Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsheko ya Ntlha—Fa Pele ga Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang

Tsheko ya Ntlha—Fa Pele ga Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang

Tsheko ya Ntlha—Fa Pele ga Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang

LETLHA LE LE NENG LE BEETSWE tsheko fa pele ga Moatlhodimogolo e bong William Rehnquist le baatlhodi ka ene ba le robedi ba Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne e le February 26, 2002. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba emelwa ke setlhopha sa babueledi ba le banè.

Mmueledimogolo yo o neng a emetse Basupi o ne a simolola ka mafoko a a gapang mogopolo, a re: “Nako ke ura ya 11:00 mo mosong wa Matlhatso, mo Motseng wa Stratton. [Morago ga moo a kokota gararo mo godimo ga tafole ya sebui.] ‘Dumela. Ka ntlha ya ditiragalo tsa bosheng jaana, ke dirile boiteko jo bo kgethegileng jwa go tla mo ntlong ya gago go tla go buisana le wena ka se Moporofeti Isaia a se bitsang sengwe se se botoka. Seo ke dikgang tse di molemo tse Keresete Jesu a buileng ka tsone, dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo.’”

O ne a tswelela jaana: “Ga twe go tsamaya ka ntlo le ntlo mo Motseng wa Stratton ka molaetsa oo ke tlolomolao kwantle ga fa baeteledipele ba motse ba neile motho lekwalotetla la gore a dire jalo.”

‘A ga Lo Tsamaye lo Kopa Madi?’

Moatlhodi Stephen G. Breyer o ne a botsa Basupi potso nngwe e e botlhokwa. O ne a botsa jaana: “A ke boammaaruri gore balatofadiwa ba gago ga ba tsamaye ba kopa madi, le fa e le sente, le [gore] ga ba rekise Dibaebele, le gore ga ba rekise sepe, se ba se dirang fela ke go raya motho ba re, ‘Ke batla go bua le wena ka bodumedi’?”

Mmueledi wa Basupi o ne a araba jaana: “Motlotlegi, go phepafetse gore mo Motseng wa Stratton, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa kope madi. Mo mafelong a mangwe, go phepafetse ka tsela e e tshwanang gore ka dinako tse dingwe, ba ne ba umaka meneelo e e dirwang ka go rata. . . . Ga re tsamaye re kopa madi. Se re se dirang fela re batla go bua le batho ka Baebele.”

A Puso e Tlhoka go re Naya Tetla?

Moatlhodi Antonin Scalia o ne a botsa jaana ka botlhale: “A tsela e lo lebang dilo ka yone ga se gore ga lo tlhoke go ya kwa go ratoropo go ya go kopa tetla ya go buisana le baagelani ba lona ka sengwe se se itumedisang?” Mmueledi wa Basupi o ne a araba jaana: “Ga re dumele gore Kgotlatshekelo eno e tshwanetse go tlhoma molao wa Puso o o batlang gore moagi mongwe a kope tetla ya go ya go buisana le moagi yo mongwe kwa ntlong ya gagwe.”

Loso lo Golo Ditshego

Jaanong e ne e le nako ya gore Baeteledipele ba Motse ba role kgetsi ya bone. Mmueledimogolo o ne a tlhalosa molao wa motse wa Stratton, a re: “Motse wa Stratton o dirisa taolo e o e neilweng ke puso fa o batla go sireletsa baagi ba one, le fa o batla go thibela bokebekwa. Molao o o iletsang batho gore ba se ka ba tsamaya ba sokolola kgotsa go tsamaya ba kopa madi mo matlong a batho, o batla fela gore ba ikwadise pele le go nna le lekwalotetla fa ba ntse ba dira tiro ya bone ya ka ntlo le ntlo.”

Moatlhodi Scalia o ne a ama ntlha e e botlhokwa ya kgang eno ka go botsa jaana: “A lo itse kgetsi epe e nngwe e re kileng ra e sekaseka [mo Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang] e e amanang le molao o o tshwanang le ono, wa gore ba se ka ba tsamaya ba sokolola batho, ba kopa madi, ba rekisa, le go tsamaya ba raya batho ba re, ‘Ke batla go bua le wena ka Jesu Keresete,’ kgotsa ‘Ke batla go bua le wena ka tsela e re ka sireletsang tikologo ka yone?’ A re kile ra sekaseka kgetsi e e tshwanang le eo?”

Moatlhodi Scalia o ne a tswelela jaana: “Ga ke ise ke utlwe ka dikgetsi tse di tshwanang le tseo mo dingwageng di le makgolo a mabedi tse di fetileng.” Mme Moatlhodimogolo Rehnquist a araba a re: “Ga o ise o tshele lobaka lo lo kalo.” Go ne ga tshegwa mo teng ga phaposi ya kgotlatshekelo. Moatlhodi Scalia a gatelela ntlha ya gagwe a re: “Ga ke ise ke tsamaye ke bone mofuta ope wa kgetsi e e tshwanang le eno.”

