Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e Amogela Kgetsi

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e Amogela Kgetsi

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e Amogela Kgetsi

MO DINGWAGENG TSA BOSHENG, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e amogetse dikgetsi di ka nna 80 go ya go di le 90 tse di kwadilweng gore e di sekaseke, tse e leng peresente e e fetang e le nngwe mo palong ya dikgetsi di le 7 000 tse e di newang ngwaga le ngwaga!

Ka May 2001, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba isa Lekwalo la Boikuelo kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang gore e sekaseke kgetsi ya bone, le le neng le botsa jaana: “Go ya ka molaotheo wa United States, a badiredi ba bodumedi ba ba dirang tiro e e theilweng mo Dikwalong e e sa bolong go dirwa ka makgolokgolo a dingwaga ya go buisana le batho ka bodumedi jwa bone ka ntlo le ntlo, ba tshwana le batho ba ba tsamayang ba rekisa, ba ba tshwanetseng go ikobela taolo ya molaotheo ya gore ba tshwanetse go kopa lekwalotetla la mahala mo go mmasepala la gore ba bue le batho ka Baebele kgotsa go ba naya dibuka tse di theilweng mo Baebeleng?”

Ka October 15, 2001, Lephata la Semolao la Watchtower le ne la itsisiwe gore Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa United States e ne e dumetse go sekaseka kgetsi ya Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., kgatlhanong le Baeteledipele ba Motse wa Stratton!

Kgotlatshekelo e ne e batla go bua fela ka kgang e e amanang le kgololesego e e rileng ya puo, e leng gore, a go sireletsa kgololesego ya puo ga First Amendment [Mametlelelo ya Ntlha] go akaretsa tshwanelo ya batho ya go bua le ba bangwe ka kgang nngwe motho a sa ya go itlhagisa pele kwa balaoding ba puso.

Jaanong kgetsi e ne e tla tshwanelwa ke go sekasekwa fa pele ga baatlhodi ba le robongwe ba Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States. Basupi ba ne ba tla nna le babueledi ba bone; mme Baeteledipele ba Stratton le bone ba ne ba tla nna le babueledi ba bone. Dilo di ne di tlile go tsamaya jang mo tshekong eo?

[Lebokoso mo go tsebe 5]

MAMETLELELO YA NTLHA KE ENG?

“KONGERESE YA MAMETLELELO I (YA GO TLHOMIWA GA BODUMEDI; KGOLOLESEGO YA BODUMEDI, YA PUO, YA GO ANAMISA DIBUKA, YA GO TSHWARA KOPANO, YA GO DIRA BOIKUELO) ga e kitla e tlhoma molao ope o o amanang le go letlelela bodumedi kgotsa go bo thibela; kgotsa go thibela kgololesego ya jone ya go bua kgotsa ya go anamisa dibuka; kgotsa tshwanelo ya batho ya go tshwara kopano ka kagiso, le go ikuela mo Pusong gore e sekaseke mathata a bone.”—The U.S. Constitution.

“Mametlelelo ya Ntlha ke motheo o temokerasi ya kwa United States e theilweng mo go one. Mametlelelo ya Ntlha e thibela Kongerese go tlhoma molao o o thibelang kgololesego ya puo, ya go anamisa dibuka, ya go tshwara kopano ka kagiso kgotsa ya go dira boikuelo. Batho ba le bantsi ba tsaya kgololesego ya puo e le kgololesego e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe e bile e le motheo wa dikgololesego tse dingwe tsotlhe. Gape Mametlelelo ya Ntlha e thibela Kongerese go tlhoma melao e e dirang gore puso e nne le bodumedi jwa yone kgotsa e e thibelang kgololesego ya bodumedi.” (The World Book Encyclopedia) Se se kgatlhang ke gore mo kgetsing ya Cantwell kgatlhanong le Connecticut, 310 U.S. 296 (1940), mo go neng ga dirwa tshwetso e e sa lebalesegeng e le yone e neng e amana le Basupi ba ga Jehofa, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States e ne ya laela gore melao ya Mametlelelo ya Ntlha ga e thibele fela “Kongerese” (puso e e laolang dikgaolo tsotlhe tsa naga) gore e se ka ya tlhoma melao e e seng mo molaotheong, e e tla kgoreletsang ditshwanelo tsa Mametlelelo ya Ntlha mme gape e thibela le baeteledipele ba dikgaolo ka botsone (ba kgaolo le ba ga mmasepala) go dira jalo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Kgang eno ya moruthutha e ne e amana le mefuta e e farologaneng ya go rera ka ntlo le ntlo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

Photograph by Franz Jantzen, Collection of the Supreme Court of the United States