Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikoloi, Tsa Bogologolo le Tsa Gompieno

Dikoloi, Tsa Bogologolo le Tsa Gompieno

Dikoloi, Tsa Bogologolo le Tsa Gompieno

GO TSWA fela kwa metlheng ya bogologolo, batho ba ne ba ntse ba rata go dirisa dipalangwa. Sa ntlha, ba ne ba tsaya maeto ba palame diphologolo. Le fa go ntse jalo, go ne go tlhokega ditsela tse di botoka tse di neng di ka dirisiwa go tsaya maeto. Selo se se botlhokwa se se neng se tlhokega e ne e le go dirisa dilo tse di neng di na le maotwana, mme seno se ne sa felela ka gore go dirwe dikaraki tse di gogwang ke dipitse le dikolotsana. Le fa go ntse jalo, mokgwa o mosha wa go dira dilo wa lekgolo la bo19 la dingwaga o ne wa fetola dipalangwa ka ditsela tse motho a neng a ise a ko a akanye ka tsone.

Dienjene Tse di Tokafaditsweng

Mo karolong ya bobedi ya lekgolo la bo19 la dingwaga, Mojeremane mongwe yo o bidiwang Nikolaus August Otto o ne a tlhama enjene e tona e e dirisang peterole, e kgabagare e neng ya tseela sebaka dienjene tse di dirisang setime le motlakase. Carl Benz le Gottlieb Daimler ba kwa Jeremane e ne e le bone ba ntlha go tlhama dikoloi kwa Yuropa. Ka 1885, Benz o ne a tlhama koloi ya maotwana a mararo ya enjene e nnye ya silendara se le sengwe. Fa e sa le ka 1872, Daimler o ne a ntse a tlhama dienjene tse di dirisang peterole tse di sa tsenngweng mo dikoloing. Mo dingwageng di feta lesome tse di latelang, ene le Wilhelm Maybach, ba ne ba tlhama enjene e e nang le khabareitara gore e kgone go dirisa peterole.

Go ise go ye kae, Daimler le Maybach ba ne ba tlhama enjene e e nang le pinagare e e dikologang makgetlho a le 900 ka motsotso. Moragonyana, ba ne ba tlhama enjene ya bobedi e ba neng ba e tsenya mo baesekeleng mme ba e dirisa lekgetlho la ntlha ka November 10, 1885. Ka 1926, setlamo sa ga Daimler le Benz di ne tsa kopana go nna setlamo se le sengwe mme ba rekisa dikoloi tse di bidiwang Mercedes-Benz. * Se se kgatlhang ke gore banna bano ba babedi ga ba ise ba ko ba kopane.

Ka 1890, banna ba le babedi ba Bafora—Emile Levassor le René Panhard—ba ne ba tlhama koloi ya maotwana a le manè mo lebenkeleng la bone, enjene ya yone e le mo bogareng jwa matlase a koloi eo. Mo ngwageng o o latelang, ba ne ba suteletsa enjene eo kwa pele gore e sireletsege botoka mo leroleng le mo diretseng tsa ditsela tsa mmu.

Go Dira Gore Bontsi bo Nne le Dikoloi

Dikoloi tsa ntlha di ne di ja madi a le mantsi thata, mme ka jalo batho ba le bantsi ba ne ba sa kgone go nna le tsone. Mme seno se ne sa fetoga ka 1908, fa Henry Ford a ne a simolola kgwebo ya go kopanya dikarolo tse di farologaneng tsa koloi ya Model T, e e neng ya itsiwe jaaka tin lizzie. Mofuta ono wa koloi o ne wa fetola mokgwa o dikoloi di dirwang ka one. E ne e sa je madi a le mantsi, e kgona go dirisediwa mabaka a a farologaneng e bile go le motlhofo go e baakanya. Tota le batho ba ba neng ba sa amogele madi a mantsi ba ne ba kgona go e reka. * Go ya ka buka e e bidiwang Great Cars of the 20th Century, koloi ya Model T “e ne ya dira gore Baamerika—mme kgabagare le batho mo lefatsheng lotlhe—ba kgone go nna le dikoloi.”

