Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Leka go Dira Gore Difofane di Babalesege

Go Leka go Dira Gore Difofane di Babalesege

Go Leka go Dira Gore Difofane di Babalesege

ALEX o ne a setse a le gaufi le go fenya poifo ya gagwe ya go tsamaya ka sefofane mo dibekeng di le mmalwa fela pele ga 9/11. Fa sefofane se se pegang bapalami se a neng a se palame se ne se tswa kwa Athena go ya kwa Boston, manejara yono wa merero ya dinaga di sele yo o nang le dingwaga di le 42 o ne a simolola go itewa ke letswalo—pelo ya gagwe e ne ya iteela ka bonako mme phatlha ya gagwe le magofi a gagwe tsa simolola go fufulelwa.

Mme o ne a itse se a tshwanetseng go se dira. Ngaka e e neng e leka go mo thusa go fenya poifo ya go tsamaya ka sefofane e ne e mmoleletse gore a goge mowa, a ipone a le mo lefelong le lentle mme a ngangatlele setulo se a ntseng mo go sone a tla a se tlogela ganè mo motsotsong mongwe le mongwe. E ne ya re fa Alex a tloga a fenngwa ke go rutlega ga sefofane le medumo e e tshosang ya sone, ke fa a dira gore a ipone a le gaufi le letsha le le didimetseng. Alex o ne a re: “Ke ne ke akanya gore jaanong ke ne ke sa tlhole ke tshaba go tsamaya ka sefofane.”

Bapalami ba le dimilionemilione ba difofane ba kile ba nna ba tshaba go tsamaya ka sefofane. Ba le bantsi ba ile ba ya go batla thuso kwa dikolong tsa batho ba ba tshabang go tsamaya ka sefofane, gantsi ba tlhotlheleditswe ke ba losika, bathapi ba bone le batho ba difofane ba ba ba kgothaletsang go tsamaya ka difofane. Sekolo seno se thusitse bapalami ba le bantsi; ditleliniki di le dintsi le tsone di ikgantshitse ka gore di kgonne go thusa diperesente di le 90.

Mme 9/11 e ne ya fetola seno sotlhe. Alex o ne a tlogela tleliniki eno ka yone nako eo. Mme se se neng sa swabisa mothapi wa gagwe ke gore o ne a ba a tlogela le dithulaganyo tse di neng di dirilwe tsa gore a tsamaye ka sefofane go ya go kopana le monna mongwe wa maemo a a kwa godimo yo o neng a tlile go dirisana le bone mo kgwebong. Alex o ne a re: “Ke ne ke sa kgone go emelana le poifo ya me ya go tsamaya ka sefofane le tlhaselo ya dirukhutlhi. Kalafi e ke e boneng ga e a ka ya kgona go nthusa go emelana le seo.”

Go Sekaseka Pabalesego ka Kelotlhoko

Batsamaya ka difofane ba ba boboi gape ba bontsha gore dipotso tse di bodiwang bapalami di ne tsa bodiwa batho ba ba neng ba gapa difofane ka dikgoka ka 9/11, dipotso tse di tshwanang le: “A motho mongwe yo o sa mo itseng o go kopile gore o mo tshwarele sengwe mo sefofaneng seno? Fa e sale o phutha merwalo ya gago, a go na le mengwe ya yone e o kileng wa e neela mongwe gore a e tlhokomele?” Ga go na pelaelo gore batho bano ba ba neng ba gapa difofane ka dikgoka ba ne ba araba fela jaaka ba bangwe botlhe: “Nnyaa!” Bomankge bangwe ba pabalesego le bone ba a bona gore lebaka la go bo batho bano ba ile ba kgona go tsena le bontsha gore go tsamaya ka sefofane ga go a babalesega go le kalo. Jim McKenna, yo e kileng ya bo e le mokaedi wa Lekgotla la Pabalesego la Botsamaisi Jwa Difofane o ne a re: “Ga go na ope e bile ga go na sepe se se ka re pateletsang go dira diphetogo. Difofane di le nnè tse di neng tsa gapiwa ka dikgoka tsa bo tsa senngwa, mme ga bolawa batho ba le diketekete di ka nna tsa bo di lekane go re pateletsa go dira diphetogo.”

Ka ntlha ya tsela e e maswe eno e di neng tsa sotlhomana ka yone, pabalesego mo maemafofaneng le mo difofaneng ka botsone e ile ya nna ya sekasekwa ka kelotlhoko fela thata. Mo pokanong e nngwe, motlhatlhobimogolo wa Lephata la Dipalangwa la United States ebong Kenneth M. Mead, o ne a bolela jaana: “Go sa kgathalesege dithulaganyo tse di leng teng le tse disha tse di tlhomilweng go tlhomamisa gore a bapalami ba sa ntse ba babalesegile, go sa ntse go na le dilo dingwe tse di tshosang tse ba pabalesego ba sa kgoneng go di dira le . . . dikarolo tse ba leng bokoa mo go tsone tse ba tlhokang go di baakanya.” Ke eng se se dirwang go baakanya bothata jono?

