Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bontsha Lorato ka Ditiro—Namane e Tona ya Tiro ya go Namola

Go Bontsha Lorato ka Ditiro—Namane e Tona ya Tiro ya go Namola

Go Bontsha Lorato ka Ditiro—Namane e Tona ya Tiro ya go Namola

RICHARD VARA, morulaganyi yo o nang le maitemogelo wa lokwalodikgang lwa Houston Chronicle, ga a kgatlhege bonolo, le fa go ntse jalo, o ne a kgatlhega tota mo ngwageng o o fetileng. O ne a re: “Ga ke ise ke bone epe e e tshwanang le yone! Ga ke dumele se ke se bonang.” Lee P. Brown, ratoropo wa Houston, kwa Texas, U.S.A., le ene o ne a ikutlwa ke tsela e e tshwanang. O ne a re: “Ke eletsa e kete mongwe le mongwe mo Houston a ka bona se lo se dirileng. Ke kgatlhegile tota.” Ba ne ba bua ka eng? Morulaganyi wa lokwalodikgang lono le ratoropo ba ne ba bua ka tiro ya go namola e Basupi ba ga Jehofa ba kwa Houston ba neng ba e dira. Tiro eno e ne e akaretsa eng? Ke ka ntlha yang fa e ne e dirwa? Mme ke eng se se neng sa dira gore e kgatlhe ba bangwe thata jaana? Go bona karabo, a re simololeng kwa tshimologong.

Morwalela o o Boitshegang O o Sa Lebalesegeng

Mo masimologong a June 2001, setsuatsue se se maswe go feta le fa e le sepe se se kileng sa nna teng se se bidiwang Allison, se ne sa ganyaola lefelo le le sephaphathi kwa borwabotlhaba jwa Texas. Kgabagare, ka Labotlhano June 8, setsuatsue seno sa Allison se ne sa nesa pula ya matlakadibe e e neng ya tsaya diura di le 24 mme metsi a tama go fitlha a nna bogodimo jwa metara o le mongwe mo Houston—e leng toropo ya bonè e kgolo go di gaisa mo Amerika yotlhe. * Go ise go ye kae, metsi a ne a elelela mo teng ga mabenkele, diofisi le mo matlong a le masome a le diketekete. Ditsela tse dikgolo mo toropong yotlhe di ne tsa fetoga dinoka tse di elelang, metsi a khurumetsa dikoloi le dilori tse dikgolo. Metsi ano a mantsi a ne a dira gore ditimamolelo le dikoloi dingwe tse di neng di dira tiro ya go namola di se ka tsa kgona go tsamaya mo ditseleng tse di neng di rwaleletse metsi. Dihelikopotara le dilori tsa sesole di ne tsa bidiwa go tla go namola batho.

Kgabagare, e ne ya re fa go apoga ka Mantaga, June 11, ga bonala sentle gore setsuatsue sa Allison se ne se bolaile batho e bile se sentse dikago. Go ne go sule batho ba le 22 go akaretsa le Basupi ba ga Jehofa ba le 2: Jeffrey Green, mogolwane wa Mokeresete le monnawe mosadi wa gagwe e bong Frieda Willis. * Mo godimo ga moo, go ne go senyegile matlo a ka nna 70 000, e leng se se neng se dira gore morwalela ono e nne masetlapelo a a boitshegang go gaisa ape a a kileng a wela toropo eno e kgolo. Allison ke setsuatsue se se neng sa baka tshenyo e e jang madi a a seng kana ka sepe, a didolara di ka nna dimilione di le dikete di le tlhano mo hisitoring ya United States.

