Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gololesega mo Dikeetaneng Tsa Letlhoo

Go Gololesega mo Dikeetaneng Tsa Letlhoo

Go Gololesega mo Dikeetaneng Tsa Letlhoo

JAAKA GO BOLETSE JOSÉ GOMEZ

KE BELEGWE ka September 8, 1964, kwa Rognac, motsana o o kafa borwa jwa Fora. Batsadi ba me le rremogolo le mmèmogolo e ne e le Ba-Gypsy ba kwa Andalusia, ba ba belegetsweng kwa Algeria le Morocco, kwa Afrika Bokone. Jaaka go tlwaelegile mo ngwaong ya Ba-Gypsy, re ne re na le lelapa le legolo le le akaretsang ba losika.

Rre e ne e le motho yo o ratang bothubaki, mme ke a gakologelwa gore fa ke sa ntse ke le monnye, ke ne ke tle ke mmone a itaya mmè. Fa nako e ntse e tsamaya mmè o ne a swetsa ka gore ba tlhalane—e leng selo se se sa tlwaelegang mo bathong ba Ba-Gypsy. O ne a tsaya nna, nnake le kgaitsadiake mme ra fudugela kwa Belgium koo re neng ra fitlha ra tshela ka kagiso dingwaga di le robedi tse di latelang.

Le fa go ntse jalo, dilo di ne tsa fetoga. E re ka re ne re sa ntse re le bannye, re ne re batla go bona rre, ka jalo Mmè o ne a re isa kwa Fora mme a boa gape a kopana le rre. Go nna le Rre gape go ne ga mpakela mathata. Fa re ne re le kwa Belgium, re ne re ya gongwe le gongwe le Mmè. Mme mo lelapeng le rre a neng a tswa mo go lone, banna ba ne ba tshwanetse go tsalana le banna fela. Bodipa jwa bone e ne e le gore banna ba na le ditshwanelo tsotlhe mme basadi ba tshwanetse go dira ditiro tsotlhe. Ka sekai, letsatsi lengwe fa ke ne ke batla go thusa rakgadi go tlhatswa dijana fa go sena go jewa, rangwane o ne a ntatofatsa ka gore ke mosodoma. Mo lelapeng la gagwe, go tlhatswa dijana e ne e le tiro ya basadi fela. Kgabagare, le nna ke ne ka tshwaediwa ke tsela eno ya go akanya.

Go ise go ye kae, ke fa rre a simolola go tlhokofatsa mmè gape. Makgetlho a le mmalwa a re neng re leka go tsereganya ka one, nna le nnake re ne re tshwanela go tswa ka fensetere gore re iphalotse mo maboleng a ga rre. O ne a itaya le kgaitsadiake tota. Ka ntlha ya moo, ke ne ke fetsa nako e ntsi ka mo ke ka kgonang ka gone ke seyo mo gae. Fa ke na le dingwaga di le 15, ke ne ke sa ikaelela sepe mo botshelong.

Kgabagare, ke ne ka itsiwe jaaka motho yo o ratang thubakanyo. Ke ne ke rata go kgerisa ba bangwe. Ka dinako tse dingwe ke ne ke rumola makawana a mangwe ka boomo fela, mme go ne go se na ope yo o neng a le pelokgale go lwa le nna—e re ka gantsi ke ne ke nna ke tshwere thipa le keetane. Go ise go ye kae, ke fa ke simolola go utswa dikoloi le go di rekisa. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke di tlhosetsa ka molelo ke bo ke itumelela go bona batimamolelo ba tima dikgabo tsa molelo. Moragonyana, ke ne ka simolola go thuba mabenkele le mabolokelo gore ke utswe. Ke ne ka tshwarwa makgetlho a le mmalwa. Mme nako le nako fa ke tshwarwa, ke ne ke rapela Modimo gore a nthuse!

