Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e Swetsa ka Gore ba Nne le Kgololesego ya Puo

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e Swetsa ka Gore ba Nne le Kgololesego ya Puo

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e Swetsa ka Gore ba Nne le Kgololesego ya Puo

LETSATSI LA GO DIRA TSHWETSO le ne la tla ka June 17, 2002, fa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne e phasalatsa tshwetso ya yone e e kwadilweng. Tshwetso eo e ne e le efe? Setlhogo sa lekwalodikgang se ne sa itsise ka tshwetso eo. The New York Times e ne ya bolela jaana: “Kgotlatshekelo e Tlosa Thibelo ya Gore Basupi ba ga Jehofa Ba se Ka ba Etela Batho.” The Columbus Dispatch ya Ohio e ne ya bolela jaana: “Kgotlatshekelokgolo e Fedisa go Kopiwa ga Lekwalotetla.” The Plain Dealer ya Cleveland, Ohio, e ne ya bolela jaana: “Basokolodi ga ba Tlhoke go Newa Tetla go Tswa Kwa Holong ya Motse.” Op/Ed page of USA Today e ne ya bolela jaana: “Kgololesego ya Puo e a Fenya.”

Ditshwetso tse di neng tsa dirwa ke kgotlatshekelo e potlana kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa di ne tsa tshololwa ke baatlhodi ba le 8 kwantle ga a le 1 fela! Tshwetso ya ditsebe di le 18 ya semmuso ya Kgotlatshekelo, e ne e kwadilwe ke Moatlhodi John Paul Stevens. Tshwetso eno e ne e le ya makgaolakgang e e neng e dumalana le molao wa Mametlelelo ya Ntlha wa gore Basupi ba ga Jehofa ba letleletswe go dira bodiredi jwa phatlalatsa. Fa Kgotlatshekelo e ne e boeletsa tshwetso eno, e ne ya tlhalosa gore Basupi ba ne ba se ka ba tsenya lekwalo la go kopa tetla ka gonne ba bolela gore “Dikwalo ke tsone di ba nayang taolo ya go rera.” Morago ga moo Kgotlatshekelo e ne ya nopola bosupi jo ba bo kwadileng mo lekwalong la bone: “Re dumela gore go kopa tetla ya go rera mo go mmasepala, go batla go tshwana fela le go tlhapatsa Modimo.”

Tshwetso ya Kgotlatshekelo e ne ya bolela jaana: “Dingwaga tse di fetang 50 tse di fetileng, Kgotlatshekelo e ntse e sa dumalane le dithibelo tsa gore ba se ka ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba gapela batho kafa letlhakoreng la bone le go anamisa dipampitshana. Ga go itiragalele fela go bo bontsi jwa dikgetsi tseno e le tse di amanang le ditshwanelo tsa Mametlelelo ya Ntlha tse Basupi ba ga Jehofa ba di isang kgotlatshekelong, ka gonne bodumedi jwa bone bo ba tlhoka go rera ka ntlo le ntlo. Jaaka re bone mo kgetseng ya Murdock kgatlhanong le Pennsylvania, (1943), Basupi ba ga Jehofa ‘ba re ba latela sekao sa ga Paulo, sa go ruta “phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.” Ditiro 20:20. Ba tsaya taolo ya Dikwalo fela jaaka e ntse, e e reng, “Yang mo lefatsheng lotlhe lo rerele popo yotlhe.” Mareko 16:15. Fa ba dira jalo, ba dumela gore ba ikobela taolo ya Modimo.’”