Boidiidi jo Bogolo Jwa Baithaopi

Batho ba ne ba garogile pelo tota. Modiri mongwe wa namolo o ne a re: “Malao a bone a ne a le metsi. Dikhapete tsa bone di le metsi. Ba ne ba latlhegetswe ke ditshwantsho tsa fa ba sa ntse ba le bannye.” Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 16 000 kwa Houston, ba ne ba senyegetswe. Go ne go senyegile Diholo Tsa Bogosi di le robedi le magae a le makgolokgolo a Basupi. Mangwe a matlo ano a ne a rwaleletse metsi a disentimetara di le mmalwa; a mangwe a ne a na le metsi a a fitlhang kwa marulelong. Ka kakaretso, go ne go amegile diphuthego tse di fetang 80 tsa Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, botlhe ba ba neng ba amilwe ke masetlapelo ano ba ne ba se ka ba tlhokomologiwa fela. Mo malatsing a a seng kae, go ne ga tla boidiidi jo bogolo jwa baithaopi go tla go dira tiro ya go namola. Seno se ne sa dirwa jang?

Le e leng pele ga metsi a morwalela a kgala, bagolwane ba Bakeresete ba diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Houston ba ne ba tsena mo tirong ka bonako. Mongwe wa bagolwane o ne a bolela jaana: “Re ne ra leletsa bakaulengwe ba rona mogala le go ba etela. Mme re ne ra sekaseka matlo a bone go bona gore ba senyegetswe go le kana kang, mme ka Mantaga, June 11, re ne re kokoantse pego e e feletseng ya lenaane la ba ba amilweng ke masetlapelo ano, le gore go ne go senyegile matlo a le kae, le gore a ne a senyegile go le kana kang. Pego eno e ne ya romelwa kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York.” Malatsi a le mmalwa moragonyana, ofisi ya lekala la United States ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya tlhoma komiti ya go namola ya bagolwane ba le robedi ba Bakeresete ba kwa Houston, mme ya ba naya madi a go dira tiro ya go namola. Tiro ya komiti eno e ne e tla nna eng? Go thusa ba ba amilweng ka masetlapelo ano gore ba fole mo maikutlong, le go baakanya matlo a a senyegileng a Basupi—matlo a a fetang 700!

Maloko a Komiti ya Namolo ya 2001 e e neng e sa tswa go tlhomiwa ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Houston a ne a ipotsa jaana: ‘Re tla kgona jang namane eno e tona ya tiro?’ Ba ne ba bereka go fitlha bosigogare ba dira dithulaganyo tsa ntlha tsa go dirwa ga tiro eno le go kopa diphuthego tse di fetang 160 tsa Basupi mo Houston gore di thuse. Modulasetulo wa komiti eno o ne a re, “Ba ne ba arabela ka bontsi. Go ne ga ithaopa Basupi ba feta 11 000, ba dirisa nako ya bone, maatla a bone le bokgoni jwa bone kwantle ga tuelo epe.”

Baithaopi ba Lwantshana le Mouta

Malatsi a le mmalwa morago ga morwalela, baithaopi ba ne ba ya go bereka kwa matlong a ba ba amilweng ke masetlapelo ano, ba ntsha dikhapete tse di tletseng metsi, difuluru tse di senyegileng, dipota tse di thubegileng, dikhabinete tse di tletseng metsi, dikgoro tse di kobegileng le sengwe le sengwe se se neng se leswafaditswe ke leswe la matlo a boithomelo. Moithaopi mongwe o ne a re, “re ne re sa amega fela ka go baakanya matlo a bakaulengwe ba rona, mme gape re ne re amegile ka go sireletsa botsogo jwa bone.” Ereka mouta o o botlhole o ne o tla gola ka bonako ka fa tlase ga dipota le ka fa teng ga dikhabinete, go ne go tlhokega gore go bolawe megare pele mo matlong.

