Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgang ya Moruthutha—Kafa e Simologileng ka Gone

Kgang ya Moruthutha—Kafa e Simologileng ka Gone

Kgang ya Moruthutha—Kafa e Simologileng ka Gone

STRATTON, e e kwa Ohio kwa U.S.A., ke torotswana e e gaufi le Noka ya Ohio, e e kgaoganyang Ohio le Virginia Bophirima. Ke torotswana e e nang le ratoropo. Torotswana eno e e nang le baagi ba ba ka fa tlase ga 300, e ne ka tshoganyetso ya nna lefelo le go neng ga tsoga kgang nngwe ya moruthutha mo go lone ka 1999, fa balaodi ba lone ba ne ba leka go gatelela Basupi ba ga Jehofa gore ba kope lekwalotetla pele ba etela batho mo magaeng a bone ka molaetsa wa bone o o theilweng mo Baebeleng.

Ke ka ntlha yang fa kgang eno e le botlhokwa? Fa o ntse o bala pego eno, o tla lemoga gore taolo eno e e ntshitsweng ke puso e ne e se kitla e kgoreletsa fela ditshwanelo tsa Basupi ba ga Jehofa tsa kgololesego ya puo, mme e ne e tla kgoreletsa le tsa botlhe ba ba nnang mo United States.

Kafa Kgang Eno ya Moruthutha e Simologileng ka Gone

Baagi ba Stratton ba feditse dingwaga di le dintsi ba ntse ba etelwa ke Basupi ba ga Jehofa ba phuthego ya Wellsville, ba ba sa bolong go nna ba tshwenngwa ke badiredibagolo ba lefelo leo malebana le bodiredi jwa bone jwa ka ntlo le ntlo fa e sa le ka 1979. Mo masimologong a dingwaga tsa bo1990, lepodise lengwe la lefelo leno le ne la lelekela setlhopha sa Basupi kwa ntle ga toropo, le re: “Ga ke kgathalele ditshwanelo tse lo nang le tsone.”

Kgang eno e ne ya nna maswe thata ka 1998 fa ratoropo wa Stratton a ne a itebaganya ka namana le Basupi ba ga Jehofa ba le banè. Ba ne ba tswa mo motseng ka koloi ba tswa go bua le batho ba ba neng ba boetse kwa go bone ba ba neng ba kgatlhegela go tlotla ka Baebele. Go ya ka mongwe wa basadi yo ratoropo a neng a bua le ene, ratoropo o ne a ba bolelela gore fa e ka bo e le banna, o ne a tla ba tsenya mo kgolegelong.

Se se neng sa baka kgang eno ya moruthutha bosheng jaana e ne e le molao o o neng o tlhomilwe mo motseng o o neng o “Thibela Batho gore ba se ka ba Tsamayang ba Rekisa le go Kopa Madi Kwantle ga Tetla mo Matlong a Batho,” o o batlang gore ope yo o eletsang go nna le seabe mo tirong e e ntseng jalo ya go tsamaya ka ntlo le ntlo, a kope lekwalotetla la mahala mo go ratoropo. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba leba molao ono e le o o kgoreletsang kgololesego ya bone ya puo, kgololesego ya kobamelo ya bone le kgololesego ya bone ya go anamisa dibuka. Ka jalo, ba ne ba tlhatlhela kgetsi mo kgotlatshekelong ya puso morago ga fa baeteledipele ba motse ba ne ba gana go fetola taolo eno e ba neng ba e tlhomile.

Ka July 27, 1999, go ne ga tshwarwa kgetsi e e amang toropo eno e e mo Borwa Jwa Kgaolo ya Ohio, fa pele ga moatlhodi wa kgotlatshekelo ya kgaolo ya United States. O ne a dumalana le taolo ya molaotheo ono ya gore go kopiwe lekwalotetla mo baeteledipeleng ba motse. Morago ga moo, ka February 20, 2001, Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya United States ya Kgaolo ya Borataro, le yone e ne ya dumalana le taolo ya molaotheo ono ya gore go kopiwe lekwalotetla mo baeteledipeleng ba motse.

Gore kgang eno e rarabololwe, Watchtower Bible and Tract Society of New York mmogo le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya Wellsville e ne ya kopa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States go sekaseka kgetsi eo.

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 3]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Los Angeles

New York

OHIO

Stratton