Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bakeresete ba Tshwanetse go Humanega?

A Bakeresete ba Tshwanetse go Humanega?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Bakeresete ba Tshwanetse go Humanega?

NAKO nngwe Jesu o ne a raya mmusi yo mmotlana wa mohumi a re o ne a tshwanetse go ya go rekisa dilo tsotlhe tsa gagwe mme a abele bahumanegi. Pego eo ya re monna yoo o ne a utlwisiwa botlhoko ke mafoko a ga Jesu mme a tsamaya a hutsafetse “gonne o ne a na le dithuo di le dintsi.” Morago ga moo, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “A bo e tla nna selo se se thata jang ne gore ba ba nang le madi ba tsene mo bogosing jwa Modimo!” Jesu o ne a oketsa jaana: “Go motlhofo gore kamela e tsene ka letshoba la nnale go na le gore monna yo o humileng a tsene mo bogosing jwa Modimo.”—Mareko 10:21-23; Mathaio 19:24.

Mafoko a ga Jesu a ne a kaya eng? A khumo le kobamelo ya boammaaruri ga di tsamaisane? A Bakeresete ba tshwanetse go ikutlwa ba na le molato fa ba na le madi? A Modimo o batla gore ba itime manobonobo a botshelo?

Modimo o Amogela “Batho ba Mefuta Yotlhe”

Mo metlheng ya bogologolo Modimo o ne a sa batle gore Baiseraele ba tshelele mo lehumeng. Akanya ka seno: Fa batho ba gagwe ba sena go tsena mo lefatsheng le ba neng ba le abetswe, ba ne ba simolola ka ditiro tsa temo le tsa kgwebo gore ba kgone go itlhokomela le go tlhokomela baratiwa ba bone. Go atlega ga maiteko a bone go ne go tla ikaega ka dilo tse di tshwanang le maemo a tsa ikonomi, maemo a bosa, botsogo kgotsa bokgoni jo ba nang le jone mo go tsa kgwebo. Molao wa ga Moshe o ne wa laela Baiseraele gore ba utlwele botlhoko ope fela yo o neng a na le mathata a tsa ikonomi e bile a humanegile. (Lefitiko 25:35-40) Kafa letlhakoreng le lengwe, go ne go na le ba bangwe ba ba neng ba humile. Boase, monna yo o nang le tumelo le yo o bolokang bothokgami yo o neng a nna rraagwemogologolwane wa ga Jesu Keresete, o tlhalosiwa e le “monna yo o humileng thata.”—Ruthe 2:1.

Maemo a ne a ntse a tshwana le mo motlheng wa ga Jesu. Fa Jesu a ne a bua le monna yo o neng a humile yo o umakilweng kwa tshimologong, boikaelelo jwa gagwe e ne e se go mo kgothaletsa go itima manobonobo a botshelo. Go na le moo, o ne a ruta thuto nngwe e e botlhokwa. Go ya ka tsela e batho ba lebang dilo ka yone, go ka nna ga bonala go sa kgonege gore batho ba ba humileng ba nne boikokobetso le go amogela tsela ya Modimo ya poloko. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re: “Mo bathong seno ga se kgonege, mme mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.”—Mathaio 19:26.

Phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e amogela “batho ba mefuta yotlhe.” (1 Timotheo 2:4) Ba ne ba akaretsa bangwe ba ba neng ba humile, ba ba neng ba tshela botshelo jwa manobonobo le ba bantsi ba ba neng ba humanegile. Bangwe ba bone ba ka tswa ba ile ba ikgobokanyetsa dikhumo pele e nna Bakeresete. Bangwe ba ka tswa ba ne ba humisiwa ke go bo dilo di ne di ba tsamaela sentle mo botshelong le ka ntlha ya go dira ditshwetso tse di botlhale mo go tsa kgwebo.

Ka tsela e e tshwanang, bokaulengwe jwa Bokeresete gompieno bo akaretsa batho ba ba nang le maemo a a sa tshwaneng a ikonomi. Botlhe ba leka ka natla go dirisa kaelo ya Baebele mo dikgannyeng tsa madi e re ka mongwe le mongwe wa bone a ka amiwa ke go rata dikhumo. Thuto e Jesu a neng a e ruta ka mmusi yo mmotlana wa mohumi e tlhagisa Mokeresete mongwe le mongwe gore madi le dikhumo di ka laola botshelo jwa motho fela thata.—Mareko 4:19.

Go Tlhagisa ba ba Humileng

Le mororo Baebele e sa kgale khumo ka boyone, e kgala go rata madi. Mokwadi wa Baebele e bong Paulo o ne a re: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” O ne a umaka gore go tlhokomologa dilo tsa semoya ka ntlha ya go eletsa go huma, “bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:10.

Go a kgatlha go bona gore Paulo o ne a naya bahumi ditaelo tse di rileng. O ne a re: “Naya ba ba humileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo ditaelo tsa gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele.” (1 Timotheo 6:17) Go bonala go na le kotsi ya gore batho ba ba humileng ba ikgogomose le go ikutlwa ba le botoka mo go ba bangwe. Gape, ba ka nna ba raelesega go akanya gore dikhumo di ka ba leretsa polokesego ya mmatota—e Modimo e leng ene fela a ka re e nayang ka botlalo.

Bakeresete ba ba humileng ba ka itshireletsa kgatlhanong le dikotsi tseno ka go “huma ditiro tse di molemo.” Ditiro tseno di akaretsa “go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana,” go thusa ba ba tlhokang ka bopelotshweu. (1 Timotheo 6:18) Bakeresete—ba ba humileng le ba ba humanegileng—ba ka dirisetsa dikhumo tsa bone go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo, eleng tiro ya konokono e e dirwang ke Bakeresete ba boammaaruri gompieno. Moya ono wa go aba ka bopelotshweu o bontsha gore motho o leba dikhumo ka tsela e e siameng e bile seno se dira gore a ratwe ke Jehofa Modimo le ke Jesu Keresete, ba ba ratang batho ba ba abang ka bopelotshweu.—Mathaio 24:14; Luke 16:9; 2 Bakorintha 9:7.

Dilo Tse di Botlhokwa Thata

Go phepafetse gore ga go a lebelelwa gore Bakeresete e nne batho ba ba humanegileng. E bile ga ba a tshwanela go nna batho ba ba “ikemiseditseng go huma.” (1 Timotheo 6:9) Se ba se dirang fela ke go dira ka natla gore ba nne le madi a a lekaneng a a tla kgonang go ba tshedisa. Maiteko a bone a tla atlega ka ditsela tse di sa tshwaneng go ikaegile ka mabaka a a farologaneng a ikonomi e ba tshelang mo go yone.—Moreri 11:6.

Go sa kgathalesege gore a ba na le madi kgotsa ga ba na one, Bakeresete ba tshwanetse go leka ka natla gore ba “tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.” (Bafilipi 1:10) Ka go dira gore dilo tsa semoya e nne tsone di tlang pele, “ba ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.”—1 Timotheo 6:19.