Basupi ba le mmalwa ba ne ba kopa go thapisiwa ke mokgatlho wa Federal Emergency Management Agency (FEMA), kemedi ya puso e e thusang ka nako ya masetlapelo, gore ba ithute go dira tiro eo ka tsela e e sireletsegileng. Morago ga moo, Mosupi mongwe le mongwe yo o neng a thapisitswe ke FEMA o ne a kopiwa gore a tseye baithaopi ba le lesome gore ba ye le ene kwa ntlong nngwe e e senyegileng kwa a neng a tla fitlha a ba ruta tsela e e siameng ya go bolaya megare mo ntlong. Mo letsatsing le le latelang, mongwe le mongwe wa baithaopi bano ba ba lesome ba ba neng ba sa tswa go thapisiwa, le ene o ne a tsaya baithaopi ba bangwe ba le lesome a bo a tsamaya le bone. Moithaopi mongwe o ne a re, “Mo malatsing a le mmalwa fela, palo ya ba ba neng ba itse go dira tiro eno e ne ya gola go nna makgolo a le mmalwa.” Mouta o o neng o ntse o anama o ne o sa kgone go emelana le palo e e ntseng e gola ya baithaopi! Batho ba ba rotseng tiro le basha ba ba leng mo malatsing a boikhutso a sekolo ba ne ba bereka motshegare. Mo bosigong, baithaopi ba bangwe ba ne ba tla go tswelela ka tiro. Mo dibekeng di le thataro fela, matlo otlhe a a neng a leswafetse a Basupi a ne jaanong a le phepa e bile a bolokesegile.

Lefelo le Legolo la go Rulaganya Tiro le a Mannye a le Supa

Fa nako e ntse e tsamaya, komiti ya namolo e ne ya reka didirisiwa di le dintsintsi tsa go aga. Mme di ne di tla bewa kae? Mmueledi wa komiti eno ya namolo o bolela jaana, “Fa manejara wa khampani nngwe a lemoga gore re ne re tlhoka lefelo la go baya dilo, o ne a re letla gore re dirise bobolokelo jwa gagwe—jo bo nang le boalo jwa disekweremetara di le 5 000—kwantle ga tuelo!” Mo godimo ga go boloka didirisiwa tsa go aga, bobolokelo jono bo ne bo na le lefelo le le ka dirisiwang jaaka ofisi. Go ise go ye kae, bobolokelo jono e ne ya nna lefelo le legolo la go rulaganya tiro ya namolo, le baithaopi ba le 200 go ya go ba le 300 ba neng ba bereka motshegare, bosigo le ka mafelobeke mo go lone.

E re ka matlo a a neng a senyegile a ne a le mo mafelong a a farologaneng, go ne ga tlhomiwa mafelo a mannye a tiro e rulaganngwang mo go one kgotsa a go thusa ka tiro ya go namola mo Diholong Tsa Bogosi di le supa. Ka mafelobeke, lefelo lengwe le lengwe la mafelo ano a mannye le ne le tlala ka baithaopi. (Bona lebokoso le le reng, “Lefelo le Lennye le Tiro e Rulaganngwang mo go Lone.”) Bontsi jwa bone ba ne ba kile ba bereka mmogo mo go ageng Diholo Tsa Bogosi mo kgaolong eo. Tota e bile, baithaopi ba ba neng ba na le bokgoni jwa go aga, go tswa mo Dikomiting Tsa Kago Tsa Kgaolo di le 11 kwa Arkansas, Louisiana, Oklahoma le kwa Texas, ba ne ba thusa. * Mo lefelong lengwe le lengwe le lennye le tiro e rulaganngwang mo go lone, ba ba betlang ka logong, ba ba pentang, ba ba lomaganyang dipeipe le badiri ba bangwe ba ba nang le bokgoni, ba ne ba eteletse pele le go ruta ba bangwe tiro.—Bona lebokoso le le reng “Dithulaganyo Tsa go Thapisa ba Bangwe.”

Thulaganyo le Tshedimosetso e e Bolokilweng mo Khomputareng

Baithaopi ba ne ba latelela thulaganyo ya go aga e e neng e kgaogantswe ka dikarolo tse di farologaneng tse supa. Go ne ga romelwa mekoa e le menè ya didirisiwa tsa go aga kwa matlong, mme ga rulaganyediwa gore ntlo nngwe le nngwe e baakanngwe mo mafelobekeng a le mararo. Ka tsela eno, tiro yotlhe ya go namola e ne e tla wediwa mo dikgweding di ka nna thataro.