Ee, ke ne ke dumela mo Modimong. Fa re ne re le kwa Belgium, ke ne ke tsena sekolo sengwe sa bodumedi. Ka jalo ke ne ke itse gore se ke neng ke se dira se ne se sa siama. Le fa go ntse jalo, go dumela ga me mo Modimong go ne ga se ka ga ama tsela e ke neng ke itshwara ka yone. Ke ne ke akanya gore se ke neng ke tshwanetse go se dira fela e ne e le go kopa maitshwarelo mme maleo a me a bo a itshwarelwa.

Ka 1984, ke ne ka atlholelwa dikgwedi di le 11 mo kgolegelong ka ntlha ya bogodu. Ke ne ka romelwa kwa Kgolegelong ya Baumettes, kwa Marseilles. Fa ke le koo, ke ne ka ikwala mekwalo e e sa phimogeng mo dikarolong tse di farologaneng tsa mmele. Mokwalo mongwe o ne o balega ka gore “letlhoo le go ipusolosetsa.” Go na le gore ke itetle go fetoga, ke ne ka letla kgolegelo go ntira gore ke tlhoe taolo le batho ka kakaretso. Fa ke sena go gololwa, ke ne ke tletse letlhoo go feta pele. Morago ga moo, masetlapelo mangwe a ne a fetola botshelo jwa me.

Mokgele Wa me Wa go Ipusolosetsa

Lelapa la gaetsho le ne la kgakgauthana ka mafoko le lelapa lengwe la Ba-Gypsy. Nna le borangwane re ne ra swetsa ka gore re ye kwa go bone go ya go rarabolola bothata. Malapa ka bobedi a ne a tlhometse. Mo go ngangisaneng mo go neng ga latela morago ga foo, rangwane Pierre le ntsala rre ba ne ba bolaiwa ka go thuntshiwa. Ke ne ke ferekane mo e leng gore ke ne ka ema mo mmileng ke tshwere tlhobolo, ke goela kwa godimo ke galefile. Kgabagare, mongwe wa borangwane ba me o ne a ntwantsha gore a tseye tlhobolo mo go nna.

Loso lwa ga Rangwane Pierre yo ke neng ke mo leba jaaka rre lo ne lwa ntlogela ke hutsafetse. Ke ne ka mo hutsafalela go ya ka ngwao ya Ba-Gypsy. Ke ne ka fetsa malatsi a le mantsi ke sa ipeole moriri le fa e le go ja nama. Ke ne ke gana go lebelela thelebishene le fa e le go reetsa mmino. Ke ne ka ikana gore ke tlile go busolosetsa loso lwa ga rangwane mme ba losika lwa me ba ne ba nthibela go nna le tlhobolo.

Ka August 1984, ke ne ka kwadisediwa bosole. Fa ke le dingwaga di le 20, ke ne ka ikwadisa mo mophatong wa go boloka kagiso wa United Nations kwa Lebanona. Ke ne ka dumalana go tsenya botshelo jwa me mo kotsing ya gore ke tla bolaya mongwe kgotsa ke tla bolawa. Ka nako eo, ke ne ke goga matekwane a a seng kana ka sepe. Mo godimo ga gore matekwane ano a ntire gore ke ikutlwe sentle, gape a ne a dira gore ke ikutlwe gore ga go na sepe se se ka ntiragalelang.

Go ne go le motlhofo go nna le dibetsa kwa Lebanona, ka jalo ke ne ka swetsa gore ke romele dibetsa kwa Fora ka sekepe gore ke tsweletse maikaelelo a me a go busolosetsa rangwane. Ke ne ka reka ditlhobolo tse pedi mmogo le marumo mo baaging bangwe ba lefelo leo. Ke ne ka tlhatlhamolola ditlhobolo tseno, ka di fitlha mo teng ga diradio tse pedi mme ka di romela gae.