Go Tlhatlhoba Batho Ba ba Ka Nnang Ba bo Ba Tshosetsa Pabalesego ya ba Bangwe

Fa modiredimogolo wa pabalesego mo setlamong sengwe se segolo sa difofane kwa United States a bodiwa gore a o tshaba go tsamaya ka sefofane, o araba jaana a sa etsaetsege: “Nnyaa, ke dumela gore CAPS e ka re thusa.” O raya thulaganyo ya khomputara ya go tlhatlhoba ditekete e e bidiwang Computer Assisted Passenger Screening, e e kwalang tekete nngwe le nngwe e e rekisiwang ke tirelo ya difofane e e kwadisitsweng mo go yone. Thulaganyo eno e bontsha gore a tekete eno e rekilwe mo ofising ya ditekete ya tirelo eo ya difofane kgotsa mo diofising tsa bojanala kgotsa ka Internet. E kwala tshedimosetso e e tshwanang le gore a mopalami yono o tsamaya a le esi kgotsa o tsamaya le ba lelapa kgotsa le batho ba bangwe, mmogo le dintlha tse di jaaka ditiro dipe tsa bokebekwa tse di itsiweng kgotsa go sa itshwareng sentle ga gagwe mo difofaneng, mo bathong ba tsone kgotsa mo dilong tsa bone.

Nako le nako fa mopalami a ya go ipega kwa boemafofaneng, tshedimosetso eno e a tlhatlhobiwa go bo go tsenngwa e nngwe e ntšha, go akaretsa le gore o ne a arabela jang fa a ne a bodiwa dipotso. Dintlha tse di kokoantsweng tsa tshedimosetso eno le tsela ya go sekaseka le go tlhatlhoba tshedimosetso eno e sa ntse e le sengwe sa diphiri tse di beilweng leitlho thata tsa tirelo ya phofo. Mo lefatsheng lotlhe, go dirisiwa dithulaganyo tse di farologaneng tse di tshwanang le ya CAPS, tse dingwe tsa tsone di golagane ka tlhamalalo le maphata a bopodise, a puso le a boditšhabatšhaba a a tshwanang le Interpol. Mo maemafofaneng a le mantsi a Yuropa, dithulaganyo tsa go laola dipaseporoto di kgona go kwala le go latedisisa hisitori yotlhe ya motho ya go dirisa sefofane di bo di bontsha gongwe le gongwe kwa a yang teng mo dinageng tse di farologaneng.

Go tlhatlhoba tshedimosetso eno go dirwa ka kgopolo ya gore batho ba ba ikaeletseng go dira sengwe se se bosula, ke bone ba ba kotsi thata go feta dilwana tse ba di tshwereng kgotsa dithoto tse di tlhatlhobilweng. Ka gone, go tokafatsa pabalesego kwa maemafofaneng, bosheng jaana ba akanyetsa kgotsa ba dirisa mekgwa e e farologaneng e e ntshang tshedimosetso ka motho ba bo ba dirisa le dikarata tsa boitshupo.

Kwantle ga go batlisisa ka bapalami, selo se sengwe se go tshwenyegilweng thata ka sone mo pabalesegong ya kwa maemafofaneng ke go batla go thibela dilwana tse di kotsi gore di se ka tsa tsena mo sefofaneng. Go tlhatlhoba dilo go dirisiwa metšhine ya X-ray le gone go na le mathata a gone. Badiri ba pabalesego kwa maemafofaneng ba go fitlhela go le thata go tlhoma mogopolo mo tirong ka lobaka lo loleele ka gonne go lebelela ditshwantsho tse di sa bonaleng sentle tsa X-ray tsa dithoto tse di fetang mo pele ga bone e ka nna selo se se lapisang. Mo godimo ga moo, metšhine e e tlhatlhobang dilo tse di dirilweng ka tshipi gangwe le gape e tla nna e lela e kete go na le phoso nngwe, ntswa e le dinotlolo tsa ntlo, madi a tshipi le ditshipi tse di kopelang tsa mabanta.