Tshwetso eno e ne ya nopola gape kgetsi ya 1943: “Go ya ka Mametlelelo ya Ntlha, tiro ya mofuta ono ya bodumedi e botlhokwa fela thata fela jaaka kobamelo mo dikerekeng tse dingwe le go rera mo seraleng. E tshwanetse go sirelediwa fela jaaka ditiro tse dingwe tsa bodumedi tse di amogelesegang le tse di tlwaelegileng.” Tshwetso eno e ne ya bolela jaana fa e ne e nopola kgetsi ya 1939: “Go batla gore ba newe tetla ka gore tiro ya bone e tlhatlhobiwe pele, mo go dirang gore ba se ka ba kgona go phasalatsa dipampitshana ka kgololesego ba sa kgorelediwe ke ope, ga go dumalane le ditshwanelo tsa molaotheo.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Morago ga moo, Kgotlatshekelo e ne ya bua sengwe se se botlhokwa: “Dikgetsi tseno di ne tsa bontsha gore maiteko a Basupi ba ga Jehofa ba ntseng ba a dira a go lwa kgatlhanong le go laolwa ga tsela ya bone ya go rera, a bontsha gore ga se bone fela ba ntseng ba kgaratlhela ditshwanelo tsa bone.” Tshwetso eno e tlhalosa gore Basupi “ga se bone fela ‘batho ba ba tlwaelegileng’ ba ba mo kotsing ya go ka didimadiwa ke melao ya Baeteledipele ba Motse.”

Tshwetso eno e ne ya tswelela pele go tlhalosa gore molao ono “o na le lenyatso—ga o nyatse fela ditshwanelo tsa molao wa Mametlelelo ya Ntlha, mme o nyatsa le kgopolo fela ya gore batho ke setšhaba se se gololesegileng—gore fa motho a batla go buisana le batho ka kgololesego, o tshwanetse go bolelela puso pele gore o batla go buisana le baagisani ba gagwe a bo a newa tetla ya go dira jalo. . . . Molao o o batlang gore motho a kope tetla ya go buisana le ba bangwe ga o dumalane gotlhelele le boswa jwa setšhaba sa rona le molaotheo o re o tlwaetseng.” Morago ga moo, Tshwetso eno e ne ya bua ka “diphelelo tse di botlhoko thata tsa go kopa tetla.”

Matshosetsi a Bokebekwa

Go tweng ka kgang ya gore lekwalotetla leno le sireletsa baagi gore batho ba se ka ba thuba mme ba tsena mo matlong a bone le go ba sireletsa kgatlhanong le dikebekwa tse dingwe? Kgotlatshekelo e ne ya araba jaana: “Le fa re lemoga gore go a utlwala go bo lo tshwenyegile ka dilo tseno, mme dikgetsi tse re kileng ra di sekaseka mo nakong e e fetileng di bontshitse ka phepafalo gore re tshwanetse go boloka tekatekano fa re rarabolola mathata ano le fa re akanya ka diphelelo tse melao ya ditshwanelo tsa Mametlelelo ya Ntlha e tla nnang le tsone mo go bone.”

Tshwetso ya Kgotlatshekelo e tswelela jaana: “Fa go se na lekwalotetla, ga go bonale seno se tla thibela dikebekwa gore di se ka tsa kokota mo dikgorong tsa batho le go nna ga bone le seabe mo dipuisanong tse di sa umakiweng ke molao ono. Ka sekai, ba ka nna ba kopa go bontshiwa gore ba tswe jang fa ba ya lefelong lengwe kgotsa ba ka nna ba kopa go dirisa founo ya mongwe, . . . kgotsa ka metlha ba ka nna ba ikwadisa ka leina le e seng la bone la mmatota go sa tle gore ba lemogiwe.”

Fa re boela morago kwa tshwetsong e e neng ya dirwa mo dingwageng tsa bo1940, Kgotlatshekelo e ne ya kwala jaana: “Mafoko a a neng a dirisiwa fa go ne go dirwa ditshwetso mo motlheng wa Ntwa ya Lefatshe II, tse di neng di sireletsa batho ba bodumedi bo le bongwe [Mokgatlho wa Watch Tower] ba ba neng ba dira boikuelo gore ba se ka ba sekisediwa dilo tse di sa reng sepe, a bontsha kafa Kgotlatshekelo e neng e leba dikgololesego tsa Mametlelelo ya Ntlha ka gone tse go buiwang ka tsone mo kgetsing eno.”

Kgotlatshekelo e ne ya dira tshwetso efe? “Katlholo e e dirilweng ke Kgotlatshekelo ya Boikuelo e buseditswe morago, mme kgetsi e buseditswe kwa go ba Kgotlatshekelo ya Boikuelo gore e sekasekwe gape tumalanong le tshwetso eno e e dirilweng. Eno ke taelo e re e ntshang.”

