go thuba aese. Gantsi tiro e e boima thata ga se go thuba aese ka boyone mme ke go tlosa dikgapetla tsa yone mo tseleng. Dikepe di le dintsi tse di thubang aese di na le nko e e seng motsu e e bopegileng jaaka leswana. Sekepe se thuba aese ka boima jwa sone se bo se kgoromeletsa dikgapetla tsa yone kwa thoko le kwa tlase. Mmele wa sekepe o agilwe ka kelotlhoko go dira gore o se ka wa gotlhana le aese. Mo godimo ga moo, mmele wa sekepe o apesitswe ke tshipi e e thata kgotsa o pentilwe ka pente e e borethe thata le e e tshwarelelang.

Dikepe tseno tse dikgolo tse di dirilweng ka tshipi di tsamaisiwa jang? Ga go tlhole go na le banna ba ba fufuletsweng mo kamotshaneng ya enjene ba ba tshelang magala mo boelareng. Dikepe tsa segompieno tse di thubang aese ke tsa disele le motlakase, mme maatla a tsone a tshwana le a dikepe tse di rwalang ditanka tsa bogolo jo bo magareng. Go dira gore dikepe dingwe tse di thubang aese di kgone go tsamaya le mo mafelong a a tsididi kwantle ga gore di felelwe ke lookwane, di tsenngwa metšhine e e ntshang maatla a nuklea.

Tsela e e Kgethegileng e di Dirwang ka Yone

Fa mokoro o o fuduiwang o tshwarwa ke seretse, motho yo o se tsamaisang a ka o ntsha ka go o sekamisetsa kafa le kafa. Go dirwa se se tshwanang le mo dikepeng tse di thubang aese. Le fa go ntse jalo mo go tsone, tota le setlhopha sa banna ba le 30 ba ba tabogelang mo matlhakoreng otlhe a sekepe ga ba ka ke ba lekana go se sekamisa. Go dirisiwa mokgwa o o kgethegileng wa go se sekamisa—mo ditankeng tse pedi tse dikgolo tsa metsi tse di mo matlhakoreng a sekepe, go dirwa gore metsi a elele ka maatla a magolo thata go tswa ka fa tankeng e nngwe go ya kwa go e nngwe. Aitsane, ka dinako tse dingwe go se sekamisa jalo e ka nna selo sa metsotswana e le 15 fela! Go se sekamisa jalo go ka tshosa motho yo o sa tlwaelang go tsamaya ka sekepe. Mme batsamaisa dikepe bone ba di tlwaetse dilo tse.

Mo bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, mongwe o ne a akantse ka go baya lefetlho kwa nkong ya sekepe. Go dikologa ga lone go ne go dira gore go nne le metsi a mantsi a a neng a dira gore sekepe le aese di se ka tsa gotlhana go le kalo mme a ne a tlosa dikgapetla tsa aese mo tseleng ya sekepe. Dikepe dingwe tsa segompieno tse di thubang aese di na le mafetlho a mabedi kwa morago le le le lengwe kgotsa a le mabedi kwa nkong ya sekepe. Le fa go ntse jalo, mo dikepeng di le dintsi tse di thubang aese, mo boemong jwa lefetlho le le tlhagelelang kwa nkong ya sekepe, go tsentswe sedirisiwa se se butswelang mowa se se ntshang dipudula. Diphatlhanyana tse di kafa tlase ga metsi mo sekepeng, tse di mo mmeleng wa sone di ntsha mowa o montsi di o ntshetsa mo metsing a a kafa tlase ga aese, ka go dira jalo, di dira gore go nne le dipudula tse di maatla mo metsing, mme di fokotsa go gotlhana ga aese le sekepe.