Go dira gore thulaganyo eno e bereke sentle, komiti e ne ya tlhoma maphata a le 22, go akaretsa le le le okametseng tiro yotlhe, la go reka, la marobalo le la go rorwa ga dilo. Maphata otlhe a ne a thusiwa ke tshedimosetso e e neng e tsentswe ke baithaopi mo khomputareng. Pele ga tiro ya go baakanya e simolola, go ne ga tsaya baithaopi malatsi a le lesome go tsenya tshedimosetso eo mo khomputareng. Mmegadikgang mongwe o ne a bolela jaana: “Go tsenya tshedimosetso eo e ne e le namane e tona ya tiro.” Le fa go ntse jalo, morago ga malatsi ao a a lesome, ba ne ba kokoantse tshedimosetso e e botlhokwa. Ka go tobetsa konopo fela mo khomputareng, ba ne ba kgona go bona gore baithaopi ba le 11 000 ba ne ba tla tla leng, le gore ba ne ba na le bokgoni mo ditirong dife le gore go ne go ka ikgolaganngwa jang le bone. Fa o tobetsa gape, e ne e bontsha gore tiro ya go baakanya e ne e le bokgakala jo bo kana kang, e bo e bontsha le dipampiri tse di neng di tlhokega tsa tetla ya go aga le dilo tse dingwe tse di amanang le matlo a a senyegileng. Tshedimosetso e e mo khomputareng e ne ya bidiwa “boremelelo jwa tiro ya go namola.”

Ba ne Ba Tseegile Maikutlo e Bile ba Itumetse

Baithaopi ba ba itseng go aga matlo ba ne ba ya kwa go a a neng a se na mouta e bile a se na metsi go ya go a sekaseka go bona gore go ne go tla tlhokega eng gore a baakangwe. Mmueledi mongwe o ne a akgela jaana: “Baithaopi bano ba ne ba kgona go umaka dilo tsotlhe tse di tla tlhokegang tota le gore go ne go tla tlhokega dipekere di le kae. Re ne re sa batle go senya ka madi kgotsa didirisiwa tse di ntshitsweng moneelo.” Mo godimo ga moo, baithaopi ba bangwe ba ne ba ya go kopa dipampiri tsa tetla ya go aga kwa badiredibagolong ba motse.

Morago ga moo, malapa a a amilweng ke masetlapelo ano, a ne a kopiwa go tla kwa bobolokelong go tla go tlhopha dikhapete, dikhabinete, boalo jwa fa fatshe jwa raba le dilo tse dingwe gore ba emisetse dilo tse ba neng ba senyegetswe ke tsone. Batho bano botlhe ba ba neng ba amilwe ke masetlapelo a morwalela, ba ne ba tseega maikutlo mme gantsi ba ne ba lela fa ba bona dilo tsotlhe tse ba neng ba di newa. Gape, batho ba ba neng ba amilwe ke masetlapelo ano, ba ne ba newa kgakololo ke baithaopi ba ba nang le kitso ka dilo tsa diinshorense le melao ya puso. Morago ga moo, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore matlo a baakangwe, mme mo letsatsing le setlhopha se se a baakanyang se neng se tlhoka didirisiwa tsa go aga ka lone, baithaopi ba ba neng ba kgweetsa dilori ba ne ba di tlisa. Monna mongwe yo e neng e se Mosupi yo ntlo ya gagwe e neng e baakanngwa o ne a raya mosadi wa gagwe wa Mosupi a re: “Bakaulengwe ba gago ba a gakgamatsa. Fa setlhopha se sengwe se tsamaya, go tla se sengwe. Ba bereka jaaka ditshoswane!”