Ka jalo, kgang e ne ya konelwa jaana, jaaka go tlhalositse Chicago Sun-Times, “Kgotlatshekelo e Ema le Basupi ba ga Jehofa,” go dira jalo baatlhodi ba le 8 kwantle ga a le 1 fela.

Go Tweng ka Isagwe?

Basupi ba ga Jehofa ba ba mo Phuthegong e e fa gaufi ya Wellsville, ba ne ba leba jang phenyo eno ya kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang? Ruri ga go na lebaka la gore ba ikgantshe ka yone, ba ikgantshetse baagi ba Stratton. Basupi ga ba a kgotswela batho ba ba siameng ba motse. Gregory Kuhar, Mosupi wa mo lefelong leo, o ne a re: “Tota ga se gore re ne re batla go isa kgetsi eno kwa kgotlatshekelong. Molao wa baeteledipele ba motse ke one o o neng o le phoso. Se re se dirileng, re ne re sa se itirele, mme re ne re se direla mongwe le mongwe.”

Dintlha di bontsha gore Basupi ba dirile sotlhe se ba ka se kgonang gore ba se ka ba kgopisa batho ba lefelo la bone. Gene Koontz, Mosupi yo mongwe, o tlhalosa jaana: “Lekgetlho la bofelo fa re ne re rera mo Stratton e ne e le ka March 7, 1998—go feta dingwaga di le nnè tse di fetileng.” O ne a oketsa jaana: “Ke ne ka bolelelwa gore ke tla tshwarwa. Mo dingwageng tseo, re nnile le dipego di le dintsi tsa go tshosediwa ke mapodise gore a tla re tshwara. Mme fa re ne re kopa go bona molao o o kwadilweng wa baeteledipele ba motse, re ne ra se ka ra o newa.”

Koontz o oketsa jaana: “Re eletsa go nna le kamano e e molemo le baagelani ba rona. Fa bangwe ba sa batle gore re ba etele, re tlotla tshwetso ya bone. Mme go na le ba bangwe ba ba botsalano le ba ba reetsang motlotlo wa rona wa Baebele.”

Gregory Kuhar o ne a tlhalosa jaana: “Ga re a ka ra tlhatlhela kgetsi eno gore re lwantshe batho ba Stratton. Re ne re batla fela go tlhomamisa semolao kgololesego ya rona ya puo tumalanong le Molaotheo.”

O ne a tswelela jaana: “Re solofela gore kgabagare re tla boela kwa Stratton. Nka itumelela go nna wa ntlha go kokota mo kgorong ya mongwe fa re boela teng. Re tshwanetse go boela teng, tumalanong le taolo ya ga Keresete.”

Tshwetso ya kgetsi ya “Watchtower kgatlhanong le Motse wa Stratton” e nnile le diphelelo tse di molemo tota. Fa badiredibagolo ba mmasepala wa United States ba sena go utlwa ka tshwetso e e dirilweng ke Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang, ba ne ba lemoga gore melao ya mmasepala ga e ka ke ya tlhola e dirisediwa go thibela tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera. Go tla go fitlha gompieno, go rarabolotswe mathata a go rera ka ntlo le ntlo mo mafelong a ka nna 90 kwa United States.

[Lebokoso mo go tsebe 9]

“BASUPI BA GA JEHOFA BA FENTSE GAPE”

Charles C. Haynes, mokanokimogolo le mokaedi wa thulaganyo ya thuto kwa Setheong sa Mametlelelo ya Ntlha, o ne a kwala mafoko a a fa godimo mo atereseng ya Web ya Freedom Forum, kafa tlase ga setlhogo se se reng “Kgololesego ya Tumelo.” Haynes o ne a tswelela jaana: “Mo bekeng e e fetileng [Basupi] ba fitlheletse phenyo ya bone ya bo48 kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang—e leng metseletsele ya dikgetsi tse di atolositseng fela thata melao ya Mametlelelo ya Ntlha ya go sireletsa Baamerika botlhe.” O ne a tlhagisa jaana: “Gakologelwa seno: Fa puso e ka kgona go thibela kgololesego ya tumelo e le nngwe, e na le maatla a go thibela kgololesego ya tumelo epe fela—kgotsa ya ditumelo tsotlhe. . . . Gone ke boammaaruri gore batho ba na le tshwanelo ya go se reetse—le ya go tswala kgoro. Le fa go ntse jalo, puso e na le taolo ya go dira tshwetso ya gore ke bomang ba ba letleletsweng go ya go kokota kwa dikgorong tsa batho. Re leboga Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang.”

