Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dinonyane Tsa Diphofa Tse Dintle

Dinonyane Tsa Diphofa Tse Dintle

Dinonyane Tsa Diphofa Tse Dintle

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA KENYA

GO UTLWALA modumo wa dinonyane di le diketekete. Modumo ono o o sa kgaotseng wa dinonyane tse dintsi tseno tse di itumetseng o utlwala go kgabaganya letsha le le kgakala. Dinonyane di le diketekete tsa mmala o o pinki di gobua mo metsing a a tsabakelang a botala jo bo tshwanang le jwa lentswe la emeraleda. Kwa godimo mo loaping, go bonala bontle jwa tsone fa di ntse di fofa. Fa di ntse di fofafofa di dikologa mo godimo ga metsi, di phaphatha diphuka tsa tsone tse ditelele tse ditshesane, go tla go ntse go bonala mebala ya tsone e e bohibidu jo bo tseneletseng. Go jesa kgakge go boga bontle jwa dinonyane tseno tse dintsi tse di mebalabala! Go bogela di-flamingo tsa mmala o o pinki tsa Great Rift Valley ya Afrika e tshwanetse ya bo e le sengwe sa dilo tse di kgatlhang thata mo lefatsheng.

Maoto a Tsone a Maleele a Mantle

Ke bogologolo nonyane ya flamingo e ntse e ratwa ka ntlha ya tsela e ntle e e bopegileng ka yone. Go ne ga gabiwa setshwantsho sa molala wa yone o moleele mo letlapeng mme se ka bonwa mo go nang le mekwalo ya bogologolo ya Seegepeto. Selo sengwe se se kgatlhang le se se sa tlwaelegang ke tsela e nonyane eno e bopegileng ka yone mo e leng gore Baegepeto ba ne ba e obamela jaaka modingwana yo o bidiwang Ra. Mo dikgageng, ba ne ba dira ditshwantsho tsa molala o moleele o o obegileng wa nonyane ya flamingo le maoto a yone a mantle a masesane.

Gompieno, go na le mefuta e le menè ya di-flamingo mo mafelong a Afrika, Amerika Borwa, Caribbean le Eurasia. Mo mefuteng eno, di-flamingo tse di sa goleng ke tsone tse di leng mmalwa ka palo. Di na le mebala e mentle, diphofa tse di bopinki jo bo tseneletseng le maoto le dinao tsa bohibidu jo bo galotseng. Di-flamingo tse dikgolo di feta tse di sa goleng gabedi mme di boleele jwa disentimetara di le 140. Di-flamingo tsotlhe di na le sengwe se di tshwanang ka sone—molomo o o obegetseng kwa tlase go sekae fa bogareng jwa one, o o dirang gore di lebege di le dintle.

Fa e simolola go fofa, nonyane eno e phaphatha diphuka tsa yone, e bo e taboga mo godimo ga metsi ka dinao tsa yone tse di bofefo gore e nne le lobelo lo e lo tlhokang gore e kgone go tlhatlogela kwa godimo. E fofa bontle mo loaping, molala wa yone o moleele le tlhogo di tlhamalaletse kwa pele mme maoto a lebile kwa morago. Go fopholediwa gore di-flamingo di le dimilione di le nnè di nna mo Great Rift Valley ya Afrika.

Nonyane e Ntle mo Lefelong le le Makgwakgwa

Di-flamingo di le dintsi tse di nnang mo Rift Valley di kgona go tshela mo matsheng a mantle thata a a tletseng letswai. Metsi ano a na le dikhemikale di le dintsi tsa sodium carbonate mme a utlwala a na le oli fa o a tshwara e bile a ka go fisa letlalo. Themperetšha ya matsha a Rift a a tletseng letswai e ka fitlha go didikirii tsa Celsius di le 65. Mo moweng o o mogote, go utlwala monkgo o o bogale wa sulfur le letswai o o tswang mo metsing a letsha. Metsi ano a tletse motswako wa alkaline le letswai mme di itira legogo le lesweu fa losing lwa letsha.

Ga se ditshedi di le dintsi tse di ka kgonang go tshela mo metsing a a tletseng asiti jaana. Le fa go ntse jalo, ditshedinyana tse dingwe di kgona go tshela mo go yone—jaaka bolele jwa mmala wa botala jwa legodimo jo o kgonang go bo bona fela ka maekerosekopo. Letsatsi le le mogote la kwa dinageng tsa boboatsatsi le gotetsa metsi ano a a nang le motswako wa alkaline mme seno se dira gore bolele jono bo ntsifale. Bolele jono bo ntsifala thata mo bo dirang gore metsi a letsha a nne matala. Jaaka sebaga se sentle sa emeraleda, matsha ano a a nang le letswai a kgabisa mekgatšha le dithaba tse di bapileng le Great Rift Valley.

Go a gakgamatsa go bona gore setshedi se sentle jaaka nonyane ya flamingo se kgona go tshela mo lefelong le le makgwakgwa jaaka leno. Le fa go ntse jalo, flamingo e kgona go tshela mo go lone kwantle ga mathata. Metsi ano a a nang le asiti, ga a gobatse maoto a yone a masesane ka gope, e bile dinao tsa yone di dirilwe ka tsela ya gore e se ka ya nwela mo seretseng se se tswetswenang. Di-flamingo tse di sa goleng di dirilwe gore di kgone go tshela mo maemong ano. Molomo wa yone o na le maodi a masesane a a dirang gore e kgone go gopa le go tlhotlha megare e e leng disentimetara di le tlhano go ya go di le supa mo godimo ga metsi. Fa flamingo e ja, e pitikolola molomo wa yone e bo e o lebisa kwa morago kafa tlase ga metsi. Leleme la flamingo le gopa metsi le bo le a ntsha ka maodi a a tlhotlhang ditshedinyana tse di kgonang go bonwa fela ka maekorosekopo.