Dibeke di le pedi fela pele ke wetsa tirelo ya me ya sesole, nna le ditsala tsa me tse tharo re ne ra lofela tiro kwantle ga tetla. E ne ya re fa re boela kwa bonnong jwa sesole ra tswalelwa. Fa re le mo kgolegelong, ke ne ka galefa thata mme ka tlhasela modisa wa rona. Ke ne ke sa kgone go emelana le kgang ya go nyadiwa ke mo-payo—motho yo o seng Mo-Gypsy. Mo letsatsing le le latelang, ke ne ka lwa le mongwe gape, mme mo nakong eno e le lepodise. Ke ne ka romelwa kwa kgolegelong ya Montluc, kwa Lyons, go ya go feleletsa tiro ya me ya sesole teng.

Ke Bona Kgololesego mo Kgolegelong

Mo letsatsing la me la ntlha kwa Kgolegelong ya Montluc, lekawana lengwe le ne la ntumedisa ka botsalano tota. Ke ne ka utlwalela gore e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le gore ene le ba bangwe ba tumelo ya gagwe ba ne ba tsentswe mo kgolegelong fela ka gonne ba ne ba gana go tshola dibetsa. Seno se ne sa nkgakgamatsa tota. Ke ne ka batla go ithuta mo go oketsegileng.

Ke ne ka fitlhela gore Basupi ba ga Jehofa ba rata Modimo ka tsela ya mmatota e bile ke ne ka kgatlhiwa ke ditekanyetso tse di kwa godimo tsa bone tsa boitsholo. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke na le dipotso di le dintsi. Selo sa botlhokwa se ke neng ke batla go se itse e ne e le gore a baswi ba ka kgona go buisana le batshedi ka ditoro—eleng selo se se neng se dumelwa ke Ba-Gypsy ba le bantsi. Mosupi mongwe yo o bidiwang Jean-Paul o ne a ithaopela go ithuta Baebele le nna a dirisa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. *

Ke ne ka bala buka eo yotlhe mo bosigong bo le bongwe fela mme ke ne ke kgatlhilwe thata ke se ke neng ke se badile. Ke ne ke bone kgololesego ya mmatota gone mono mo kgolegelong! E ne ya re fa kgabagare ke gololwa mo kgolegelong, ka palama terena go ya gae, beke ya me e tletse dibuka tsa Baebele.

Gore ke ikgolaganye le Basupi ba mo lefelong la gaetsho, ke ne ka ya kwa Holong ya Bogosi ya Martigues. Ke ne ka tswelela ke ithuta Baebele jaanong ke thusiwa ke lekawana la modiredi wa nako e e tletseng le le bidiwang Eric. Morago ga malatsi a le mmalwa fela, ke ne ka tlogela go goga mme ka kgaogana le ditsala tsa me tse ke neng ke dira bokebekwa le tsone. Ke ne ke ititeile sehuba gore ke tla dira dilo tumalanong le Diane 27:11, e e reng: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” Ke ne ka fitlhela Jehofa e le rre yo o lorato yo ke neng ke batla go mo itumedisa.

Go ne Go se Motlhofo go Fetoga

Go ne go se motlhofo gore ke dirise melaometheo ya Bokeresete. Ka sekai, ke ne ka boa gape ka dirisa diokobatsi ka sebaka sa dibeke di le mmalwa. Mme bothata jo bogolo jo ke neng ke na le jone e ne e le jwa go kgaogana le moya wa go ipusolosetsa. Eric o ne a sa itse gore ke ne ke sa ntse ke tsamaya ke tshotse tlhobolo e bile ke loga maano a go ipusolosetsa mo mothong yo o bolaileng rangwane. Ke ne ka fetsa masigo otlhe ke ba batla.

E ne ya re ke bolelela Eric ka seno, a ntlhalosetsa ka phepafalo gore ke ne ke se kitla ke nna le kamano e e molemo le Modimo fa ke tlhometse ka dibetsa e bile ke batla go ipusolosetsa. Ke ne ke tshwanetse go dira tshwetso. Ke ne ka tlhatlhanya ka kgothatso ya ga moaposetoloi Paulo e e mo go Baroma 12:19: “Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo.” Kgothatso eno mmogo le go rapela ka tlhoafalo go ne ga nthusa go laola maikutlo a me. (Dipesalema 55:22) Kgabagare ke ne ka tlogela go tshola dibetsa. Ka December 26, 1986, fa ke se na go fetsa ngwaga otlhe ke ithuta Baebele, ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa mo metsing.