Jaanong mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo moragonyana, batho ba le bantsi ba leba go nna le koloi e le selo sa botlhokwa go na le go nna selo sa monate fela. Eleruri, patlisiso nngwe e e gatisitsweng mo lokwalodikgannyeng lwa letsatsi le letsatsi lo lo bidiwang Independent lwa kwa Lontone, e supa gore ka dinako tse dingwe, batho ba e dirisetsa go tsamaya sekgala se se kafa tlase ga kilometara e le nngwe fela.

Kgatelopele ya botegeniki e dirile gore dilo di se ka tsa dirwa ka lobelo fela mme gape di dirwe ka tsela e e babalesegileng. Eleruri, mo dingwageng tsa bosheng jaana dikotsi tse di bolayang batho di ile tsa fokotsega mo dinageng di le mmalwa. Batho bangwe ba reka koloi ka lebaka la gore e tla kgona go ba sireletsa e seng ka lebaka la ditebego tsa yone. Ka sekai, mafelo mangwe a a leng mo matlaseng a koloi a dira gore koloi e se ka ya gobala thata fa e thula, mme mmele o o sa kobegeng bonolo wa koloi o sireletsa mokgweetsi le bapalami ka bonako. Mariki a a sa itotleleng a dira gore mokgweetsi a kgone go laola koloi botoka fa tsela e le mareledi. Lebanta la pabalesego le sireletsa sehuba le dinoka fa baluni e e tletseng mowa e sireletsa tlhogo gore e se ka ya itaagana mo seterebereng kgotsa mo borotong ya disupetso. *

Ke boammaaruri gore ga go na sepe se se ka tseelang mokgwa o o siameng wa go kgweetsa sebaka. “Ga go thuse sepe go dira gore dikoloi di re sireletse fa re sa di kgweetse sentle; tota le kgatelopele e e dirilweng mo dilong tsa botegeniki e e malebana le tshireletsego, ga e ka ke ya re boloka fa re sa tshegetse melao mengwe ya tlholego,” go bolela jalo El Economista, ya kwa Mexico City.

Dikoloi dingwe tsa motlha wa segompieno di tshwana le matlo a a tsamayang. Di le dintsi tsa tsone di tsentswe dilo tsa go tshameka di compact disc, thelebishene, founo le dilo tsa go laola modumo le themperetšha kwa pele le kwa morago. Gape go na le dikoloi tse di nang le diradio tse di dirisang disatelaete tse di dirang gore bakgweetsi ba kgone go dirisa ditsela tse di ba siametseng sentle go ya kwa ba ya teng. Dingwe tsa diradio tseno di ba naya tshedimosetso e e mo nakong ka mathata a a leng teng mo tseleng. Gone ke boammaaruri gore go nna le dilo tseno tsa bosheng le dikoloi tsa bosheng ke dilo tse di bontshang dikhumo tse batho ba le bantsi ba nang le tsone—e leng selo se batlhami ba tsone le babapatsi ba sa di tlhokomologang.

Jaaka fa re setse re bone, koloi e tokafaditswe fela thata fa e sa le e nna teng dingwaga di feta lekgolo tse di fetileng. Fa e dirisiwa sentle le ka tsela e e sireletsegileng, e ka nna sedirisiwa se se mosola sa go dira kgwebo kgotsa go tsaya maeto a a itumedisang ka sone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Emil Jellinek, yo o neng a okametse setlamo sa ga Daimler, o ne a akantsha gore dikoloi tseno di bidiwe ka leina la morwadie e bong Mercedes. O ne a boifa gore leina la Sejeremane la Daimler le ne le tla dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba reka dikoloi tseno kwa Fora.

