Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Tshedimosetso e e Boammaaruri

Go Batla Tshedimosetso e e Boammaaruri

Go Batla Tshedimosetso e e Boammaaruri

Ga go motlhofo go bona tshedimosetso e e boammaaruri mo dikgannyeng tse di farologaneng. Dipuso le dikhampani dingwe ga di ke di ntsha boammaaruri jotlhe. Metswedi ya dikgang gantsi e solofetsa go bega dilo fela jaaka di ntse mme ga e ke e dira jalo. Ga se ka metlha dingaka di re tlhalosetsang ka botlalo diphelelo tse di sa siamang tsa melemo e di re nayang yone. A go na le tsela nngwe ya go bona tshedimosetso e e ka ikanngwang?

Go tsena ga Internet go ne ga lejwa ke ba le bantsi jaaka motswedi o o ikanyegang wa tshedimosetso e e tswang mo lefatsheng lotlhe. Seno se boammaaruri fa o itse gore o batle kae tshedimosetso mo khomputareng. Setlhogo sengwe sa The New York Times se ne sa bolela jaana: “Se se molemo ka Internet ke gore e kgona go ruta batho ba le bantsi ka bonako go gaisa sedirisiwa le fa e ka nna sefe sa motswedi wa tshedimosetso. Se se maswe ka yone ke gore e bonako go dira gore motho a nne madumelagotlhe go gaisa sedirisiwa le fa e ka nna sefe sa motswedi wa tshedimosetso.”

Setlhogo seno se ne sa tswelela jaana: “E re ka Internet e kgatlha batho ka ‘botegeniki’ jwa yone, batho ba ba sa rutegang ba dumela thata tshedimosetso ya yone. Ga ba lemoge gore se se maswe ka Internet ke gore e tshwana fela le mosele o o bulegileng wa matlwana a boithomelo: mosele o o dirisang motlakase o o nang le tshedimosetso e e sa tlhatlhobiwang le e e sa itshekang.” Se se swabisang ke gore fela jaaka mokwadi a ile a tlhalosa, ga go na thulaganyo epe ya khomputara e e ka phimolang leswe leo.

Mongwe le mongwe a ka kgona go tsenya sengwe mo Internet, mo makasineng kgotsa mo bukeng. Ka jalo re tshwanetse go dirisa temogo le go ithuta go se tsiediwe motlhofo gore re se ka ra dumela sengwe le sengwe se re se balang. Ba ba batlang tshedimosetso e e boammaaruri, ba tshwanetse go netefatsa gore motswedi o ba e tsayang mo go one o a ikanyega. Seno se ka tsaya nako. Mme fa re bone tshedimosetso e e boammaaruri, re ka kgona go akanya sentle, go dira ditshwetso tse di siameng le go dira ditshwetso tse di botlhokwa re na le tsholofelo.