A go Na le Tlhaloganyo?

Moatlhodi Anthony M. Kennedy o ne a botsa ka botlhale a re: “A o akanya gore go na le tlhaloganyo gore ke kope puso go nnaya tetla pele ke etela batho botlhe ba ke sa ba itseng, [mme] ke ba raya ke re, ke batla go buisana le lona ka gonne ke tshwenngwa ke tsela e go olelwang matlakala ka yone, kgotsa ka gonne ke tshwenngwa ke leloko lengwe la Kongerese, kgotsa sengwe fela. A ke tshwanetse go kopa Puso pele ga ke dira jalo?” O ne a oketsa jaana, “Seo se gakgamatsa e le tota.”

Moatlhodi Sandra Day O’Connor o ne a tsenelela a botsa a re: “Go tweng ka bana ba ba tsamayang ba kopa dimonamone ka moletlo wa Halloween mme ba bo ba tshosetsa gore ba tla senya fa ba sa di newe? A ba tshwanetse go nna le lekwalotetla?” Moatlhodi O’Connor le Scalia ba ne ba gatelela ntlha eo. Moatlhodi O’Connor o ne a tla ka ntlha e nngwe gape: “Go tweng ka go kopa kopi ya sukiri mo moagelaning wa gago? A ke tshwanetse go kopa lekwalotetla la go ya go kopa sukiri mo moagelaning wa me?”

A Basupi ba Gapela Batho Kafa Letlhakoreng la Bone?

Moatlhodi David H. Souter o ne a botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba amiwa ke molao ono? A ba gapela batho kafa letlhakoreng la bone, a ke bakopi ba madi, a ke barekisi, a ke bagwebi? Ga ba sepe sa dilo tseo, a ga go jalo?” Mogakolodi wa motse o ne a nopola dintlha di le dintsi tsa molao ono a bo a tlhalosa gore kgotlatshekelo e potlana e tsaya Basupi ba ga Jehofa e le ba ba gapelang batho kafa letlhakoreng la bone. Fa a rialo, Moatlhodi Souter a mo araba ka go re: “Fa e le gore tsela e o tlhalosang batho ba ba gapelang ba bangwe kafa letlhakoreng la bone e akaretsa le Basupi ba ga Jehofa, he go raya gore tlhaloso ya gago e tsentse le dilo tse dingwe tse dintsintsi.”

Go tswa foo, Moatlhodi Breyer a nopola buka nngwe e e tlhalosang mafoko, a bala tsela e e tlhalosang ka teng batho ba ba gapelang ba bangwe kafa letlhakoreng la bone, e le gore a bontshe gore e ne e sa dire mo Basuping. O ne a oketsa a re: “Ga ke a bala sepe mo lekwalong la gago se se bontshang gore boikaelelo ke eng jwa gore batho bano [Basupi ba ga Jehofa] ba ba se nang sepe le madi, ba e seng barekisi, ba ba se nang sepe le ditlhopho, ba ye kwa holong ya motse go ya go ikwadisa. Boikaelelo jwa baeteledipele ba motse ke eng?”

“Tshiamelo” ya go Buisana le ba Bangwe

Morago ga moo, Baeteledipele ba Motse ba ne ba tlhalosa gore “boikaelelo jwa bone ke go dira gore beng ba matlo ba se ka ba kgopisiwa.” O ne a tlhalosa go ya pele gore e ne e le go sireletsa baagi gore ba se ka ba tsiediwa le go tlhaselwa ke dikebekwa. Moatlhodi Scalia o ne a nopola dintlha tsa molao go bontsha gore ratoropo o na le tshwanelo ya go batla tshedimosetso e e oketsegileng ka motho yo o tlileng go ikwadisa le gore boikaelelo jwa gagwe ke eng, e le gore a tle a kgone “go tlhalosa sentle tshiamelo e a batlang go nna le yone.” O ne a oketsa jaana: “Go ya ka molao, ke tshiamelo ya go tsamaya o buisana le baagi ka wena ka sengwe se se rileng gore ba se dumele—mo go nna selo seo ga se utlwale.”

Gape, Moatlhodi Scalia o ne a gatelela jaana: “Ka jalo, a mongwe le mongwe yo o kokotang mo kgorong ya mongwe o tshwanetse go kopiwa gore a ye go gatisiwa menwana kwa holong ya motse pele [a] ka dira jalo? A go dira tiro eo e e ka nnang ya se ka ya baka bokebekwa bope ke lebaka le le utlwalang la gore mongwe le mongwe yo o kokotang mo dikgorong tsa batho a ye go ikwadisa kwa holong ya motse? Ke boammaaruri gore ga le utlwale.”

A Baagi ba Sireletsegile?