Lelapa la Gaetsho le Amogela Boammaaruri

Go fetola tsela e ke neng ke itshwara ka yone go ne ga kgothatsa batsadi ba me gore ba ithute Baebele. Ba ne ba boa ba nyalana gape mme mmè a kolobediwa ka July 1989. Fa nako e ntse e tsamaya, ba bangwe ba le mmalwa mo lelapeng la gaetsho ba ne ba amogela molaetsa wa Baebele mme ba nna Basupi ba ga Jehofa.

Ka August 1988, ke ne ka swetsa gore ke nne modiredi wa nako e e tletseng. Morago ga moo, ke ne ka ratana le lekgarebe lengwe le le bidiwang Katia mo phuthegong ya rona. Re ne ra nyalana ka June 10, 1989. Ngwaga wa rona wa ntlha wa lenyalo o ne o se motlhofo ka gonne ke ne ke sa ntse ke tshwanelwa ke go dira diphetogo dingwe mo tseleng e ke neng ke leba basadi ka yone. Go ne go se motlhofo gore ke dirise mafoko a a mo go 1 Petere 3:7, a a kgothaletsang banna go tlotla basadi ba bone. Ke ne ka tshwanelwa ke go rapela gangwe le gape ke rapelela nonofo ya go tlogela boikgogomoso le ya go fetola tsela e ke akanyang ka yone. Dilo di ne tsa tokafala ka iketlo.

Loso lwa ga rangwane lo sa ntse lo nkutlwisa botlhoko fela thata mme ka dinako tse dingwe, ga ke kgone go thiba dikeledi fa ke akanya ka ene. Ke sa ntse ke lwantshana le maikutlo a a tsosiwang ke go gakologelwa tsela e a bolailweng ka yone. Ke feditse dingwaga di le dintsi, tota le fa ke sena go kolobediwa, ke boifa go kopana le maloko a lelapa le re neng re lwa le lone. Ke ne ke tla dirang fa ba ne ba ka ntlhasela? Ke ne ke tla itshwara jang? A ke ne ke tla laolwa ke botho jwa me jwa bogologolo?

Letsatsi lengwe ke ne ka neela puo ya phatlalatsa mo phuthegong nngwe e e fa gaufi le rona. Fa ke le koo, ke ne ka bona Pepa, wa losika lwa banna ba ba bolaileng rangwane. Ruri go mmona fela go ne ga leka botho jwa me jwa Bokeresete ka ditsela tsotlhe. Mme ke ne ka laola maikutlo a me. Moragonyana mo letsatsing le Pepa a neng a kolobediwa ka lone, ke ne ka mo tlamparela ka mo akgolela go bo a dirile tshwetso ya go direla Jehofa. Go sa kgathalesege sotlhe se se neng se diragetse, ke ne ka mo amogela jaaka kgaitsadi wa me wa semoya.

Ke leboga Jehofa letsatsi le letsatsi go bo a nthusitse go gololesega mo dikeetaneng tsa letlhoo. Fa e ne e se ka kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa, tota ke ka bo ke le kae gompieno? Ke ipelela botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa ka ntlha ya gagwe. Gape, ke na le tsholofelo ka isagwe—ya lefatshe le lesha le le se nang letlhoo le bothubaki. Ee, ke na le tshepo e e nonofileng ya gore tsholofetso ya Modimo e tla diragadiwa, e e reng: “Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o go buile.”—Mika 4:4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Ke na le masole a a bolokang kagiso a Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa Lebanona, ka 1985

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ke na le Katia le bomorwaake e bong Timeo le Pierre