Melao e e Gagametseng

Go thusa mo bothateng jo bo tshwanang le jono, dipuso di tlhomile melao e e gagametseng go tlhomamisa gore go na le pabalesego kwa maemafofaneng. Kwa United States, seno se raya gore kwa bofelong jwa ngwaga wa 2002, go bo go simolotswe mokgwa wa go tlhomamisa gore kgetsana nngwe le nngwe e e tsenang mo sefofaneng, mong wa yone le ene a bo a tsene, go tlhatlhobiwe dithoto tsotlhe e bile di sekasekiwe go bona gore a ga di na dithunyi. Gape, go dirwa gore ditswalo tse di kgaoganyang bapalami le bakgweetsi di nne thata e bo e nne tse di lotlelwang sentle. Badiri ba mo sefofaneng ba newa thapiso e e oketsegileng malebana le gore ba ka dira jang fa go tlhaga mathata. Go ile ga bo ga dirisiwa masole a a tlhometseng a kwa loaping mo difofaneng tsa dikgwebo.

Dibeke le dikgwedi morago ga 9/11, bapalami ba ne ba nna ba phuruphudiwa le dithoto tsa tlhatlhobiwa ka letsogo mo maemafofaneng a le mantsi mo lefatsheng lotlhe. Mo mabakeng mangwe, go tla bo go tlhatlhobiwa bapalami le dithoto tsa bone gape go sa dirisiwe motšhine. Go nna kelotlhoko ka tsela eno ke selo se bajanala ba Yuropa ba setseng ba se tlwaetse, gonne ba kile ba bona go dirwa jalo ka dingwaga tsa bo1970 fa go thopiwa ga dilo ka dikgoka go ne go gaketse. Gone jaanong bapalami ba thibetswe go palama ka dilo le fa e le dipe fela tse di tlhabang, tse di tshwanang le dithipa. Ke batsamai ba ba nang le ditekete fela ba ba letlelelwang go feta mo ba tlhatlhobelwang teng. Ba le bantsi ba setse ba tlwaelane le mela e meleele le go bona masole a a tlhometseng mo maemafofaneng.

Go di Baakanya ka Kelotlhoko e Kgolo

Akanya ka boemo jono jo ka maswabi bo a tleng bo nne teng: Fa mopalami yono a sena go feta mo mafelong a le mmalwa a a ipegang mo go one mo boemafofaneng, la bofelo o iphitlhela a le kwa kgorong e e mo isang kwa sefofaneng, a letetse fela go utlwa modiredi wa mo sefofaneng a itsise gore go palangwe. Rakgwebo mongwe yo o apereng sutu yo o gaufi le ene o mo raya a re: “A o utlwile? Re tlile go diega ka ntlha ya bothata bongwe jwa setegeniki.” Mopalami yole wa ntlha o thukutha tlhogo a bo a re: “A re tshepe gore ga ba ne ba tsamaisa sefofane se se na enjene!”

Se bapalami ba le bantsi ba sa se lemogeng ke gore badiredi ba tsa phofo ba na le tiro e kgolo le e e lapisang ya go tlhatlhoba sefofane. Ba leka go lebela kwa pele ka kelotlhoko gore ke eng se se ka tlhokang go baakangwa ba dirisa rekoto ya go bereka ga sefofane. Tota e bile, badiredi bano ba tshwanetse go ela tlhoko gore difofane le dienjene tsa tsone di tlhatlhobiwa le go baakangwa ka kelotlhoko thata—gantsi thata go feta dikoloi tse di tlwaelegileng—tota le fa sefofane se ise se ko se nne le bothata bope.

Monna mongwe yo o dirang tiro ya go baakanya difofane mo setlamong sengwe se segolo sa difofane o tlhomamisa seno. O bolela jaana: “Mo dingwageng tse di ka nnang 15 ke dira tiro eno, ga ke ise nko ke bone, ke bue kgotsa ke lemoge ope yo o dirang tiro ya go di baakanya yo o neng a sa tseye pabalesego e le selo se se botlhokwa. Ka gonne tota e bile, ditsala le ba losika lwa bathapiwa bano le bone ba dirisa sefofane seno se bathapiwa bano ba se baakanyang, ka jalo ga ba batle go dira diphoso.”

Batho ba ba baakanyang difofane le go di tlhatlhoba ba sikere boikarabelo jo bogolo thata. Mongwe wa bone o gakologelwa jaana: “Ga nkitla ke bo ke tsamaya ke lebala bosigo jo DC-10 e neng ya phutlhama ka jone kwa Sioux City, kwa Iowa. Ka nako eo, ke ne ke dira tiro nngwe ya botegeniki mo sefofaneng, mme ke ne ke tlhatlhoba le go baakanya mogatla wa sefofane se se tshwanang le sone. Mo nakong eno re ne re sa itse gore tota go ne go diregile eng ka sefofane se se neng se phutlhame. Ke gakologelwa ke akanya thata fa ke ntse ke bereka mo bosigong joo, ke ipotsa gore ‘Tota go ka tswa go diregile eng ka sefofane sele? A go ka tswa go na le sengwe se mongwe a sa se bonang se nka kgonang go se bona gone jaanong mme ka dira gore kotsi eo e se ka ya direga gape? A ke dira sengwe le sengwe ka tsela e ke tshwanetseng go se dira ka yone?’ Mo maitsiboeng ao, ke ne ka fetsa nako e ntsi ke le kwa mogatleng ke lebile mo teng ga one ke ntse ke akanya.”