Fa metsotso e e 20 e a neng a e beetswe e sena go wela, mogakolodi wa Motse o ne a naya mmueledimogolo wa kgaolo ya Ohio dintlha tsa gagwe tsa kafa a neng a bona kgetsi eno ka gone. O ne a tlhalosa gore molao wa gore ba se ka ba tsamaya ba sokolola batho o sireletsa baagi gore ba se ka ba etelwa ke batho ba ba sa ba itseng, “batho bao ba sa ba laletsang, [ba ba] tlang mo magaeng a bone . . . e bile ke akanya gore batho ba motse ba na le tshwanelo ya go re, ‘Tiro eo ya bone e a re tshwenya.’”

Morago ga moo, Moatlhodi Scalia o ne a bolela jaana: “Batho ba motse ba bolela gore batho ba ba amogelang Basupi ba ga Jehofa, le fa ba ntse ba le nosi, ba jewa ke bodutu, ba eletsa go bua le mongwe ka sengwe, mme batho bano [Basupi ba ga Jehofa] ba sa ntse ba tshwanelwa ke go ya go ikwadisa kwa go ratoropo gore ba bone tshiamelo ya go kokota mo dikgorong tsa bone.”

“Ke Thibelo e Potlana”

Fa a ne a botsolodiwa, Moatlhodi Scalia o ne a ntsha ntlha e e nonofileng fa a ne a re: “Rotlhe re a dumalana gore ditšhaba tse di sireletsegileng mo lefatsheng ke tsa dipuso tsa bobusaesi. Ga di na bokebekwa jo bontsi. Ke selo se se tlwaelegileng, mme go letlelela batho gore ba gololesege fela go felela ka gore batho ba dire tiro nngwe e e kotsi thata e e seng kafa molaong, mme potso ke gore a molao ono o thibela tsone ditiro tseno tse di seng kafa molaong mo e leng gore o dira gore motho a ye go kopa tshiamelo ya go ya go kokota fa dikgorong tsa batho.” Morago ga moo, Moatlhodimogolo o ne a araba ka go re “ke thibelo e potlana.” Moatlhodi Scalia o ne a araba ka go re e ne e le potlana thata mo e leng gore “ga re ise re ke re kopane le kgetsi epe e mo go yone go begwang gore mmasepala ope o kile a tlhoma molao o o tshwanang le ono. Ga ke akanye gore tota e potlana.”

Kgabagare, moatlhodimogolo o ne a tshwanelwa ke go dumalana jaana ka gonne a ne a gatelelwa ke mongwe wa baatlhodi: “Tota gone ga nkitla ke re motho o tshwanetse go thibela batho gore ba se ka ba ya go kokota mo dikgorong tsa batho.” Fa a sena go rialo, o ne a se ka a tlhola a tswelela pele ka kgang.

Fa kgang eno ya moruthutha e ntse e tsweletse, mmueledi wa Basupi o ne a tlhalosa gore molao ono ga o kgone go supa gore a se ba se buang se boammaaruri. “Nka kgona go ya kwa holong ya motse, ke bo ke fitlha ke re, ‘Ke nna [Semangmang],’ ke bo ke newa lekwalotetla la gore ke tsamaye ka ntlo le ntlo.” Gape o ne a tlhalosa gore ratoropo o na le taolo ya go gana go naya motho yo o reng ga se wa mokgatlho ono lekwalotetla leo. O ne a re: “Re dumela gore go phepafetse gore eno ke kgang e motho a tshwanetseng go itirela tshwetso mo go yone,” a bo a oketsa jaana: “Ke bolela ka tlotlo gore tiro ya rona [Basupi ba ga Jehofa] tota e dumalana le Mametlelelo ya Ntlha.”

Ka bonako fela morago ga seno, Moatlhodimogolo Rehnquist o ne a tswalela kgetsi ka go re: “Kgetsi e tla newa [ba Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang].” Kgetsi eno yotlhe e tsere sebaka se se ka kwa godimonyana fela ga ura. Tshwetso e e kwadilweng ya kgotlatshekelo, e e neng e tla dirwa ka June, e ne e tla bontsha gore ura eo e ne e le botlhokwa go le kana kang.

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Moatlhodimogolo Rehnquist

Moatlhodi Breyer

Moatlhodi Scalia

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Rehnquist: Collection, The Supreme Court Historical Society/Dane Penland; Breyer: Collection, The Supreme Court Historical Society/Richard Strauss; Scalia: Collection, The Supreme Court Historical Society/Joseph Lavenburg

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Moatlhodi Souter

Moatlhodi Kennedy

Moatlhodi O’Connor

[Motswedi wa Setshwantsho]

Kennedy: Collection, The Supreme Court Historical Society/Robin Reid; O’Connor: Collection, The Supreme Court Historical Society/Richard Strauss; Souter: Collection, The Supreme Court Historical Society/Joseph Bailey

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Mo teng ga Kgotlatshekelo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph by Franz Jantzen, Collection of the Supreme Court of the United States