Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

E Tlile le Phefo

E Tlile le Phefo

E Tlile le Phefo

Lekawana lengwe le ne le tsamaya mo mmileng wa Mumbai, kwa India, fa phefonyana ya setsokotsane e ne e latlhela pampitshana fa dinaong tsa gagwe. E ne e le pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 36, e e nang le setlhogo se se reng “Mileniamo o Mosha—Isagwe E go Tshwaretse Eng?” O ne a kgatlhiwa ke setlhogo seno. Kwantle ga go senya nako, o ne a sela pampitshana eno a bo a e bala yotlhe. E ne ya mo kgatlha, mme e re ka a ne a batla go itse mo go oketsegileng, o ne a kopa Baebele le dikgatiso tse dingwe.

Pampitshana eno, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e na le dintlha tse di nonotshang tumelo. E tlhalosa ka phepafalo gore mathata a re lebanang le one, a a akaretsang bolwetse, khumanego le ntwa a tlhotlhelediwa ke “bogagaru, go sa ikanyege le bopelotshetlha—dilo tse di se kitlang di nyelediwa ke dipatlisiso tsa saense, boranyane jwa saense kana dipolotiki.” Pampitshana eno e bontsha gape gore mo isagweng e e fa gaufi, Modimo o tla fedisa boikepo jotlhe mo lefatsheng.

A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka ditsholofetso tsa Baebele tsa mo isagweng? Basupi ba ga Jehofa ba ruta Baebele mo magaeng a batho ba le dimilione, ba dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, tse di akaretsang boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Boroutšhara jono bo araba dipotso tse di jaaka: Modimo ke mang? Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe? Bogosi jwa Modimo ke eng? Baebele e ka tokafatsa jang botshelo jwa lelapa la gago?

Fa e le gore o ka rata gore Basupi ba ga Jehofa ba go etele kwa legaeng la gago go go thusa go tlhaloganya se Modimo a tla se dirang mo isagweng e e fa gaufi, ba tla itumelela go dira jalo mme ba tla go neela tshedimosetso e e oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo. Tsweetswee tlatsa setlankana se se fa tlase gore ba tle ba kgone go go thusa.

□ Ke kopa lo nthomelele khopi ya boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng?

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna mabapi le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.