Ntlo nngwe le nngwe e ne ya tsaya mafelobeke a le mararo go baakanngwa. Modulasetulo wa komiti o ne a bolela jaana, “Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go ne go tsaya dibeke di le tlhano kgotsa di le robedi.” Fa baithaopi ba ne ba ntsha dipota tsa bogologolo mo matlong mangwe, gantsi ba ne ba lemoga gore e ne e le bogologolo tse dingwe di ntse di senyegile, mme ba ne ba sa batle go tsenya dipota tse disha ba sa baakanye pele tsa bogologolo. Moithaopi mongwe yo o itseng tiro o ne a re: “Ka dinako tse dingwe re ne re lemoga gore go ne go tletse makeke mo ntlong, ka jalo re ne re tlhomamisa gore re a a bolaya. Gantsi fa re ntse re a baakanya, re ne re bereka re pagame mapolanka a a neng a pegilwe mo godimo ga dilo dingwe. Re ne ra tlogela matlo a siame.” Mongwe yo o neng a amilwe ke masetlapelo a morwalela, o ne a tlhalosa maikutlo a beng bao ba le bantsi ba matlo fa a ne a bolelela moeng mongwe jaana ka boitumelo: “Jaanong ntlo ya me e botoka go feta fa ke ne ke e reka!”

Dijo Tse di Baakanngwang ka Bofefo

Gore baithaopi ba le bantsi ba newe dijo, setlhopha sa Basupi se ne sa fetola bobolokelo jo bo neng bo le kafa morago ga Holo ya Bogosi go re e nne lefelo la go baakanya dijo le go di aba. Basupi mo nageng yotlhe ba ne ba aba ditsidifatsi, metšhini e e tlhatswang dijana, ditofo le didirisiwa tse dingwe tsa mo boapeelong. Matlhatso le Sontaga mongwe le mongwe, baapei ba le 11 le baithaopi ba bangwe ba ka nna 200, ba ne ba apaya dijo di le dintsi thata mo lefelong le ba neng ba berekela mo go lone. Moithaopi yo o neng a okametse boapeelo jono o ne a re: “Re feditse dingwaga di le 19 re apaya dijo fa go agiwa Diholo Tsa Bogosi, mme tiro eno yone e ne e le kgolo go feta kafa re neng re akantse ka gone.”

Dijo tseno di ne di pakiwa mo teng ga mabokose a le 120. Mabokose a ne a pegiwa mo dikoloing di le 60 tse di neng di isa dijo tseno kwa mafelong otlhe a mannye a tiro e neng e rulaganngwa mo go one le kwa go le legolo. Ka nako eo, setlhopha se se neng se bereka mo ntlong nngwe le nngwe se ne se roma moithaopi a le mongwe wa bone go ya kwa lefelong le lennye le tiro ya bone e neng e rulaganngwa kwa go lone go ya go tseela setlhopha sotlhe dijo. Baithaopi ba ne ba jela dijo tsa bone mo matlong ao ba bo ba boela tirong ka bonako.

Tiro e a Konelwa!

Kgabagare, ka April 2002, baithaopi ba le 11 700 ba ne ba konela tiro eno ya go namola e e tsereng lobaka lo loleele e e neng e dirwa ke Basupi ba ga Jehofa. Baithaopi ba dirisitse diura di le 1 000 000 go baakanya kgotsa go aga sesha Diholo Tsa Bogosi di le 8 le matlo a le 723. Mongwe yo o neng a amilwe ke masetlapelo ano a morwalela, o ne a buelela ba bangwe ba le bantsi fa a ne a bua jaana ka boitumelo a sekile dikeledi: “Ke leboga Jehofa le baithaopi ka sotlhe se ba re thusitseng ka sone. Go nna mongwe wa bakaulengwe ba ba lorato go gomotsa tota!”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Ditoropo tsa New York, Los Angeles, le Chicago di na le batho ba le bantsi thata. Toropo e kgolo ya Houston e na le baagi ba ka nna 3 500 000, mme e nnye go sekae fa e bapisiwa le porofense ya Gauteng.

^ ser. 5 Mo tirelong ya segopotso ya ga Jeffrey le Frieda, go ne ga tla ditsala tsa bone di le 1 300. Mme seo se ne sa kgothatsa thata Abigail—mosadi wa ga Jeffrey le mogolowe Frieda.