Haynes o konela jaana: “Rotlhe re tshwanetse go leboga Basupi ba ga Jehofa. Go sa kgathalesege gore ba kgojwa gantsi go le kana kang, kgotsa go lelekwa mo motseng, kgotsa go tlhaselwa, ba nna ba lwela kgololesego ya bone ya bodumedi (le ya rona). Mme fa ba fenya, rotlhe re a fenya.”

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10, 11]

Se Metswedi Ya Dikgang E Se Boletseng Ka—Tshwetso Ya Kgotlatshekelo Ya makgaolakgang

“Kgotlatshekelo e Ema le Basupi ba ga Jehofa; Bodiredi Jwa ka Ntlo le Ntlo ga bo Tlhoke Lekwalotetla

Mo tirong ya bone ya go tsamaya ba kokota mo dikgorong tsa batho jaaka Basupi ba ga Jehofa, [Basupi] bano ba ne ka metlha ba dumela gore Modimo o ne a ba eme nokeng. Jaanong Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States e ema le bone.”—Chicago Sun-Times, June 18, 2002.

“Kgololesego ya Puo e a Fenya

Fa Basupi ba ga Jehofa ba ka kokota mo kgorong ya gago mo nakong e e tlang o sa ntse o ja, o ka nna wa rata go ba lebogela seo. E re ka ba ineetse ka bopelokgale mo melaometheong ya bodumedi jwa bone, bodumedi jono jo bo farologanang le a mangwe jo bo nang le maloko a a ka tshwarang milione o le mongwe [kwa United Sates] ga go na pelaelo gore bo dirile go le gontsi go feta mekgatlho e mengwe go sireletsa kgololesego ya puo ya batho ba Amerika. . . . 

“Basupi ba tlwaetse go ya kwa kgotlatshekelong ya makgaolakgang. Mo dikgetsing tse di fetang 24 mo dingwageng di le 65 tse di fetileng, ba ile ba lwa ka katlego le bontsi jo bo neng bo leka go ba gatelela.”—USA TODAY, June 18, 2002.

“Go Rera ka Ntlo le Ntlo go Kaiwa go Dumalana le Tshwanelo ya Molaotheo. Tshwetso E ne E le Phenyo mo Basuping ba ga Jehofa

Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa United States e ne ya dira tshwetso ka Mantaga ya gore batho ba dipolotiki, mekgatlho ya bodumedi, Basetsana ba Basupatsela le ba bangwe ba neilwe tshwanelo ke molaotheo ya go ya ka ntlo le ntlo go dira ditiro tsa bone kwantle ga gore ba kope tetla mo badiredingbagolo ba lefelo la bone.”—San Francisco Chronicle, June 18, 2002.

“Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang: Ga o Ka ke Wa Thibela Basupi ba ga Jehofa le Basetsana ba Basupatsela Gore Ba se Ka ba Kokota mo Dikgorong Tsa Batho

WASHINGTON—Molaotheo o sireletsa ditshwanelo tsa barongwa, batho ba dipolotiki le ba bangwe gore ba ka kokota mo dikgorong tsa ba bangwe kwantle ga gore ba newe tetla pele ke balaodi ba motse, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ntshitse taolo eno gompieno. . . . 

“Mo tshwetsong e e dirilweng ke baatlhodi ba le 8 kwantle ga a le 1 fela, kgotlatshekelo e ne ya bolela gore tshwanelo ya kgololesego ya go bua ya Mametlelelo ya Ntlha, e akaretsa tshwanelo ya go isa molaetsa ka tlhamalalo kwa mothong mongwe mo ga gagwe.”—Star Tribune, Minneapolis, June 18, 2002.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Moatlhodi Stevens

[Motswedi wa Setshwantsho]

Stevens: Collection, The Supreme Court Historical Society/Joseph Bailey