Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Na le Boleo Jo bo Ka se Itshwarelweng?

A go Na le Boleo Jo bo Ka se Itshwarelweng?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A go Na le Boleo Jo bo Ka se Itshwarelweng?

A GO na le kotlhao e e maswe go feta loso? Ee, ke fa motho a swa a se na tsholofelo ya go tsosiwa mo baswing ka gonne a dirile boleo jo bo ka se kang jwa itshwarelwa. Jesu o ne a bolela gore go na le mofuta wa boleo jo bo ka ‘se kang jwa itshwarelwa.’—Mathaio 12:31.

Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa Modimo e le motho yo o itshwarelang. Le fa gone batho ba ka nna ba boloka sekgopi mme ba gana go itshwarela ba bangwe, Modimo ene ‘o itshwarela ka tsela e kgolo.’ (Isaia 55:7-9) Tota e bile, Modimo o ne a latlhegelwa thata fa a ne a romela Morwawe yo o rategang mo lefatsheng go nna setlhabelo sa thuanyo, kana se se bipang maleo, setlhabelo se se botlhokwa mo e leng gore se kgona go phimola maleo a rona.—Johane 3:16, 17; Ditiro 3:19; 1 Johane 2:1, 2.

Ka nako e a e tlhomileng, Modimo o tla tsosa batho ba bantsi ba ba dirileng maleo a a masisi mme e le ba a se kitlang a dira gore ba ikarabelele ditiro tsa bone tsa nako e e fetileng. (Ditiro 24:15; Baroma 6:23) Tota e bile, Jesu o ne a bolela gore “batho ba tla itshwarelwa boleo jwa mofuta mongwe le mongwe le tlhapatso” kwantle fela ga boleo jo bo ka se kang jwa itshwarelwa. (Mathaio 12:31) Ka gone o ka ipotsa, ‘Ke eng se se maswe go le kalo mo e leng gore Modimo a ka se se itshwarele?’

Fa Motho A ka Se Tlhole a Kgona go Ikwatlhaya

Tlhagiso ya ga Jesu e ne e bua ka “go tlhapatsa moya o o boitshepo” ka boomo. Ga go tsela e motho a ka gololwang ka yone fa a dirile boleo jwa mofuta ono. O ne a oketsa jaana: “Nnyaa, e seng mo tsamaisong eno ya dilo le fa e le mo go e e tla tlang.” (Mathaio 12:31, 32) Batho ba ba dirileng boleo jo bo ntseng jalo ga ba kitla ba tsosiwa.

Go tlhapatsa moya o o boitshepo go rayang? Go simologa mo pelong ya motho, go bontsha go nna le boikutlo jwa bopeloetlhoi e bile e le ka boikaelelo. Go ikaelela ka boomo go ganetsa moya o o boitshepo wa Modimo go dira gore boleo jono bo nne masisi le go feta. Ka sekai: Mo mafelong mangwe mo lefatsheng, molao o farologanya molato wa go bolaya motho ka boomo le wa go bolaya motho o sa ikaelela go ya ka tsela e polao e diregileng ka gone le boikaelelo jwa yone mme ke yo o bolayang motho ka boomo fela yo o atlholelwang loso.

Moaposetoloi Paulo e kile ya bo e le motlhapatsi mme o ne a re: “Ke ne ka bontshiwa kutlwelobotlhoko, ka gonne ke ne ke se na kitso.” (1 Timotheo 1:13) Go leofela moya o o boitshepo ke go o ganetsa ka boomo. Go akaretsa go nna le pelo e e boikepo mo motho a ka se tlholeng a kgona go boela morago.

Go bonala Paulo a ne a bua ka mofuta ono wa boleo fa a ne kwala jaana: “Ga go kgonege ka ga ba ba sedimoseditsweng ruri, le ba ba utlwileng mpho ya mahala ya selegodimo, le ba e nnileng ba ba nang le seabe mo moyeng o o boitshepo, le ba ba utlwileng lefoko le le molemo la Modimo le maatla a tsamaiso ya dilo e e tlang, mme e le ba ba oleng, go ba tsosolosetsa gape mo boikwatlhaong.” (Bahebera 6:4-6) Gape, moaposetoloi o ne a bolela jaana: “Fa re dira boleo ka boomo re sena go amogela kitso e e leng yone ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo se se setseng.”—Bahebera 10:26.

Selo se se dirileng gore Jesu a tlhagise kaga boleo jo bo ka se kang jwa itshwarelwa e ne e le boitshwaro jwa bangwe ba baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe. Mme ba ne ba se ka ba reetsa tlhagiso ya gagwe. Tota e bile, ba ne ba dira gore a bolawe. Moragonyana, ba ne ba utlwa bosupi jo bo ka se kang jwa ganediwa jwa gore moya o o boitshepo o dirile sengwe se se gakgamatsang. Ba ne ba bolelelwa gore Jesu o ne a tsositswe mo baswing! Go ne go phepafetse gore Jesu e ne e le Keresete! Le fa go ntse jalo, ba ne ba nna ba ganetsa moya o o boitshepo ka tsela e e boikepo ka go duela masole a Roma gore a bue maaka kaga go tsosiwa ga ga Jesu.—Mathaio 28:11-15.

Tlhagiso mo Bakereseteng ba Boammaaruri

Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba tsaya tsiya tlhagiso e e kaga boleo jo bo ka se kang jwa itshwarelwa? Ke ka gonne le mororo re na le kitso ya boammaaruri ka Modimo e bile re itse kafa moya wa gagwe o dirang ka gone, go ka direga gore re nne le pelo e e boikepo. (Bahebera 3:12) Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra akanya gore seno ga se ne se re diragalela. Akanya ka Judase Isekariota. O kile a bo a le molatedi yo o ikanyegang wa ga Jesu. O ne a tlhophiwa go nna mongwe wa baaposetoloi ba ba 12, ka gone o tshwanetse a bo a ne a na le dinonofo tse di molemo. Mme ka nako nngwe o ne a simolola go letlelela dikgopolo le dikeletso tse di boikepo go gola mo go ene, mme kgabagare tsa mo fekeetsa. Ka nako ya fa a ne a iponela ka matlho dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira, o ne a ntse a utswa madi. Morago ga moo, o ne a oka Morwa Modimo ka boomo gore a newe madi.

Batho bangwe ba pele e neng e le Bakeresete ba ba ikanyegang ba ile ba katogela kgakala le Modimo ka boomo, gongwe e le ka ntlha ya go kgopisiwa, boikgogomoso kana bopelotshetlha, mme jaanong ke batlhanogi ba ba lwang kgatlhanong le moya wa Modimo. Ba ganetsa ka boomo dilo tse go bonalang sentle gore di dirwa ke moya. A batho bano ba dirile boleo jo bo ka se kang jwa itshwarelwa? Jehofa ke ene Moatlhodi.—Baroma 14:12.

Go na le gore re atlhole batho ba bangwe, re tla bo re dira sentle fa rona ka borona re ka nna re iketse tlhoko gore re se ka ra dira maleo a mo sephiring a a ka kgwaralatsang dipelo tsa rona ka iketlo. (Baefeso 4:30) Mme re gomodiwa ke go itse gore Jehofa o tla re itshwarela ka tsela e kgolo, a bo a itshwarele le maleo a a masisi a re a dirileng, fa fela re ikotlhaya.—Isaia 1:18, 19.

[Setshwantsho mo go tsebe 18, 19]

Bafarasai bangwe ba ne ba dira boleo jo bo ka se kang jwa itshwarelwa