Thatano ya Tsone e e Kgatlhang

Fa marang a letsatsi la mo mosong a phatsimela metsi a matala a letsha, go nna jaaka e kete go butswe lesire le legolo mo seraleng. Marang ano a letsatsi a dira gore di-flamingo tseno di phatsime jaaka ditlhase tsa molelo mo letsheng. Dinonyane tseno di nna di kgotlhagane. Fa dinonyane tseno di ratana, di tsamaya ka ditlhopha di tomolotse melala ya tsone, di tsamaisetsa melomo ya tsone kafa matlhakoreng otlhe.

Fa ditlhopha tsa dinonyane tseno di fetana, letsatsi le phatsimela diphofa tsa tsone tse dintle, mme go bo go bonala mebalabala e e bohibidu jo bo letlhololo le e e pinki. Fa dinonyane tseno di ntse di binabina, di tsharolola diphuka tsa tsone gore mmala o o bohibidu jo bo tseneletseng wa diphofa tsa tsone o bonale. Fa di ntse di ikgantsha ka bontle jwa tsone, di taboga go kgabaganya letsha di bo di fofela kwa godimo, morago ga moo di kotama gape di bo di simolola kwa tshimologong. Di-flamingo di nna di kgotlhagane mo e leng gore ga di kgone go fofa, di tshwanetse go letela tse di mo matlhakoreng gore di fofe pele. Fa di ntse di opela ka boitumelo, di tsosa modumo o o thibang ditsebe.

Fa go fifala, ditlhopha tsa dinonyane tseno di fofela kwa godimo di bo di ya kwa lefelong lengwe le sele. Di fofa sekgala sa dikilometara di le dintsi di tlhomile mela e meleele kgotsa di ipopile go nna tlhaka ya V, go fitlha di goroga kwa di yang teng—kwa letsheng le le nang le letswai le le siametseng gore di ka godisetsa bana ba tsone mo go lone. Se se gakgamatsang ke gore phuduga eno e diragala ka nako e le nngwe fela le ya di-flamingo tse dingwe tsa matsha a mangwe a a nang le letswai a Rift Valley.

Di Simolola di le Maswe Di bo Di Nna Dintle

Di-flamingo di rata go aga dintlhaga tsa tsone mo matsheng a a kgakala a go seng motlhofo go fitlha mo go one. Go botlhokwa gore dintlhaga tseo di nne kgakala jalo, e re ka ditlhopha tseno tse di agang dintlhaga di betwa ke pelo bonolo. Fa di ka tshwenngwa, di tlogela mae a tsone di bo di sa tlhole di boa.

Ditlhopha tseno tse di agang di a theogela. Di simolola go aga ka boitumelo. Di oba melala ya tsone e meleele di bo di gelela seretse, boloko jwa dinonyane le diphofa di sekae gore di dire thota e e disentimetara di le 40 go ya kwa godimo e e bopegileng jaaka khoune. Khoune eno e na le mosima o o kgonang go tsenya lee le le lengwe gore le se ka la ama metsi ano a a nang le letswai. Go ise go ye kae, mamphorwana a le makgolo a a diketekete a a thuba. Batsadi ba mamphorwana ano ba tsena ba tswa mo dintlhageng ba tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go fepa le go tlhokomela mamphorwana ano a a tshwerweng ke tlala.

Mme fa mamphorwana ano a setse a kgona go tsamaya, batsadi ba one ba a tlogela kwa morago ba bo ba fofela kwa karolong e nngwe ya letsha e e tletseng bolele jo bo botala jwa legodimo. Fa ba le koo, ga ba tshwenngwe ke mamphorwana, ka jalo ba kgona go iphepa gore ba nne le maatla gape. Morago ga moo, dinonyane tse dingwe tse ditona tse di setseng di phutha mamphorwana ano a mantsintsi di a busetsa kwa dintlhageng. A tlhokometswe ke dinonyane tseno tse ditona, mamphorwana ano a a modumo a tsamaisiwa go ralala letsha le le nang le letswai go fitlha a kopanngwa le batsadi ba one. Se se gakgamatsang ke gore, mo tlhakatlhakanong eno, motsadi mongwe le mongwe o kgona go itse mamphorwana a gagwe a bo a tswelela a a tlhokomela.

Mamphorwana ano a maswe mme ga a tshwane le batsadi ba one ba bantle. Maoto a one a mannye le melala ya one e mekhutshwane, melomo ya one e tlhamaletse, mme diphofa tsa one di ditshweu. Moragonyana, maoto a one a makhutshwane a simolola go gola, melala ya one e simolola go nna meleele e bo e obega le melomo ya one e simolola go obega, a bo a nna le tebego e e kgatlhang ya flamingo. Go tla tsaya dingwaga di le pedi go ya go di le tharo pele lemphorwana leno le nna le diphofa tse di mebala mentle ya flamingo. Morago ga moo, e tla ipatlela molekane e bo e tsena mo lesomong le legolo la di-flamingo tse di mmala o o pinki tse di kgabisang matsha a letswai a Rift Valley.

Bontle jwa flamingo ke sekai se se gakgamatsang sa popo e e dirilweng ka botlhale. Go a kgatlha go bona sebopiwa se sentle seno mo nageng le go utlwa modumo wa sone. Mme go feta foo, go oketsa kanaanelo le lorato lwa rona mo Mmoping yo o gakgamatsang wa sone, e bong Jehofa Modimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

“Di-flamingo” tse dikgolo

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

“Di-flamingo” tse di sa goleng

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Mamphorwana ga a tshwane le batsadi ba one ba bantle