^ ser. 15 Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo gantsi di aga mafelo a dipokano a Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]

LEFELO LE LENNYE LE TIRO E RULAGANNGWANG MO GO LONE

Letsatsi ke la Matlhatso, nako ke 7:00 a.m., kwa Lefelong le Lennye la bonè le Tiro e Rulaganngwang mo go Lone kwa bokonebotlhaba jwa Houston. Baithaopi ba ba kopaneng mo Holong ya Bogosi ba a tlotla, ba a tshega, ba nwa kofi e bile ba ja matšhutšhu. Bangwe ba tsere loeto lwa dikilometara di le dintsi go tswa kwa ditoropong tse ba nnang kwa go tsone gore ba tle fano. Mme ka 7:30 a.m., botlhe ba a didimala, mme molebedi wa lefelo leno le lennye le tiro e rulaganngwang mo go lone, o tlotla ka temana ya Baebele. Pele ga baithaopi ba phatlalala go ya kwa mafelong a ba berekelang kwa go one, o itsise botlhe gore Thuto ya Tora ya Tebelo e tlile go tshwarwa ka Sontaga ka 7:30 a.m., mme o kgothaletsa botlhe go nna le seabe mo thutong eo ka go akgela ka Seesemane kgotsa ka Se-Spain. O naya botlhe ditumediso tse di tswang kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa mme botlhe ba di amogela ka go opa diatla.

Morago ga moo, molebedi wa lefelo leno le lennye le tiro e rulaganngwang mo go lone o tlhalosetsa botlhe gore tiro ya go namola e tlile go dirwa jang a bo a lebogela baithaopi botlhe moya wa bone wa boithaopo. O botsa jaana: “A go na le ope fano yo o sa itseng gore o tlile go dirang kgotsa gore o ya go bereka kae gompieno?” Ga go ope yo o tsholetsang lebogo. “Re tlhoka dipoleiti di le kae tsa dijo?” Botlhe ba tsholetsa mabogo ka bonako, go bo go tshegwa. Kgabagare go a rapelwa, mme baithaopi ba le 250—banna, basadi, bana le bagolo—ba ya kwa ditirong tsa bone, ba ipaakanyeditse go dira tiro e nngwe gape e e boima e e tsayang letsatsi lotlhe.

Go diragala se se tshwanang kwa mafelong a mangwe a mannye a tiro e rulaganngwang mo go one le kwa bobolokelong. Mme mo go yone nako eno, baithaopi ba ba dirang mo boapeelong ba setse ba ntse ba fudua dipitsa—ka gonne ka ura ya sethoboloko gompieno, baithaopi ba le 2 000 ba ba tshwerweng ke tlala mo Houston yotlhe ba tla bo ba letetse go newa dijo!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]

DITHULAGANYO TSA GO THAPISA BA BANGWE

Ka nako ya tiro eno ya go namola, baithaopi ba ba itseng tiro ba ne ba thapisa ba ba sa e itseng gore ba kgone go dira ditiro dingwe tse di kgethegileng. Ba ne ba thapisediwa go bolaya megare. Bangwe ba ne ba rutwa go tsenya dipota le dikhabinete. Mme ba bangwe bone ba ne ba ithuta go dila dipota le go penta. Diseminara tseno Tsa go Ithutela Tiro di ne tsa tsenngwa mo motšhineng wa bidio, mme go ne ga dirisiwa dibidio kwa mafelong a mangwe a mannye a tiro e neng e rulaganngwa mo go one go thapisa baithaopi ba bangwe ba ba oketsegileng. Leloko la komiti ya tiro ya go namola le ne la akgela jaana, “Re ne ra dirisa diseminara tseno go tlhomamisa gore re dira tiro ya boleng jo bo kwa godimo ya go baakanya.”