Go Leba Kwa Pele

Letsatsi le le bothitho la dikgakologo le dira se dikepe tsotlhe tse robongwe tse di maatla tse di thubang aese tsa Finland di palelwang ke go se dira—le thuba aese mo maemakepeng otlhe, tota le e e kwa dikarolong tse di kwa bokone tsa naga eno. Dikepe tse di thubang aese di boela kwa magaeng a tsone, mme seno se raya gore mo selemong seno, bakgweetsi ba dikepe ga ba na go nna le mathata a le makalo mo tirong ya bone. Dikepe tseno tse di jang madi a mantsi, tse di diretsweng boikaelelo jo bo kgethegileng di tla bo di ntse fela ka dikgwedi di le mmalwa ka gonne tsela e di dirilweng ka yone e dira gore di se ka tsa siamela loeto lo lo tlwaelegileng mo lewatleng le le se nang aese.

Le fa go ntse jalo, go na le dikepe dingwe tse disha tse di dirwang. Dikepe tseno tse di thubang aese e bile e le tse di ka dirisediwang mabaka a mangwe, di bereka go thuba aese ka tsela e e tlwaelegileng mo marigeng, mme ka dipaka tse go se nang aese, di ka dirisediwa dilo tse di tshwanang le go tsenya megala mo lewatleng, go dira dipatlisiso, le go baakanya metšhine e e epang oli mo lewatleng. Sekepe sengwe se se ntseng jalo se se bidiwang Botnica, se se dirilweng ka 1998 gore se dirisiwe ke Mokgatlho wa Finland wa Batsamaisa Dikepe, se na le mafetlho a le mabedi mo enjening a a dikologang mme ka go rialo a sa bereke go nna mafetlho fela mme gape a laola tsela e sekepe se tsamayang ka yone. Mafetlho ano, a dira gore go nne motlhofo thata go laola sekepe seno. Mokgwa ono o dirisiwa le mo dikepeng tse disha tse di rwalang batho.

Ka ntlha ya mekgwa eno e e tokafaditsweng ya go thuba aese, go setse go tlhagile mogopolo o mongwe wa go dira mofuta o mosha wa sekepe se se rwalang dithoto. Fa sekepe se sesha seno se ya kwa pele se ralala makhubu ka tsela e e tlwaelegileng. Le fa go ntse jalo, karolo ya sone e e kwa morago e dirisediwa go thuba aese. “Sekepe seno se se rwalang ditanka, se se kgonang go dira ditiro tse pedi ka nako e le nngwe,” se tlile go thusa thata mo dikarolong tsa mafelo a a tsididi, koo gantsi dikepe tse di thubang aese di sa kgoneng go fitlhelela gone. Sekepe seno se ipulela tsela mo aeseng ka go kata ka sammamorago.

Go ntse go le jalo, batho ba Finland bone ba batla kofi ya bone ka bonako. Sekepe se se thubang aese se go builweng ka sone mo serapeng sa ntlha sa setlhogo seno, se golotse sekepe se se rweleng kofi mme jaanong se a se goga. Mokapotene wa sekepe se se thubang aese o ikaega ka maphakalego a sekepe a ritibetse. Go tswa foo o ya kwa kamotshaneng e bakgweetsi ba leng mo go yone. Ke nako ya go nwa kopi ya kofi e e fisang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Dikepe tse di thubang aese di a farologana ka bogolo jwa tsone le tsela e di dirilweng ka yone, go ya ka lefelo le di dirisiwang mo go lone—kwa maemakepeng, kwa lewatleng kgotsa kwa mafelong a a tsididi. Setlhogo seno se bua thata ka dikepe tse di thubang aese tse di dirisiwang mo lewatleng.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Sekepe se se thubang aese sa “Otso” se bula tsela

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mokgatlho wa Finland wa Batsamaisa Dikepe

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Sekepe se se tsamaisiwang ka setime se gaeletswe mo aeseng—mo e ka nnang ka 1890

[Motswedi wa Setshwantsho]

Museovirasto

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Sekepe sa “Taymyr” se se fetlhwang ka maatla a nuklea

[Motswedi wa Setshwantsho]

Kværner Masa-Yards

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Dikepe tse di thubang aese e bile di kgona go dirisediwa mabaka a mangwe di ka dirisiwa gape go tsenya megala le dipeipi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mokgatlho wa Finland wa Batsamaisa Dikepe

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Sekepe sa “Botnica”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mokgatlho wa Finland wa Batsamaisa Dikepe