^ ser. 8 Kwa tshimologong, koloi ya Model T e ne e ja madi a a kana ka $850, mme ka 1924, koloi e ntšha ya Ford e ne e ka rekwa ka madi a le mannye a a kana ka $260. Koloi ya Model T e ne ya nna ya dirwa dingwaga di le 19 tse ka tsone go neng ga dirwa di le dimilione di le 15 tsa yone.

^ ser. 10 Baluni e e tletseng mowa e ka nna kotsi fa e le yone fela sesireletsi segolobogolo mo baneng le mo go ba ba godileng.

[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 22-25]

Dingwaga tse di supilweng fano ke tse go neng ga dirwa dikoloi tseno ka tsone

1885 Mmotorokara wa Benz

Koloi ya ntlha mo lefatsheng

1907-25 Rolls-Royce Silver Ghost

E ne e le lobelo, e le maatla, e sa tsose modumo, e le manobonobo e bile e se na mathata

1909-27 Koloi ya Ford Model T

E ne ya rekisiwa ka bontsi; go ne ga rekisiwa tse di fetang 15 000 000

Kwa morago: Go kopanngwa ga dikarolo tse di farologaneng tsa koloi ya Ford

1930-7 Cadillac V16 7.4-L

Go rekisiwa ka bontsi ga ntlha mo lefatsheng ga enjene ya disilendara di le 16

1939–ya segompieno Volkswagen Beetle

Go ne ga rekisiwa tse di fetang 20 000 000. Beetle e ntšha (kwa tlase kafa molemeng) e ne ya gololwa ka 1998

1941–ya segompieno Jeep

E ka tswa e le koloi e e ratiwang thata mo lefatsheng

1948-65 Porsche 356

E dirilwe go tshwana le Volkswagen Beetle; e dirile gore Porsche e ratwe thata

1952-7 Mercedes-Benz 300SL

E ne e reeletswe leina la Gullwing, e ne e le koloi ya ntlha e e nang le marulelo le e e sa diriseng khabareitara

1955-68 Citroën DS 19

E ne e na le seterebere se se sa tlhokeng maatla fa o se dirisa, e ne e na le mariki, sefetoladikere se se tsamayang ganè e bile e ne e kgona go itsholetsa le go ya kwa tlase

1959–ya gompieno Mini

Koloi eno e e neng e dirilwe ka mokgwa o mosha e bile e le e e rategang thata, e ne e atlega thata mo mabelong a dikoloi

1962-4 Ferrari 250 GTO,

Koloi ya di-kilowatt di le 224 V-12, e na le bokgoni mo mabelong a dikoloi

1970-3 Datsun 240Z

E ne e le koloi ya dikgaisano tsa mabelo e e sa robegeng bonolo e batho ba neng ba ka kgona go e reka

1970–ya segompieno Range Rover

E lejwa e le koloi e e di gaisang tsotlhe mo lefatsheng e e gogang ka maotwana a le manè

1984–ya segompieno Bene ya Chrysler

E ne ya dira gore dibene di tsene mo fesheneng

Sefofane sa SSC

Ka October 15, 1997, se kgabaganya sekaka sa Black Rock, Nevada, kwa U.S.A., se ne sa fitlhelela lobelo lwa dikilometara di le 1228 ka ura

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Benz-Motorcar: DaimlerChrysler Classic; background: Brown Brothers; Model T: Courtesy of VIP Classics; Rolls-Royce: Photo courtesy of Rolls-Royce & Bentley Motor Cars

Jeep: Courtesy of DaimlerChrysler Corporation; black Beetle: Courtesy Vintage Motors of Sarasota; yellow Beetle: VW Volkswagen AG

Citroën: © CITROËN COMMUNICATION; Mercedes Benz: PRNewsFoto

Chrysler Minivan: Courtesy of DaimlerChrysler Corporation; Datsun: Nissan North America; Thrust SSC: AP Photo/Dusan Vranic