Batho ba ba dirang tiro ya botegeniki mo difofaneng ba thapisiwa ka metlha mo dikarolong tsotlhe tsa tiro ya bone, go simolola ka tiro e ba e dirang ka metlha go fitlha ka tiro ya go dira tlhatlhobo e e tseneletseng le bokgoni jwa go lemoga mathata a a ka nnang teng le go a rarabolola. Dithuto tsa go thapisa batho ba ba dirang tiro ya botegeniki mo difofaneng di tokafadiwa ngwaga le ngwaga gore di kgone go akaretsa boemo bongwe le bongwe jo ba ka kgonang go bo akanya jo ba ka lebanang le jone, go simolola ka jo bo tlwaelegileng go ya go jo bo raraaneng thata.

Morago ga kotsi ya sefofane, tshedimosetso e e kokoantsweng e a sekasekwa e bo e tsenngwa mo motšhineng o o dirang jaaka sefofane. Bakgweetsi ba difofane ba ba di lekeletsang ka go di fofisa go bona gore a di siame le baenjenere ba difofane, ba fofisa motšhine ono go bona gore ke maemo afe a mangwe a go ka kopanwang le one gore batho ba ba dirang tiro ya botegeniki mo difofaneng ba kgone go rarabolola mathata a a tshwanang le ao botoka mo isagweng. Morago ga moo, go rulaganngwa nako ya go thapisa batho ba ba dirang tiro ya botegeniki mo difofaneng gore ba rutwe ka maemo ao. Go tlhatlhoba dilo ka tsela eno gape go dira gore go fetolwe tsela e difofane le e dikarolo dingwe tsa tsone di dirwang ka yone, gore dikotsi tse di tshwanang le tseno di kgone go ba ruta sengwe mme ka go dira jalo di fokodiwe.

Mmaakanyi mongwe wa difofane o konela jaana: “Rotlhe re bolelelwa gore ‘pabalesego ga e itlele fela—e tshwanetse go rulaganyediwa.’”

Go Tsamaya Gape ka Sefofane

Morago ga dikgwedi di le nnè Alex a ipoleletse gore ga a ne a tlhola a tsamaya ka sefofane, o ne a swetsa ka gore e ne e le nako ya go lebana le poifo eno ya gagwe. O ne a sa tshwenngwe ke go bona mapodise le balebeledi kwa Boemafofaneng Jwa Boditšhabatšhaba jwa Logan, kwa Boston. Go ema mo meleng e meleele le go phuruphudiwa ga dithoto tsa gagwe go ne ga se ka ga mo tshwenya.

Mo go Alex, seno se ne se mo tlhomamisetsa gore loeto lwa gagwe ka sefofane e tla nna lo lo babalesegileng jaaka a batla. Gone o sa ntse a fufula le pelo e sa ntse e itaya. Le fa go ntse jalo, fa Alex a latlhela kgetsana ya gagwe mo go bewang dithoto teng mo godimo ga tlhogo ya gagwe, a re: “Ke ikutlwa botoka thata jaanong.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]

Dintlha Tse di Amanang le go Tsaya Loeto ka Sefofane

Go ya ka diphopholetso, motho a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 5 ba ba tsayang loeto ka sefofane o boifa go tsaya loeto ka sone. Le fa go ntse jalo, ga se botlhe ba ba akanyang gore go tsaya loeto ka sefofane ga go a sireletsega. Gantsi, go tlhobaela ga bone go bakwa ke go boifa dilo dingwe tse di jaaka go boifa go tlhatlogela kwa godimo kgotsa go boifa mafelo a a tletseng batho.

[Tšhate mo go tsebe 8]

KOTSI E E MASISI E KA TLHAGA GANTSI GO LE KAE?

Mo ngwageng Mo botshelong

e ka tlhaga ga 1 ka: jotlhe e ka tlhaga ga 1 ka:

Koloi 6 212 81

Go bolawa 15 104 197

Motšhine 265 000 3 500

Go phutlhama ga sefofane 390 000 5 100

Go nwela mo bateng e e tlhapelang 802 000 10 500

Diphologolo tse di botlhole, dimela Dimilione di le 4,2 55 900

Legadima Dimilione di le 4,3 56 000

[Motswedi wa Setshwantsho]

Source: National Safety Council

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Pabalesego e kgolwanyane kwa boemafofaneng

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/Joel Page

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go tlhatlhoba tshedimosetso ka bapalami

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tsela e e tokafaditsweng ya go baakanya difofane

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Bakgweetsi ba difofane ba neilwe thapiso ya maemo a a kwa godimo