[Setshwantsho]

Batho ba ba itseng tiro ba e ruta ba bangwe

[Lebokoso mo go tsebe 18]

“TIRO YA MMATOTA YA MODIMO”

Leloko la komiti e e dirang tiro ya go namola le ne la bolela jaana: “Dikhampani tsa inshorense tsa re masetlapelo a tlholego ke ditiro tsa Modimo.” O ne a oketsa jaana: “Le fa go ntse jalo, baithaopi ba ba neng ba dira fano mo dikgweding tseo tsotlhe ke bone tiro ya mmatota ya Modimo. Bakaulengwe ba rona ba a gakgamatsa!” Mo tirong eno ya go namola, baithaopi ba ba fetang 2 500 ba ne ba tla go bereka ka mafelobeke. Modulasetulo wa komiti o ne a re: “Baithaopi bao ba ba neng ba sa duelwe ba ne ba emisa dithulaganyo tsa bone tsa go tsaya malatsi a boikhutso, ba fetola dithulaganyo tsa malapa a bone, ba bo ba emisa le dilo tse dingwe tsa bone tse ba neng ba batla go di dira gore ba thuse mo tirong eno ya go namola e kgolo go di gaisa e e neng e dirwa ke Basupi ba ga Jehofa.”

Tiro eno ya go namola e e tsereng lobaka lo loleele e ne e batla gore batho ba intshe setlhabelo. Mongwe wa baithaopi yo o neng a tshegetsa tiro eno go tloga fela kwa tshimologong go fitlha kwa bokhutlong jwa yone, o ne a dira tiro ya boitshediso ya diura di le 50 ka beke. Le fa go ntse jalo, o ne a dirisa diura di le 40 beke le beke mo tirong ya go namola. O ne a re: “Jehofa o ne a nnonotsha. Batho ba ke tlwaelaneng le bone ba mpotsa jaana, ‘A ba a go duela?’ Ke ba araba ka go re, ‘Ga go na madi ape a a ka dirang gore ke dire tiro eno.’” Ka mafelobeke, lelapa lengwe go tswa kwa toropong ya Louisiana, le le feditseng beke yotlhe mo tirong ya boitshediso, le ne la tsaya loeto lwa dikilometara di le 800 go ya le go boa gore le tle go thusa mo tirong ya go namola. Ba le bantsi ba ne ba bereka go simolola fa letsatsi le tswa go fitlha le dikela ba bo ba tsaya loeto go boela gae. Setlhopha sengwe sa baithaopi ba le 30 ba ba itseng tiro, se se neng sa tsaya loeto lwa diura di le supa go ya go di le lesome go tla go thusa, se ne sa re: “Ga re a ikotlhaela go bo re dirile jalo.” Moithaopi mongwe ene o ne a wetsa tiro ya gagwe ya letsatsi ka 3:30 p.m. a bo a ithaopela go tla go dira mo lefelong le le neng le okametse tiro go fitlha ka 10:00 p.m. Gape o ne a thusa ka mafelobeke. O ne a re: “Ke itumelela go thusa.”

Eleruri, baithaopi bano le ba bangwe botlhe ba ne ba iketleeleditse go thusa ka ntlha ya go bo ba na le lorato lwa Bokeresete—lotshwao lo lo ba tlhaolang jaaka Bakeresete ba boammaaruri. (Johane 13:35) Fa ratoropo wa Houston a sena go etela lefelo le le okametseng tiro ya go namola, o ne a tlhotlheletsega go raya setlhopha sa Basupi a re: “Lo dumela mo go direng se Modimo a reng re se dire. Lo bontsha tumelo ya lona ka ditiro.”

[Setshwantsho mo go tsebe 14, 15]

Morwalela o tlhasela Houston, ka June 9, 2001

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Houston Chronicle

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ditsela tse dikgolo di fetogile dinoka

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Metsi a elelela mo teng ga matlo

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Bangwe ba Basupi ba le diketekete ba ba neng ba ithaopa

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Setlhopha sa ba ba dirang mo boapeelong se ne sa tshola dipoleiti tse di fetang kwatara ya milione!

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

NOAA